Kgaolo 5

1 Utlwang lefoko la khutsafalo le ke tlaa le le bolelelang, ntlo ya Iseraele. 2 Kgarejwana Iseraele o wele. Ga a kitla a tsoga; o latlhilwe mo lefatsheng la gagwe; ga gona ope yo o ka mo emisang. 3 Se ke Mafoko a ga Modimo Yawe, "Toropo e e neng e tsamaile ka batho ba le 1000 e tlaa sala ka ba le 100, e e neng e tsamaile ka ba le 100 e tlaa sala ka ba le 10 ba Baiseraela." 4 Se ke se Modimo Yawe a se bolelelang ntlo ya Iseraele, " Mpatlang le tlaa tshela! 5 "Le seka la batla Bethele le fa e le go tsena kwa Giligale; Le seka la etela kwa Besheba. Ka gore, Giligale o tlaa tshwarwa e le ruri le Bethele ga a kake a nna sepe. 6 Batlang Modimo Yawe le tlaa tshela, e seng jalo o tlaa tlhagoga jaaka molelo mo ntlong ya ga Josefa. O tlaa senya, ga gona yo o tlaa kgonang go o tima mo Bethele. 7 Batho bao, ba fetola katlholo ba e dira e ka re ke sengwe se se botlhoko, gape ba dira tshiamo bosula!" 8 Modimo o dirile dinaledi, o fetola lefifi go nna lesedi, o fetola motshegare go nna bosigo a bo a gelela metsi a lewatle; o a tshololela mo lefatsheng. Modimo Yawe ke leina la gagwe! 9 O tlisa tshenyo ka bofefo mo go ba ba nonofileng gore botshabelo bo senyege. 10 Ba ila mongwe le mongwe yo o ba gakololang mo kgorong le yo o buang nnete. 11 Ka gore le gataka bahumanegi ebile le tsaya korong mo go bone, ga le na go nna mo matlong a magasigasi a le a agileng. Le na le ditshingwana tsa moretlwa tse di ntle, mme ga le na go nwa mofine wa tsone. 12 Ke itse gore melato ya lona e kae le gore dibe tsa lona di kana kang, lona ba le tlhokofatsang basiami, le tsaya dipipa molomo gape le sotla batlhoki mo kgorong ya toropo. 13 Jaanong mongwe le mongwe yo o siameng o didimetse ka nako eo, ka gore ke nako e e bosula. 14 Batlang bomolemo eseng bosula, gore le tle le tshele. Jalo Yawe Modimo wa masomosomo, o tlaa nna le lona ele ruri, jaaka le bua. 15 Ilang bosula, ratang bomolemo, tlisang katlholo ya nnete mo toropong. Gongwe Yawe, Modimo wa masomosomo,o tlaa utlwela botlhoko masalela a ga Josefa. 16 Jalohe, se ke se se buiwang ke Modimo Yawe wa masomosomo, Morena, "Batho ba tlaa goeletsa mo ditseleng ba re ijoo! ijoo! Ba tlaa bitsa balemi go tla go hutsafala le bahutsafadi go tla go kua. 17 Go tla nna le selelo se segolo mo ditshimong tsa moretlwa, ka gore ke tla feta fa gare ga lona," go bua Modimo Yawe. 18 Go hutsegile lona ba lo eletsang letsatsi la ga Modimo Yawe! Ke eng le eletsa letsatsi la ga Modimo Yawe thata? Go tlaa bo go le lefifi eseng lesedi, 19 Hela jaaka e re motho a sia a tshaba tau a bo bera e mo kopantsha, fa a itshwarelela ka lebota la ntlo ya gawe a bo a longwa ke noga. 20 A letsatsi la ga Modimo Yawe le tla nna lefifi e seng lesedi? Lefifi eseng lesedi? 21 Ke a ila, gape ke nyatsa meletlo ya lona, ga ke kgatlhegele makopano a lona. 22 Le fa le ka mpha ditlhabelo tsa lona tse di tshubilweng le tsa mabele, ga ke na go di amogela gape ga ke na go amogela ditlhabelo tsa diphologolo tsa lona tse di nonneng. 23 Ntshang modumo wa dipina tsa lona fa go nna; ga kena go reetsa modumo wa diharepa tsa lona. 24 Boemong ja seo, a katlholo e elele jaaka metsi, tshiamo e elele jaaka molapo o o sa kgaleng. 25 Baiseraele, a le kile la nketshetsa ditlhabelo le meneelo mo nageng, dingwaga tse 40? 26 Le tlaa tsholetsa Sikuta jaaka kgosi ya lona le Kaiwana, modingwana wa lona wa naledi, medingwana ya disetwa e le itiretseng. 27 Ke tlaa le kobela kgakala go feta Tamaseko,"go bua Yawe, yo leina la gagwe e leng Modimo wa masomosomo.