Kgaolo 15

1 Jaanong ke a le gakolola, bakaulengwe, ka efangedi e ke le e reretseng, e le e amogetseng e bile le ema mo go yone. 2 Ke ka efangedi e gore le bo le bolokwa, fa le tshwarelela ka thata lefoko le ke le le reretseng, kwa ntleng ga fa le dumela mo lefeleng. 3 Gonne ke le neetse se se mosola thata fela jaaka se ke se amogetseng: gore Keresete o swetse dibe tsa rona go ya ka ditemana, 4 gore o fitlhilwe, le gore o ne a tsosiwa ka letsatsi la boraro go yeng ka ditemana. 5 Keresete o ne a iponagatsa mo go Sefase, le mo go ba ba lesome le bobedi (12), 6 a iponagaletsa le bakaulengwe ba feta makgolo a matlhano (500) ka nako e nngwe fela. Bontsi ja bone ba santse ba tshela, mme bangwe ba robetse. 7 Mme a iponatsa mo go Jakoba, le mo go baaposetola botlhe. 8 Morago ga botlhe, a iponagatsa mo go nna, jaaka o kare ke mo ngwaneng yo o tshotsweng ka nako e e seng yone. 9 Gonne ke nna wa bofelo mo baaposetoleng. Ga ke a tshwanelwa ke go bitswa moaposetola ka gore ke kgobotleditse kereke ya Modimo. 10 Mme ka tshegofatso ya Modimo ke se ke leng sone, mme tshegofatso ya Modimo mo go nna e ne e se mo lefeleng. Le fa go ntse jalo ke berekile ka thata go feta botlhe. Le fa ne e se nna, mme e le tshegofatso ya Modimo e e nang le nna. 11 Le fa go ntse jalo kwa ntle gore ke nna kana ke bone, re rerile mme le dumetse. 12 Mme fa e le gore Keresete o bolelwa a tsositswe mo go ba ba suleng, bangwe ba lona ba ka bua jang ba re ga gona tsogo ya baswi? 13 Mme fa go sena tsogo ya baswi, le fa e le ene Keresete ga a tsosiwa; 14 mme fa Keresete a ne a sa tsosiwa, go raya gore thero ya rona e mo lefeleng, le tumelo ya lona e mo lefeleng. 15 Gape, re bonwa re le bapaki ba maaka ka Modimo, ka go re re pakile kgatlhanong le Modimo, re bua go re o tsositse Keresete le ntswa a sa dira jalo. 16 Ka gore fa baswi ba sa tsosiwa, le ene Keresete ga a tsosiwa; 17 fa e le gore Keresete ga a tsosiwa, tumelo ya lona e mo lefeleng ebile le santse le le mo maleong a lona. 18 Ba ba swetseng mo go Keresete le bone ba nyeletse. 19 Mme fela fa e le gore mo botshelong jo re na le tshepo ya bokamoso mo go Keresete, mo bathong botlhe re tshwanetse go utlwelwa botlhoko thata. 20 Mme jaanong Keresete o tsositswe mo go ba ba suleng, maungo a ntlha a ba ba suleng. 21 Gonne loso le tsile ka motho, ka motho gape go tsile tsogo ya baswi. 22 Ka gore mo go Adame botlhe ba a swa, ka jalo le mo go keresete botlhe ba tla tshedisiwa. 23 Mme mongwe le mongwe go yeng ka tsamaiso ya gagwe: Keresete, maungo a ntlha, mme ba e leng ba ga Keresete ba tla tshidisiwa ka go tla ga gagwe. 24 Mme e tla nna phelelo, fa keresete a neela bogosi kwa go Modimo Rara. Mme ke gone a tla emisang melao yotlhe, le taolo yotlhe le maatla. 25 Go nne o tshwanetse a busa go fitlhela a baya baba ba gagwe botlhe ka fa tlase ga dinao tsa gagwe. 26 Mmaba wa bofelo go fenngwa ke loso. 27 Gonne "o beile dilo tsotlhe ka fa tlase ga dinao tsa gagwe." mme fa e re "o beile sengwe le sengwe," se se tlhatswegile gore ga go reye le yo o beileng dilo tsotlhe ka fa tlase ga taolo ya gagwe. 28 Fa dilo tsotlhe di le mo taolong ya gagwe, jaanong morwa o tla bo a le mo taolong ya yo o beileng dilo tsothe motaolong ya gagwe. Se se tla diragala gore Modimo Rara a nne mo go tsotlhe. 29 Ntle le jalo ba ba kolobeleditsweng baswi ba tla dira eng? Fa baswi ba sa tsosiwe gotlhelele, ke eng fa ba ba kolobelediwa? 30 Ke eng jaanong, re le mo kotsing oura ngwe le nngwe? 