Kgaolo 13

1 A lorato la bakaulengwe le tswelele. Le seka la lebala go amogela batho ba le sa ba itseng. 2 Gonne ka go dira jalo bangwe ba fitlhetse ba amogetse baengele ba sa itse. 3 Gakologelwang magolegwa, jaaka ekete le tshwerwe le bone. Gakologelwang ba ba sotlwang, jaaka ekete le utlwa botlhoko mo mmeleng le bone. 4 A lenyalo le tlotlwe ke botlhe. A bolao jwa lenyalo bo itsheke, gonne Modimo o tsile go atlhola ba ba botlhaswa mo thobalong ga mmogo le baakafadi. 5 A boitsholo jwa lona e nne jo bo senang lorato lwa madi. Kgotsofalelang tse le nang le tsone, gonne Modimo ka sebele o rile, ''Ga ke kitla ke le latlha le fa ele go le tlogela.'' 6 A re nne ka kgotsofalo gore re tle re nne le bopelokgale jwa go bua re re, '' Morena ke mothusi wame; Ga ke kitla ke boifa . Motho o ka ntirang?'' 7 Lemogang baeteledipele ba lona, bone ba ba buileng lefoko la Modimo le lona, le bo le lebe maduo a boitsholo jwa bone. Le etse tumelo ya bone. 8 Jeso Keresete o tshwana maabane, letsatsi leno le ka bosakhutleng. 9 Le seka la tsiediwa ke dithuto tse di sa itsegaleng tse di tswang kwa ntle. Gonne go molemo fa pelo e thatafadiwa ka tshegofatso eseng ka dijo tse di sa thuseng sepe ba ba tshelang ka tsone. 10 Re na le aletara e ope yo o dirang mo motlaaganeng a sa tshwanelweng ke go ja mo go yone. 11 Gonne madi a diphologolo tse di bolaetsweng go bipa maleo a isiwa ke moperesiti fa felong fa go boitshepo, fa mebele ya tsone e tshubelwa kwa ntle ga bothibelelo. 12 Ka jalo Jeso le ene one a sotlelwa kwa ntle ga kgoro ya motse, gore a tle a siamise batho ka madi a gagwe ka sebele. 13 A re yeng kwa go ene kwa ntle ga bothibelelo, re rwele matlhabisaditlhong a gagwe. 14 Gonne ga re na motse wa sennelaruri fa. Boemong jwa moo, re lebeletse motse o o tlang. 15 Ka ene, jalo he, a re ntshetseng Modimo ditlhabelo tsa kgalaletso ka nako tsotlhe, kgalaletso e e leng leungo la dipounama le le godisang leina la gagwe. 16 A re seka ra lebala go dira bomolemo le go thusanya, gonne Modimo o itumedisiwa thata ke ditlhabelo tsa mofuta o. 17 Utlwang le bo le ikobele baeteledipele ba lona, gonne ba disa mewa ya lona, fela jaaka ba ba tsileng go fa tlhaloso. Nnang kutlo gore baeteledipele ba lona ba tle ba dire se ka boitumelo, eseng ka go ngongorega, selo se se sa kakeng sa le sologela molemo. 18 Re rapeleleng, gonne re ikutlwela mo dipelong gore re na le matswalo a a phepa ebile re eletsa go tshela mo go siameng mo dilong tsotlhe. 19 Ke le kgothatsa mo go golo go dira se, gore ke tle ke busediwe kwa go lona ka bonako. 20 Jaanong a Modimo wa kagiso, yo o busitseng modisa mogolo wa dinku go tswa kwa go ba ba suleng , Morena wa rona Jeso, ka madi a kgolagano e e sa feleng, 21 a le siamise ka sengwe le sengwe se se molemo go dira thato ya gagwe. A a dire mo go rona se se mo itumedisang go le go golo, ka Jeso Keresete, a kgalalelo e isiwe go ene ka bosakhutleng. Amen. 22 Jaanong ke a le kgothatsa, bakaulengwe go tshola lefoko la kgothatso le ke le le kwaletseng ka bokhutshwane. 23 Itseng gore mokaulengwe wa rona Timotheo, o golotswe, yo ke tla le bonang le ene fa a ka tla ka bonako. 24 Dumedisang baeteledipele botlhe ba lona le badumedi botlhe. Ba ba ko Itali ba a le dumedisa. 25 A tshegofatso e nne le lona lotlhe.