1 Mo tshimologong, Modimo o tlhodile le lefatshe. 2 Lefatshe le ne le tlhakatlhakane le sena sepe. Lefifi le ne le le fa godimo ga bodiba. Mowa wa Modimo o ne o tsamaya fa godimo ga metsi. 3 Modimo a re, ''A gonne lesedi, mme lesedi la nna teng. 4 Modimo a bona lesedi le siame. A kgaoganya lesedi mo lefifing. 5 Modimo a bitsa lesedi "letsatsi" mme lefifi a le bitsa "bosigo.'' Se e ne e le maitseboa le moso, letsatsi la ntlha. 6 Modimo a re, "A go nne loapi fa gare ga metsi, a le kgaoganye metsi go tswa mo metsing. 7 Modimo a le ka fa teng ga loapi mo metsing a a neng a le mo godimo ga loapi. Ga nna jalo. 8 Modimo a bitsa lefaufau loapi. Se e ne e le maitseboa le moso, letsatsi la bobedi. ======= L >>>>>>> a3bb555538e1abcf6450754d1dd44d13651988d4 9 Modimo a re, "A metsi a ye ko tlase ga loapi a kgobokane mo lefelong le lengwe, a bo mmu o o omeletseng o bonala. Ga nna jalo. 10 Modimo a bitsa mmu o o emeletseng "lefatshe" mme metsi a a kgobokaneng a a bitsa "mawatle." A bona go le molemo. 11 Modimo a re, "A lefatshe le tlhoge ka simela dijwalo tse di nang le peo le ditlhare tse di ntshang maugo a peo ya one e leng teng ga one, sengwe le sengwe ka mofuta wa sone." Ga nna jalo. 12 Lefatshe la ntsha dimela, dijwalo tsa ntsha peo ya mefuta ya tsone, mme ditlhare di ntshe maungo a peo ya one e le leng mo go yone, ka mefua ya tsone. Modimo a bona go le molemo. 13 Se e ne e le maitseboa le moso, letsatsi la boraro. 14 Modimo a re, "A go nne le masedi mo loaping go kgobokanya motshegare mo bosigong mme a nne dikaedi, mo dipakeng, mo malatsing le dingwaga. 15 A go nne le masedi mo loaping go a tle a neele lefatshe lesedi." Mme ga nna jalo. 16 Modimo a dira masedi a magolo a mabedi, lesedi le legolo go busa motshegare, le lesedi le le potlana go busa bosigo. O ne a bopa gape le dinaledi. 17 Modimo a di tlhoma mo loaping go fa lefatshe lesedi, 18 go busa motshegare le bosigo, le go kgaoganya lesedi go tswa lefifing. Modimo a bona go le molemo. 19 Se ya nna maitseboa le moso, letsatsi la bone. 20 Modimo a re, ''A metsi a tladiwe ka ditshidi tse di ntsi tse di tshelang, le dinonyane a di fofe kwa godimo ga lefatshe mo lefaufaung la loapi. 21 Modimo a bopa ditshidi tse di tona tsa mawatle, le sengwe le sengwe ka mefuta ya sone, ditshidi tse di tsamayang le tse di tletseng gongwe le gongwe mo metsing, le dinonyane tsotlhe tsa diphuka go ya ka mefuta ya tsone. Modimo a bona go le molemo 22 Modimo a di segofatsa a re, ''Atang le ntsifaleng, le bo le tlale mo metsing a mo mawatleng. A dinonyane di ntsifale mo lefatsheng. 23 Se ya nna maitseboa le moso, letsatsi la botlhano. 24 Modimo a re, ''A lefatshe le ntshe ditshedi dingwe le dingwe ka mefuta ya tsone, diruiwa, digagabi, diphologolo tsa lefatshe, nngwe le nngwe go ya ka mofuta wa yone. Ga nna jalo. 25 Modimo a dira phologolo tsa lefatshe go ya ka mefuteng ya tsone, le sengwe le sengwe se se gogobang ka fa mefuteng ya sone. A bona go le molemo. 26 Modimo a re, ''A re bope batho setshwanong sa rona, ba ba tshwanang le rona. A ba nne le taolo mo ditlhaping tsa mawatle, mo dinonyaneng tsa lefaufau le mo leruong, mo lefatsheng lotlhe, le mo sengwe le sengweng se se gagabang mo lefatsheng. 27 Modimo a bopa batho mo setshwanong sa gagwe. Mo setshwanong sa gagwe a bopa motho. A bopa banna le basadi. 28 Modimo a ba segofatsa a ba raya a re, ''Atang le ntsifale. Tlatsang lefatshe, lo le laole. Nnang le taolo mo ditlhaping tsa lewatle, mo dinonyaneng tsa loapi le mo sengwe le sengweng se se tsamayang mo lefatsheng. 29 Modimo a re, ''Bona ke file semela sengwe le sengwe se se nang le peo se se nageng yotlhe ya lefatshe, le setlhare sengwe le sengwe sa leungo le le nang le peo fa gare ga lone. E tla nna dijo mo go lona. 30 31 Mo diphologolong tsotlhe tsa lefatshe, dinonyane tsotlhe tsa loapi, le mo sengwe le sengweng se se gagabang mo lefatsheng, le mo setshiding sengwe le sengwe se se nang le mowa wa botshelo ke le file semela sengwe le sengwe go nna dijo.'' Ga nna jalo. 31 Modimo a bona sengwe le sengwe se a se bopileng. Bonang go ne go le molemo thata. Se e ne e le maitseboa le moso, letsatsi la borataro.