kgaolo 12

1 Ke a le kopa ka jalo, bakaulengwe, ka mautlwelo botlhoko a Modimo, go neela mebele ya lona e le setlhabelo se se tshedileng, se le boitshepho, se amogelesega ko Modimong. Se ke tirelo ya lona e e amogelesegang. 2 Le seka la kopa mekgwa ya lefatshe le, mme le fetolwe ka go shafadiwa ga ditlhaloganyo tsa lona. Dirang se go itse se se molemo, se amogelesega, le thato e e feletseng ya Modimo. 3 Gonne ke a re, ka ntlha ya tshegofatso e ke e filweng, gore mongwe le mongwe magareng ga lona a seka a akanya gore o botoka go feta ba bangwe. Boemong, ba tshwanetse go akanya ka tsela e e botlhale, fela jaaka fa Modimo a neetse mongwe le mongwe selekanyo sengwe sa tumelo. 4 Gonne re nale maloko a le mantsi mo mmeleng o le mongwe fela, mme ga se gore maloko otlhe a na le tiro e e tshwanang. 5 Ka tsela e e tshwanang, rona ba re leng bantsi re mmele o le mongwe mo go Keresete, le ka bongwe re maloko a ba bangwe. 6 Re nale dimpho tse di farologaneng go ya ka tshegofatso e re e neetsweng. Fa mpho ya mongwe e le seporofito, a se dirwe go ya ka fa selekanyo sa tumelo ya gagwe. 7 Fa mpho ya mongwe e le go direla, a a direle. Fa mongwe a na le mpho ya go ruta, a a rute. 8 Fa mpho ya mongwe e le go kgotlhatsa, a a kgotlhatse. Fa mpho ya mongwe e le go neela, a a neele ka bopelotshweu. Fa mpho ya mongwe e le go etelela pele, a go dirwe jalo ka kelotlhoko. Fa mpho ya mongwe e le go supa boutlwelobotlhoko, a a dire jalo ka boitumelo. 9 A lerato le seka la nna le boitimokanyi; Ila se se bosula; tshwarelela seo se se leng molemo. 10 Mo leratong la bakaulengwe, ratanang ka pelo tsa lona tsotlhe. Mo tlotlong, tlotla mongwe ka wena. 11 Mo tlhoafalong le seka la nna bonya go dira. Mo moweng, itumeleng. Mo Moreneng, mo direleng. 12 Ipeleng mo bogakeng bo o nang le bone ka bokamoso. Nna pelotelele mo mathateng a gago. Tswelelang le rapeleng. 13 Kgaoganang mo matlhoking a badumedi. Batlang ditsela di le dintsi go supa go tshwara batho sentle. 14 Segofatsang ba ba le tlhokofatsang; segofatsang gape le seka la hutsa. 15 Itumeleng le ba ba itumelang; lelang le ba ba lelang. 16 Nnang ka mogopolo o le mongwe mo go ba bangwe. Le seka la akanya ka tsela tsa boikgogomoso, mme amogelang batho ba ba ko tlase. Se nne botlhale mo dikakanyong tsa gago. 17 Se duele bosula ka bosula. Dira dilo tse di siameng mo matlhong a batho botlhe. 18 Fa go kgonega, mo go wena, nna ka kagiso le batho botlhe. 19 Le seka la ipusolosetsa, baratwa, mme neelang bogale ba Modimo bo nne mo go bone. Gonne go kwadilwe gatwe,'''Ipusolosetso ke yame; ke tla duela,' go bua Morena.'' 20 ''Mme fa mmaba wa gago a tshwerwe ke tlala, mo fe dijo. Fa a nyorilwe, mo fe metsi. Gonne fa o dira se, o tlaabo o kokoanya magala a molelo mo tlhogong ya gagwe.'' 21 Le seka wa fenngwa ke bosula, mme fenya bosula ka bomolemo.