1 A ke maina a barwa ba Iseraele ba ba tsileng mo Egepeto le Jakobe, mongwe le mongwe le ba ntlo ya gagwe: 2 Rubene, Simone, Lefi, le Juta, 3 Isakare, Sebulone, le Benjamene, 4 Dane, Nafotali, Gate, le Asha. 5 Batho botlhe ba e neng e le dikokomane tsa ga Jakobe 6 Jalo Josefe, bo morwarraagwe botlhe, le kokomane eo yotlhe ba aswa. 7 Ba Iseraele ba bo ba ungwa, ba oketsega mo go golo ka dipalo, ba nonofa thata; ba tlala ka lefatshe. 8 Mme jaanong ga tsogelela kgosi e ncha mo Egepeto, yo o neng a sa itse ka Josefa. 9 Araya batho ba gagwe a re, ''Bonang, ba Iseraele ba bantsi thata ebile ba nonofile go re feta. 10 Tlayang, a re ba senyeng ka botlhale, e seng jalo ba tlaa tswelela ba gola ka dipalo, mme fa ntwa e ka tsoga, ba tlaa kopana le baba ba rona, ba lwe le rona, ba bo batswa mo lefatsheng.'' 11 Ke gone ba ba beela baeteledipele ba tiro go ba gatelela ka ditiro tse di bokete. Ba Iseraele ba agela dikago tsa polokelo: Pithoma le Ramasese. 12 Fa Baegepeto ba ba gatelela le go feta, ba Iseraele bone ba oketsega mo go golo ka dipalo mme ba anama. Jaanong ba Egepeto ba simolola go utlwisiwa botlhoko ke ba Iseraele. 13 Ba Egepeto ba dirisa ba Iseraele ka kgokgontsho. 14 Ba dira gore matshelo a bone a nne botlhoko ka go direla mo go botlhoko ga seretse le setena, le ka ditiro tsotlhe tsa mo masimong. Tiro yotlhe e ba neng ba tlhokana le go e dira e ne e le thata. 15 Jalo kgosi ya Egepeto a bua le babelegisi ba Bahebera; yo mongwe o ne a bidiwa Shifera, yo mongwe Pua. 16 A ba raya a re, ''Fa le thusa basadi ba Bahebera ka nako ya bone ya go belega, le ba tlhokomeleng thata fa ba belega. Fa e le mosimane, jalo lo mmolaye; mme fa e le mosetsana, a a tshele,'' 17 Mme ka babelegisi ba boifa Modimo ba seka ba dira jaaka kgosi ya Egepeto e ba laotse; boemong ba seo, ba lesa bana ba basimane ba tshela. 18 Kgosi ya Egepeto ya bitsa babelegisi ya ba raya ya re, ''Lo diretseng jaana, la lesa bana ba basimane ba tshela?'' 19 Babelegisi ba raya Farwe ba re, ''Basadi ba Bahebera ga ba tshwane le basadi ba Begepeto. Ba bofefo ba fetsa pelegi mmelegisi a ise a goroge fa go bone.'' 20 Modimo a sireletsa babelegisi. Batho ba oketsega mo dipalong mme ba nonofa thata. 21 Ka gobo babelegisi ba boifa Modimo, a ba neela malwapa. 22 Farwe a laola batho ba gagwe botlhe gore, ''Ngwana mongwe le mongwe yo o tshotsweng e le mosimane ba mo latlhele mo nokeng, mme fela basetsana bone ba ba lese ba tshele.''