Kgaolo 14

1 Batlang lorato le nne le keletso e kgolo ya dineo tsa Semoya, bogolo gore le porofete. 2 Gonne yo o buang teme ga a bue le batho mme le Modimo. Ka ga gona ope yo o mo tlhaloganyang ka gore o bua dilo tse di fitlhegileng mo Moyeng. 3 Mme yoo porofitang o bua le batho go ba aga, go ba kgothatsa, le go ba gomotsa. 4 Ene yo o buang ka teme o a ikaga, mme yo o porofetang o aga kereke. 5 Jaanong ke a eletsa gore lotlhe le ka bo le buile ka diteme. Mme le go feta moo, ke eletsa le ka porofeta. Ene yoo porofetang o mogolo gona le yo o buang ka diteme (fa ese fela fa mongwe a tolokolola gore phuthego e agege). 6 Mme jaanong, bakaulengwe, Fa ke tla kwa go lona ke bua ka diteme, ke ka le tswela mosola jang? Ga ke kake, kwa ntleng ga fa ke bua ka tshenolo, kana kitso, kana seporofeto, kana thuto. 7 Fa diletswa tse di sa tsheleng di dira modumo -jaaka folute kana garepa- mme di sa dire modumo yo o farologanyeng, mongwe o tla a itse jang gore modumo yo go tshameka folute kana garepa? 8 Ka gonne fa porompeta e tshamekwa ka modumo yo o sa tlwaelesegang, mongwe o tla a itse jang gore ke nako ya go ipaakanyetsa tlhabano? 9 Gontse fela jalo ka lona. Fa o bua mafoko a a seng botlhale, o tla a tlhalogangwa ke mang ka se o se buileng? O tla a bo o bua, mme ga gona ope yo o tla go tlhaloganyang. 10 Go na le diteme di le dintsi tse di sa belaelesegeng mo lefatsheng, e bile ga gona epe e senang bokao. 11 Mme fa ke sa itse bokao jwa teme, ke tla a bo ke le motswakwa mo go yoo buang, le sebui se tla a bo sele motswakwa mo go nna. 12 Fela jaaka le lona. Fela jaaka le kgothafaletse go bona tshupagalo ya Moya, eletsang go aga phuthego. 13 Jaanong yo o buang ka teme o tshwanetse go rapela gore a e tolokolole. 14 Ka gore fa ke rapela ka teme, moya wa me o a rapela, mme tlhaloganyo ya me ga e ungwe. 15 Ke eng mo ke ka go dirang? Ke tla rapela ka moya wame, mme e bile ke tla rapela gape ka tlhaloganyo yame. Ke tla a opela ka moya wame, mme gape ke tlaa opela ka tlhaloganyo yame. 16 Fa e le gore, fa lo galaletsa Modimo ka moya, yo o kwa ntle o ka re ''Amen'' jang fa o isa malebogo ka a sa itse gore o ne o reng? 17 Gonne ka boammaruri le isa malebogo mo go lekaneng, mme yo mongwe ga agaiwa. 18 Ke leboga Modimo gore ke bua ka diteme go le feta lotlhe. 19 Mme mo kerekeng ke ka mpa ka bua mafoko a le matlhano(5) ka go tlhaloganya ga me gore ke tle ke kaele ba bangwe, go na le mafoko a le dikete tse di lesome (10,000) mo temeng. 20 Bakaulengwe, le seka la nna bana mo go akanyeng ga lona. Mme, mo boleong, le nne jaaka bana. Mme mo go akanyeng le gole. 21 Mo molaong go kwadilwe, '' ka batho ba diteme tse di sa tlwaelesegang le ba melomo ee sa tlwaelesegang ke tla a bua le bone batho ba. Le fa ba ka seke ba utlwe,'' go bua Morena. 22 Jaanong diteme ke sekao, e seng mo badumeding, mme mo go ba ba sa dumeleng. Mme go porofeta ke sekao, e seng mo go ba ba sa dumelang, mme mo go ba ba sa dumeleng. 23 Fa e le gore, phuthego yotlhe e tle ga mmogo mme botlhe ba bua ka diteme, mme ba ba kwa ntle le ba ba sa dumeleng ba tsena, a ga ba na gore le ditsenwa? 24 Mme fa lotlhe le ne le porofeta mme yo o kwa ntle kana yo o sa dumeleng a tsena, o tla itemogela ka tsotlhe tse a di utlwang. O tla a atlholwa ke tsotlhe tse di buiwang. 25 Diphiri tsa pelo ya gagwe di tla a senolwa. Ka lebaka le, o tla a wa ka sefatlhego sa gagwe mme a obamele Modimo. O tla a bolela gore tota Modimo o magareng ga lona. 26 Go latela eng jaanong, bakaulengwe? Fa le tla ga mmogo, mongwe le mongwe a na le pesalome, thuto, tshenolo, teme, kana tolokololo. Dirang tsotlhe go aga kereke. 27 Fa ope fela a bua ka teme, a go nne ba le babedi (2) kana ba le bararo (3), mme mongwe le mongwe ka tatelano, yo mongwe a tolokolole se se buiwang. 28 Mme fa go sena yo o tolokololang, a mongwe le mongwe wa bone mo kerekeng a didimale. A mongwe le mongwe a bue ka bo ene mme le Modimo. 29 A baporofite ba le babedi (2) kana ba le bararo (3) ba bue, mme ba bangwe ba reetse ka kelotlhoko se se buiwang, 30 Mme fa tshenolelo e filwe mongwe yo o mo tirelong, a yo o ntseng a bua a didimale. 31 Gonne mongwe le mongwe wa lona o ka porofeta bongwe ka bongwe gore mongwe a ithute mme botlhe ba kgothadiwe. 32 Gonne mewa ya baporofeta e ka fa tlase ga taolo ya baporofita. 33 Gonne Modimo ga se Modimo wa tlhakatlhakano, mme wa kagiso. Se ke molao mo diphuthegong tshotlhe tsa badumedi. 34 Basadi ba tshwanetse go didimala mo dikerekeng. Gonne ga ba letlelelwe go bua. Mme jalo, ba tshwanetse go nna mo boineelong, jaaka molao o bua. 35 Fa go na le sengwe se ba eletsang go se ithuta, a ba botse banna ba bone kwa malwapeng. Gonne ke matlhabisa ditlhong gore basadi ba bue mo kerekeng. 36 A lefoko lwa Modimo le ne le tswa mo go lona? A ke lona fela ba le le fitlheletseng? 37 Fa mongwe a akanya gore ke moporofete kana wa moya, o tshwanetse a lemoga gore dilo tse ke di le kwalelang ke taolo ya Morena. 38 Mme fa ele gore mongwe ga a lemoge se, a a seka a lemogiwa. 39 Jalo, bakaulengwe, eletsang ka botswapelo go porofeta, mme lo seka lwa itsa ope fela go bua ka diteme. 40 Mme lesang dilo tsotlhe di dirwe ka fa go siameng le ka fa tshwanelong.