Kgaolo 3

1 Bona mofuta wa lerato le Rara a re lo neetseng, gore re ka bidiwa bana ba Modimo, sone se ke se re leng sone. Ka lebaka le, lefatshe ga le re itse, ka gore ga le ise le mo itse. 2 Baratwa, jaanong re bana ba Modimo, le gore fa go ise go senolwe se re tla nnang sone. Re a itse gore fa Keresete a bonagala, re tla tshwana le ene, gonne re tla mmona fela jaaka a ntse. 3 Mongwe le mongwe yo o nang le bopelokgale ka bokamoso o tlhomama mo go ene a bo a itsheka fela jaaka ene a itshekile. 4 Mongwe le mongwe yo o leofang ga a dire molao, gonne boleo ke tlolo molao. 5 O itse gore Keresete o ne a bonafadiwa gore a tle a tlose boleo, le gore mo go ene ga gona boleo. 6 Ga go ope yo a nnang mo go ene yo o ka tswelelang a leofa. Ga go ope yo mmonyeng kgotsa a mo itsile yo oka tswelelang a leofa. 7 Lona bana, lo seka la letlelela ope a le timetsa. E ne yo o dirang tshiamo o tletse tshiamo, fela jaaka Keresete a le tshiamo. 8 E ne yo o dirang boleo ke wa ga satane, ka gore satane o leofile go tsweng kwa tshimologong. Ka lebaka le Morwa Modimo o ile a bonagadiwa, gore a tle a senye tiro ya ga satane. 9 Lefa e le mang yo o tsetsweng ke Modimo ga a tswelele a leofa ka gore peo ya modimo e ntse mo go ene. 'Ga a kake a tswelela mo boleong ka gore o tsetswe ke Modimo. 10 Mo go se, bana ba Modimo le bana ba ga satane ba a senolwa. Mongwe le mongwe yo o dirang se e seng sa tshiamo ga a tswe kwa Modimong, le fa ele mang yo o sa rateng morwarraagwe. 11 Gonne o ke molaetsa o le o utlwileng go tswa tshimologong: gore re tshwanetse ra ratana, 12 e seng jaaka Kaene, yo o neng a tswa kwa go o o bosula a bo a bolaya morwarraagwe. Ke eng fa a ne a mmolaya? Ka gore ditiro tsa gagwe di ne di le bosula,fa tsaga morwarraagwe di ne di le tshiamo. 13 Lo seka lwa gakgamala, bakaulengwe, fa lefatshe le le ila. 14 Re itse gore re dule kwa losong re tsenye mo botshelong, ka gore re rata bakaulengwe. 15 E ne yo osa rateng o setse mo losong. Ene yo ilang mokaolengwe ke mmolai. O a itse gore ga gona mmolai ope yo o nang le botshelo jo sa khutleng jo bo nnang mo go ene. 16 Ka se re itse lerato, ka gore Keresete o re neetse botshelo jwa gagwe. Le rona re tshwanetse ra ntshetsa matshelo a rona mo bakaulengweng. 17 Mme yo o nang le dithoto tsa lefatshe, a bona mokaulengwe wa gagwe a tlhoka, a bo tswala pelo ya gagwe ya kutlwelobotlhoko, lorato la Modimo le ka nna jang mo go ene? 18 Bongwanake ba ke ba ratang, a re seka ra rata ka mafoko kgotsa ka loleme, mme ka ditiro le ka boammaruri. 19 Ke ka lebaka la se a bo re itse gore re tswa kwa boammaruring, re tlhomamisa dipelo tsa rona fa pele ga gagwe. 20 Gonne fa dipelo tsa rona di re atlhola, Modimo o mogolo go na le dipelo tsa rona, le gore o itse dilo tsotlhe. 21 Baratwa fa dipelo tsa rona di sa re atlhole, re na le tshepo mo Modimong. 22 Sengwe le sengwe se re se lopang mo go ene re tla se amogela, ka gore re tshegeditse ditaolo tsa gagwe, le go dira dilo tse di itumedisang fa pele ga gagwe. 23 Mo ke taolo ya gagwe, gore re dumele mo leineng la Morwa Jeso Keresete, le gore re ratane, fela jaaka a re neetse taolo e. 24 E ne yo o tshegetsang ditaolo tsa Modimo o nna mo go ene, le Modimo o nna mo go ene. Ka jalo re a itse gore o nna mo go rona, ka Mowa o a re o neetseng.