Kgaolo 1

1 E ke tshenolelelo ya ga Jeso Keresete e Modimo a e mo fileng go itsise batlhanka ba gagwe se se tla tlogang se diragala,o e mo itsisitse ka go romela moengele wa gagwe ko motlhankeng wa gagwe Johane. 2 Johane o pakile ka ga lefoko la Modimo, le ka bopaki jo a bo filweng ka ga Jeso Keresete,le ka dilo tsotlhe tse a di bonyeng. 3 Go sego ba ba balang, ba reetsa ba bo ba diragatsa mafoko a kwadilweng a seporofito se, go nne nako e setse e le gaufi. 4 Johane, go diphutego tse supa tsa Asia. A mautlwelobotlhoko a nne le lona, le kagiso go tswa mo go yo o leng, yo o neng a le teng, yo tlang, le go tswa mo meweng e e supang e e fa pele ga setilo sa bogosi 5 le go tswa ko go Jeso Keresete yo o leng mosupi yo o ikanyegang, yo e leng motsalwapele wa baswi, e le mmusi wa dikgosi tsa lefatshe. Go yo o re ratang a bo a re golola mo maleong a rona ka madi a gagwe. 6 O re dirile bogosi ,baperesite ba Modimo Rara. Go ene a go nne kgalalelo le thata go ya bosakhutlheng. Amen. 7 Bonang! O etla a le mo marung, matlho otlhe a tla mmona, le a ba ba mo tlhabileng. Merafe yotlhe ya lefatshe e tla hutsafala ka ntlha ya gagwe. Ee, Amen. 8 ''ke nna alefa le omega,'' go bua Morena Modimo, ''ene yo a leng teng, yo a neng a le teng e bile a tla tla, Mothatayotlhe.'' 9 Nna Johane, morwa rraalona yo ke tlhakanetseng le lona dipogisego, mmuso wa Modimo le boitshoko mo go Jeso, ke ne ke le mo setlhakatlhakeng sa Patamose ka ntlha ya lefoko la Modimo le bopaki jwa ga Jeso. 10 ke ne ke le mo Moweng ka letsatsi la Morena, ka utlwa lentswe fa morago ga me o ka re torompeta. 11 Mme la re ''kwala se o se bonang mo lokwalong o bo ose romelele diphutego tse supa .Go Efeso, go Semaena, go Peregamone, go Taitira, go Saratise, go Filitalefia, le go Laotise.'' 12 Ka retologa ka leba gore ke lentswe la ga mang le le buang le nna, fa ke retologa ka bona ditlhomo tse supa tsa gouta 13 mo gare ga tsone go eme yo o tshwanang le morwa motho, a apere seaparo se se leele se se kgomang ko dinaong le moitlamo wa gouta mo sehubeng. 14 Tlhogo ya gagwe le moriri wa gagwe di le bosweu jwa leloba, le bosweu jwa kapoko, matlho a gagwe a tshwana le kgabo ya molelo. 15 Dinao tsa gagwe di tshwana le kgotlho, ele kgotlho e e tlhotlhilweng ke molelo. Lentswe la gagwe ekete mosumo wa metsi a a elelang. 16 O ne a na le dinaledi tse supa mo letsogong la gagwe la moja, le tshaka e e magale mabedi e ne e tswa mo molomong wa gagwe, sefatlhego sa gawe se phatsima jaaka letsatsi le tserema. 17 Fa ke mmona , ka wela mo dinaong tsa gagwe jaaka motho yo o suleng, a baya letsogo la gagwe la moja mo go nna a re ''Se boife, ke wa ntlha le wa bofelo, 18 le yo o tshelang. Ke ne ke sule, mme bona ke tshela ka bosakhutleng! Ke na le dilotlele tsa leso le Bobipo. 19 Mme ke gone kwala se o se boneng ,se se leng teng gone jaana, le se se tla diragalang morago ga se. 20 Fa e le bokao jo bo fitlhegileng ka ga dinaledi tse supa tse o di boneng mo letsogong lame la moja, ditlhomo tsa lebone tse supa tsa gouta, dinaledi tse supa ke baengele ba diphutego tse supa, ditlhomo tse supa tsa lebone ke diphutego tse supa."