KGAOLO 13

1 A mowa mongwe le mongwe o nne kutlo mo taolong yotlhe e e kwa godimo, Gonne ga gona taolo epe fa e se e tswa ko Modimong. Balaodi ba ba le teng ba tlhomilwe ke Modimo. 2 Jaanong yo o ganang taolo eo o gana taolo ya Modimo; ebile ba ba gananang le yone ba tla amogela katholo mo go bone. 3 Ka gore babusi ga se basinyi ba ditiro tse di molemo, mme mo ditirong tse di bosula. A le eletsa go sa tshaba taolo? Dira se se molemo, mme le tla nna le dipako go tswa mo go seo. 4 Ka gore ke motlhanka wa Modimo mo golona go fitlhelela. Mme fa o dira se se bosula, o boife; Ka gore ga a tshwarela tshaka mahala. Ka gore ke motlhanka wa modimo, mmosulosi wa tshakgalo mo go yo o dirang bosula. 5 Mme jaanong le tshwanetse la nna kutlo, e seng fela ka lebaka la tshakgalo, mme gape ka lebaka la letswalo. 6 Ka lebaka la se le lona le duela lokgetho. Ka gore balaodi ke batlhanka ba Modimo, yo o tsenelelang selo se ba sa emise. 7 Duelang mongwe le mongwe se ase kolotiwang: neela lokgetho ko go yo o tshwanelwang ke lekgetho; duelang yo o tshwanelwang ke dituelo; boifang yo o tshwanelwang ke poifo; tlotlang yo o tshwanelwang ke tlotlo. 8 O seka wa kolota ope sepe. ko ntleng ga go ratana. Ka gore yo o ratang mabapi a gagwe o diragaditse molao. 9 Ka, "gore le tla seke le dire boaka, ga le kake la bolaya, ga le kake la utswa, o tka seke wa paka maaka," Mme fa ele gore go na le molao o mongwe gape, o tla akarediwa mo seeleng: " o tla rata mabapi a gago jaaka o ithata." 10 Lorato ga le utlwise mabapi wa motho ope botlhoko. Jaanong, lorato ke godiragatsa molao. 11 Ka lebaka la se, le itse nako, gore e setse e le nako ya gore le tsoge mo borokong ja lona. Ka gore jaanong poloko ya rona e gaotshwane gona le fa ne re dumela la ntlha. 12 Bosigo bo setse bo fitile, mme motshegare o setse o gorogile. Mme jaanong a re beeleng ko tlhoko ditiro tsa lefifi, mme re apare kapari ya lesedi. 13 A re tsamayeng sentle, jaaka mo motshegareng, e seng mo menateng kana mo botagweng, a re seka tsamaya mo bogokaganying kana mo keletsong e e tseneletseng ya nama, e seng mo dikgokeng kana mo lefufeng. 14 Mme le beye mo go Morena Jeso Keresete, mme le seka la neela nama sebaka, ka lebaka la keletso ya yone.