Kgaolo 12

1 Jalo he, ka re dikaganyeditswe ke bontsi jwa basupi, a re beeleng kwa thoko bokete bongwe le bongwe le boleo jo bo ka re tswaketsang. A re tabogeng ka bopelotelele lebelo le re le beilweng pele. 2 A re tseeng Jeso tsia, mosimolodi le mmaakanyi wa tumelo. Ka lebaka la boitumelo jo a neng a bo beilwe pele, o ne a itshokela sefapaano, a nyatsa ditlhong tsa sone, a nna ka fa letsogong le legolo la setilo sa bogosi sa Modimo. 3 Ka jalo akanyang ka ene, yo a neng a itshokela kganetso e e neng etswa mo baleofing kgatlhanong le ene, gore le seka la lapa dipelo mme la ineela. 4 Ga le ise le ganetsanye kgotsa go kgaratlha le boleo go fitlha mo le neng la tshololwa madi; 5 mme le lebetse kgothatso e e le laelang jaaka barwa: " Morwaaka, se tseye motlhofo kgalemo ya Morena, kana wa lapisega fa o kgalemelwa ke ene." 6 Gonne Morena o kgalema mongwe le mongwe yo a mo ratang, le go otlhaya ba eleng barwa ba gagwe ba a ba amogelang. 7 Itshokeleng tshotlego jaaka kgalemo. Modimo o dira le lona jaaka barwa. Gonne ke ofe morwa yo rragwe a sa mo kgalemeng? 8 Mme fa o sa kgalemelwe, se e le se se diragalelang batho botlhe, itse gore ga o ngwana wa gagwe. 9 Mo godimo ga moo, re na le bo rrarona ka fa senameng ba ba nnang ba re kgalemela, le gone re ne re ba tlotla. Jaanong ke eng re sare bogolo ra nna kutlo mo go Rara wa mewa yotlhe ra tshela? 10 Gonne mo letsogong le lengwe, borrarona ba re kgalemile malatsi a se kae ka fa baneng ba bona go siame ka teng. Mme mo letsogong le lengwe Modimo o re direla bomolemo, gore re tle re nne nae mo boitshepong jwa gagwe. 11 Ga gona kgalemo e e lebegang e siame, e nna botlhoko. Lefa gontse jalo e tla re ko morago e tsise maungo a kagiso ya tshiamo mo go bao ba neng ba katisiwa ke yone. 12 Ka jalo tlhatafatsang matsogo a a lepeletseng le mangole a lona a a kgwetlhang. 13 Tlhamalaletsang maoto a lona ditsela, gore mo go bogole go seka ga gobala mme go fole. 14 Batla kagiso le batho botlhe, le boitshepo jo kwa ntle ga jone go senang ope yo o ka bonang Morena. 15 Nnang kelotlhoko gore ope wa lona a se tlhaelwe ke tshegofatso ya Modimo, le gore go se nne modi ope wa go tshwara sekgopi o o ka golang go tsisa bogalaka, le gore bontsi bo seka ba leswafadiwa ke one. 16 Elang tlhoko gore go se nne moleofi ope wa maleo a tlhakanelo dikobo kana yo a senang bomodimo jaaka Esau, yo a neng a rekisa botsalwapele jwa gagwe ka mogopo wa dijo. 17 Gonne le a itse gore morago ga se, erile a eletsa go rua tshegofatso, o ne a ganwa, ka gore o ne a tlhoka sebaka sa boikotlhao, le fa a ne a bo tsoma a lela ka dikeledi. 18 Gonne ga le a tla kwa thabeng e e ka kgongwang, thaba ya molelo o o tukang, lefifi, khutsafalo e kgolo le matsubutsubu. 19 Ga le a tla kwa go leleng ga torompeta, kana ko lentsweng le le buang mafoko a bautlwi ba one ba kopang gore a seka a buiwa le bone gape. 20 Gonne ba ne ba sa kgone go itshokela se se neng se laelwa:" Fa e le gore le phologolo e ka kgoma thaba, e tshwanetse go kgobotlediwa ka matlapa." 21 Pono e e ne e tshosa mo Moshe a neng a re, "Ke a boifa ke a roroma." 22 Boemong jwa se, le tsile kwa Thabeng ya Sione le motse wa Modimo yo o tshelang, Jerusalema wa selegodimo, le kwa boipelong ba dikete tse some tsa baengele. 23 Le tsile phuthegong ya motsalwa pele, e e kwadisetsweng kwa legodimong. Le tsile kwa Modimong, moathodi wa botlhe, le ko meweng ya basiami botlhe ba ba siamisitsweng. 24 Le tsile kwa go Jeso, motshereganyi wa kgolagano e ntsha, le kwa mading a a kgatshiwang a a buang dilo tse di molemo go gaisa madi a ga Abele. 25 Bonang gore ga le gane ene yo o buang. Gonne fa ba ne ba sa kgona go falola yo o neng a ba tlhagisa ba le mo lefatsheng, re ka kgona jang go falola yo o tlhagisang a le kwa legodimong. 26 Ka nako nngwe, lentswe la gagwe le ne la tshikhinya lefatshe. Mme jaanong o solofeditse a re, "Gape ke tla tshikhinya, eseng lefatshe fela, mme le magodimo.'' 27 Mafoko a, "Gape gape," a raya go tlosiwa ga dilo tsotlhe tse di ka tshikhinngwang, ke gore, mo dilong tsotlhe tse di tlhodilweng, gore dilo tsotlhe tse di ka seke tsa tshikhinngwa di sale. 28 Ka jalo, amogelang puso e e ka sekang ya tshikhinngwa, a re lebogeng, ka tsela e a re obameleng le go tlotla le go tsholetsa Modimo. 29 Gonne Modimo wa rona ke molelo o o nyeletsang.