Kgaolo 14

1 Eka nna ka nako eo, Herote mmusi wa kgaolo a utlwalela dikgang ka ga Jeso. 2 A raya batlhanka ba gagwe a re, "Yo ke Johane wa mokolobetsi; o tsogile mo baswing. Ka jalo maatla a a bereka mo go ene." 3 Gonne Herote o ne a tshwere Johane, a mo golega, a mo tsenya mo kgolegelong ka lebaka la ga ga Herotiase, mogatsa Filipo morwa rraagwe. 4 Ka gore Johane o ne a mo reile a re, "Ga go ka fa molaong gore o ka mo tsaya go nna mosadi wa gago". 5 " Herote o ne a ka bo a mmolaile, mme a tshaba batho ka ba ne ba mo tsaya jaaka moporofiti. 6 Mme ya re malatsi a botsalo jwa ga Herote a goroga, morwadia Herodiase a bina fa gare ga bone, a itumedisa Herote. 7 Ka go bona se, Herote a mo solofetsa ka maikano gore o tlaa mo direla sepe fela se a ka se kopang. 8 Morago ga go laelwa ke mmaagwe, a re, "Nneela tlhogo ya ga Johane mokolobetsi mo mogopong. 9 "Kgosi a utlwa botlhoko, ka kopo ya gagwe mme ka ntlha ya maikano a gagwe le ka botlhe ba ba mo dijong tsa maitseboa a laola gore go dirwe jalo. 10 Aroma, a kgaola Johane tlhogo mo kgolegelong. 11 Jalo tlhogo ya gagwe ya tsisiwa ko mosetsaneng, ka mogopo, a e isa ko go mmaagwe. 12 Foo barutwa ba gagwe ba tla, ba tsaya setopo sa gagwe ba ya go se fitltha. Morago ga se ba ya go bolelela Jeso. 13 Jaanong Jeso fa a utlwa mo, a tswa ka tidimalo ka mokoro, a ya ko lefelong le le kwa thoko.Fa bontsi bo utlwa se, ba mo sala morago ba tsamaya ka dinao gotswa ditoropong. 14 Foo Jeso a tla fa pele ga bone, a bona matshititshwiti a batho. Aba utlwela botlhoko, a fodisetsa balwetsi. 15 Mo maitseboweng, barutwa ba tla ko go ene ba mo raya bare, "Golo fa ke naga ye e sa nneng ope, le letsatsi le phirimile. Phatlalatsa batho gore ba ye mo metseng go ithekela dijo." 16 Mme Jeso a ba raya a re, "Ga ba tlhoke go phatlaladiwa. Ba feng sengwe ba je. 17 "Ba mo raya ba re, "Re na le dinkgwe di le tlhano le ditlhapi tse pedi fela. 18 "Jeso a re, "Di tsiseng kwano." 19 Foo Jeso a laola matshititshiti go nna mo tlhageng. A tsaya dinkgwe tse tlhano le ditlhapi tse pedi. A lelala legodimo, a segofatsa, a ngathoganya borotho a fa barutwa. Barutwa ba di abela batho. 20 Botlhe ba aja mme ba kgora. Foo ba phutha masalela, a tlala ka ditlatlana tse di some le bobedi. 21 Ba ba jeleng ba ne ba le dikete tse tlhano, kwa ntle ga basadi le bana. 22 Ka bofefo a laela barutwa gore ba tsamaele ko pele go ya ntlheng e nngwe ka mokoro, fa ene a santse a phatlalatsa batho. 23 Fa a sena a go phatlalatsa matshwititshwiti, a ya kwa thabeng a le nosi go rapela. O ne a le nosi mo maitseboeng ao. 24 Mme mokoro o ne o setse o le fa gare ga lewatle, o sa laolesege sentle ka ntlha ya makhubo a lewatle, ka gore phefo e ne e lebagane nabo. 25 Yare ka makuku, Jeso a tla kwa go bone a tsamaya mo godimo ga metsi. 26 Fa barutwa ba mmona a tsamaya mo godimo ga metsi ba tshoga, ba re, "Ke sepoko," mme ba lelela kwa godimo ke letshogo. 27 Mme Jeso a bua nabo go ne foo, a re, "nnang pelokgale,Ke nna. Se boifeng." 28 Petere a mo araba a re, "morena, fa ele wena ntaolela gore ke tle kwa go wena mo godimo ga metsi. 29 " Jeso a re "tlaa." Foo Petere a tswa mo mokorong a ya kwa go Jeso a tsamaya mo godimo ga metsi. 30 Mme Petere yare a bona phefo a tshoga. Fa a simolola go nwela, a lela a re, "Morena mpoloka." 31 Ka bofefo Jeso a thapholola letsogo la gagwe, a tshwara Petere, a re, "O ne o belaelang wena wa tumelo e potlana. 32 "Ya re Jeso le Petere ba tsena mo mokorong,phefo ya ema go foka. 33 Foo barutwa mo mokorong ba obamela Jeso ba re, "Ruri o morwa Modimo." 34 Fa ba sena go kgabaganya, ba goroga mo Genasaretha. 35 Fa banna ba koo ba lemoga Jeso ba romela molaetsa gongwe le gongwe mo tikologong, ba tsisa kwa go ene botlhe ba ba lwalang. 36 Ba ne ba mo kopa gore a mpe ba kgome moja wa diaparo tsa gagwe, mme botlhe ba ba kgomileng diaparo tsa gagwe ba fola.