Kgaolo 4

1 Baratwa, le seka la dumela mowa mongwe le mongwe. Boemong, sekasekang mewa gore a e tswa ko Modimong, ka gore baporofite ba maaka ba le bantsi ba tletse mo lefatsheng. 2 Ka se le tla itse mowa wa Modimo, Mowa mongwe le mongwe o o lemogang gore Jeso o tsile mo nameng a tswa ko Modimong ke wa Modimo, 3 le mowa mongwe le mongwe o o sa lemogeng Jeso ga o tswe ko Modimong. O ke mowa wa yo kgathanong le Keresete, o le utuleng gore o etla, le gore jaanong o setse o gorogile mo lefatsheng. 4 Le tswa mo Modimong, bana,le ba fentse, ka gore ene yo o mo go lona o mogolo go na le yo o mo lefatsheng. 5 Ba tswa mo lefatsheng, ka jalo se ba se buang se tswa mo lefatsheng, mme lefatshe le a ba reetsa. 6 Re tswa mo Modimong. Mongwe le mongwe yo itseng Modimo o a re reetsa, ene yo o sa tsweng mo Modimong ga a re reetse. Ka se re itse mowa wa boammaruri le mowa o eseng wa boammaruri. 7 Baratwa, a re rataneng, gonne lorato le tswa mo Modimong, le gore mongwe le mongwe yo o ratang o tswa mo Modimong ebile o itse Modimo. 8 Motho yo o sa rateng ga a itse Modimo, gonne Modimo ke lorato. 9 Ka lebaka la se, lorato la Modimo le ne la bonagadiwa magareng ga rona, gore Modimo o rometse morwa wa gagwe yo o esi mo lefatsheng gore re tshele ka lebaka la gagwe. 10 Mo go se ke lorato, e se ka gore re ratile Modimo, ka gore ene o re ratile, le gore o rometse morwa wa gagwe gore a nne setlhabelo sa dibe tsa rona. 11 Baratwa, fa e le gore Modimo o re ratile, le rona re tshwanetse ra ratana. 12 Ga go ope yo o kileng a bona Modimo, fa re ratana, Modimo o nna fela mo go rona, lorato la gagwe le siamisitswe mo go rona. 13 Ka se re a itse gore o nna mo rona le rona mo go ene, ka gore o re neetse bontlha bongwe ja mowa wa gagwe. 14 Re bone, gape, ra nna bapaki gore Modimo o rometse morwa go tla go nna mmoloki wa lefatshe. 15 Ope yo o lemogang gore Jeso ke morwa Modimo, Modimo o nna mo go ene le ene mo Modimong. 16 Re itsile ra dumela le lorato le Modimo a nang le lone mo go rona. Modimo ke lorato, ene yo o nnang mo loratong le, o nna mo Modimong, le Modimo o nna mo go ene. 17 Ka lebaka la se, lorato le le siamisitswe magareng ga rona, gore re nne le bopelokgale ka letsatsi la katlholo, ka gore jaaka a ntse, le rona re ntse jalo mo lefatsheng le. 18 Ga gona poifo mo loratong, Boemong, lorato le le itshekileng le ntshetsa poifo ko ntle, ka gore poifo e tlisiwa ke go tshaba katlholo.Mme ene yo o nang le poifo ga a itshekisiwa mo loratong. 19 Re rata ka gore Modimo o re ratile pele. 20 Fa mongwe a re, ''Ke rata Modimo'' mme a thoile morwa rragwe, ke moaki. Ka gore ene yo o sa rateng morwa rragwe, yo a mmoneng, ga a kake a rata Modimo, yo a iseng a mmone. 21 Se ke taolo e re nang le yone go tswa ko go ene: Ope yo o ratang Modimo o tshwanetse a rata morwa rragwe.