Kgaolo 15

1 Jaanong bangwe ba bafarasai le bakwadi gotswa jerusalem ba tla kwa go Jeso, Bare 2 "Keng barutwa ba gago ba tlola ngwao ere enetsweng ke bagolo? gonne ba ja ba sa tlhapa matshogo." 3 Jeso go ba araba aba raya are, "Lona mentlha le roba melao ya modimo le lebetse go sala morago ngwao ya borralona?" 4 Gonne modimo o rile, "Tlotla mmago le rrago" le gore "Ope kana mang yo buang bosula ka mmagwe kana raagwe, o tla swa ele ruri." 5 Mme lare, "Fa motho ope kana ofe araya mmagwe kana rragwe, 'Are sepe hela se okabeng o se amogetse mo go nna jaanong ke seneela ele mpho ya Modimo', 6 lare motho wa go nna jaalo jaanong ga sa thole aka tlotla rre raagwe. Ka tsela e labona le dirile lefoko la Modimo gotswa lefela kgang ele gore letlotle molao wa bo rralona. 7 Baitimokanyi ke lona, moporofiti Esia o buile bo amaruri ka lona ha are, 8 'Batho ba ba nkobamela ka melomo ya bone hela, mme dipelo tsa bone tsone dikgakala le nna. 9 Ke lefela gore abo bare ba nkobamela, gonne se ba serutang ke se hela ba serutilweng ke melao ya setho." 10 Jalo a bitsa matshwititshwiti aba raya are "Reetsang se mme le se tlhaloganye, 11 Ga se se setsenang ka molomo wa motho se se moleswafatsang, mme bogolo se se tswang ka molomo wa gagwe, ke sone se se moleswafatsang". 12 Barutwana ba gagwe batla ko ene ba moraya bare, "Ao lemoga gore seo se buileng se dirile gore bafarasie ba ipelaele". 13 mme Jeso ene aba araba are " setlhare sengwe le sengwe se Rara a sa sejwalang se tla kumulwa ka medi. 14 Ba leseng batho bao ke bakaedi ba difofu. Mme sefofu ga seke se etelela se sengwe, gone bobeding ba ka wela ka lengope". 15 Mogo arabeng Keresete Petere amoraya are," Re tlhalosetse setshwantsho seo". 16 Jeso a araba are, "Ah le wena ga o thaloganye? 17 se setsena ka molomo seboa se tsena mo mpeng, mme morago se ntshetswe ko ntle ga mmele goya ntlwaneng? 18 mme dilo tse di tswang ka molomo ke tse ditswang mo pelong. Ebile ke tsone dilo tse di felelang di leswafatsa motho. 19 Gonne gotsweng mo pelong ya motho gotswa dilo tsone tse dibosula tse ebong: dikakanyo tse maswe,gobolaya, bogokagadi, boaka, maaka, go tswa mosupi wa maaka, bogodu le ditlhapha. 20 Ke tsone dilo tse dirang motho gore anne yo o sa itshekang, eseng go ja osa tlhapa matshogo". 21 Morago gase Jeso a iketsha mo gobone a ya ko kgaolong le ditoropo tsa Tario le Sitona. 22 Abo gone ko mosadi wa mokanana, yoane atswa gone mokgaolong yeo atla kwa go ene a goa are, "Morwa Dafite nkutlwe le bothoko,Morena, morwadieke o tshwengwa ke matimona". 23 Mme Jeso aseka a tswa molomo ka se. Kajalo barutwa batla ko goe ene bare, "Moreye sengwe atle a tsamaye o re tsosetsa modumo". 24 Jeso araba are "Ke rometswe hela ko di nku tsa Iseraele tse di timetseng eseng go ope gape". 25 Mme atla a khubama ha pele ga gagwe are" Morena nna le boutlwelo botlhoko mo go nna, nthuse". 26 Jeso a mo araba are " ga go a siamela gore ke tseye senkgwe sa bana ke bo neele dintsanyana". 27 A araba are "morena le ha gontse jalo dintsanyana di otlwa ka matlhotlhora a a wang mo tafoleng ya bojelo jwa morena wa tsone". 28 Jeso a araba are " Mosadi onale tumelo e kgolo jang! A go diragale goyeng ka topo ya gago", Ka jalo morwadie a fodisiwa ka yone houra eo. 29 Jeso gotlogeleng lefelo leo, aya go bapa le lewatle la Galalea. A pagama thabana a bo a bona bodulu godimo ga yone. 30 Matshwititshwiti a tla a mosetse morago, batla ka botlhe ba balwang, difofu, disusu, digole le botlhe ba ba nale bokoa bope kana bofe. Kgang ele go baisa ko go Jeso yo o neng aba fodisa. 31 Go boneng babaneng ele bosusu ba bua, le ba ba ene ele digole ba sa tsamae jaanong batsamaya, jaanong le ba bangwe ba ne ba thokile pono ba fodile batho ba gakgamala mo go tona mme ba simolola go rorisa Modimo wa Isiraela. 32 Jalo Jeso a biletsa barutwa ba gagwe ko go ene abaraya are "Bonang go thomola pelo gore batho ba abo ba tsamaile le nna malatsi a mararo, mme ba ise ba bone sepe sa go ja. Mme kana gankake kare ba boele morago gonneng ba ka idibala motseleng. 33 Barutwana ba mofetolla bare" Mme kana re mosekakeng ga se moreka bonang gope senkgwe tse di ka lekana morafhe o kana". 34 Aba raya are Jeso "le tshwere dinkgwe tse kae", Bare " Dinkgwe tse supa le ditlhapi dise kae". 35 Yare go emeng jalo Keresete alaola batho gore ba dule faatshe. 36 A tsaya dinkgwe tse supa le dithapi morago ga go neela malebogo, adi nyathoganya abo di naya barutwa ba gagwe go diphatlalatsa mo bathong. 37 Batho baja mo baneng ba bewa pelo ke dijo. Mmo ebile morago ga phuthwa ka dibeelo tse supa masalela. 38 Mo go ba baneng ba akola senkgwe le dithapi abo ele banna bale dikete tse nne go sa balelwe basadi le bana. 39 Morago Jeso a ba laela go boela morago mme a tsaya mokoro go ya ko kgaolong ya Magakatane.