31 Letsatsi lengwe le lengwe ke lebagana le loso! Se ke thurifatso jaaka go ipoka game mo go lona, e ke nang le yone mo go Keresete Jeso Morena wa rona. 32 Ke boelwa ke eng, go tswa mo go lebeng ga setho, fa ke lole le setshidi se se boitshegang kwa Efeso, fa baswi ba sa tsosiwe? a re nweng re jeng, gonne kamoso re a swa. 33 Le seka la tsiediwa: "ditsala tse di bosula disenya setho se se siameng." 34 Itharabologelweng, tshelelang mo tshiamong, se tsweleleng le leofa. Gonne bangwe ba lona ga ba na kitso ka Modimo. Ke bua se go le tlhabisa ditlhong. 35 Mme mongwe o tla re, "baswi ba tsosiwa jang, le gore ba ya go tla ba le mo mmeleng o o ntseng jang?" 36 Le ikgatholosa thata! se le se jwalang ga se kitla se simolola go gola kwa ntleng ga fela se ka swa. 37 Se o se jwadileng ga se mmele yo o tla tlhogang, mme ke peo fela. Se tla nna mohero kana sengwe fela. 38 Mme Modimo o tla se fa mmele jaaka a tlhopha, le peo nngwe le nngwe o tla e neela mmele wa yone. 39 Ga se mebele yotlhe e e tshwanang. Le fa go ntse jalo, go na le mmele o le mongwefela wa batho, le mmele o mongwe wa diphologolo, le mmele o mongwe wa dinonyane, le o mongwe wa ditlhapi. 40 Go na gape le mebele ya lefatshe le mebele ya legodimo. Mme kgalalelo ya mmele wa selegodimo ke ya mofuta o mongwe le kgalalelo ya mmele wa selefatshe ke o mongwe. 41 Go na le kgalalelo e le nngwefela ya letsatsi, le kgalalelo e nngwe ya ngwedi, le kgalalelo e nngwe ya dinaledi. Go nne naledi nngwe le nngwe e farologana le e nngwe ka kgalalelo. 42 Go ntse fela jalo le ka tsogo ya baswi. Se se jwadilweng se a bola, mme se se godisitsweng ga se bole. 43 Se jwadilwe mo go tlhokeng tlotla; se godisiwa mo kgalalelong. Se jwadilwe mo bokoeng; se godisiwa mo maatleng. 44 Go jwadilwe e le mmele wa tlholego, se godisiwa e le mmele wa semoya. Fa go na le mmele wa tlholego, go na gape le mmele wa semoya. 45 Jaanong gape go kwadilwe, "motho wa ntlha Adame o nnile moya o o tshelang." Adame wa bofelo o nnile moya o o neelang botshelo. 46 Mme semoya ga se atla pele ,go tlile senama, morago ga tla semoya. 47 Motho wa ntlha ke wa lefatshe, o dirilwe ka lerole. Motho wa bobedi o tswa legodimong. 48 Fela jaaka yo o dirilweng go tswa mo leroleng a ntse, go ntse jalo le ka ba ba dirilweng ka lerole, le ka fa motho wa legodimo a ntseng ka teng, go ntse fela jalo le ka ba legodimo. 49 Fela jaaka re nnile le setshwano sa motho wa lerole, re tla nna gape le setshwano sa motho wa legodimo. 50 Jaanong ke bua se, bakaulengwe, gore nama le madi ga di kitla di rua bogosi jwa Modimo. Kana se se bolang se rua se se sa boleng. 51 Bonang! ke le bolelela boammaruri jo bo fitlhegileng: ga re kake ra swa rotlhe, mme re tla fetolwa rotlhe. 52 Re tla fetolwa ka monyetla, ka ponyo ya leitlho, ka porompeta ya bofelo. Gonne porompeta e tla lela, mme baswi ba tla tsosiwa ba sa bola, mme re bo re fetolwa. 53 Gonne mebele e e bolang e tla neelwa bo sa boleng, mme mmele o o swang o tla neelwa bo sa sweng. 54 Mme fa mmele o o bolang o o apere bo sa boleng, le fa mmele o o swang o o setse o apere bo sa sweng, re tla tla mo puong e e kwadilweng, "loso le meditswe mo phenyong." 55 "Loso, phenyo ya gago e kae?" Loso, phenyo ya gago e kae? 56 Phenyo ya loso ke sebe, mme maatla a sebe ke molao. 57 Mme re leboga Modimo, yo o re neelang phenyo ka Morena wa rona Jeso Keresete! 58 Ka jalo, bakaulengwe ba ba rategang, thatafalang le sa sute.Le nne le tshwere tiro ya Morena, gonne le a itse gore tiro ya lona mo Moreneng ga e mo lefeleng.