Kgaolo 4

1 Reetsang lefoko le, lona dikgomo tsa Bashani, lona ba le mo thabeng ya Samaria, lona ba le gateletseng batlhoki, lona ba le kgalang bahumanegi, le lona ba le rayang banna ba lona lere, "re tleleng dino." 2 Morena Yawe o ikanne ka boitshepo jwa gagwe, "bonang, malatsi a etla a gore ba le tsee ba le kgogeditse, le ba ba setseng ka kgogetsi ya ditlhapi. 3 Le tla tswa ka diphatlha tsa mabota a a ageletseng toropo, mongwe le mongwe wa lona a tswa ka yone, mme le tlaa latlhelwa go lebagana le ko Haramone- se ke mafoko a ga Modimo Yawe. 4 Tsamayang le ye Bethele, le leofe, le ko Gilagala le le oketse go leofa ga lona, le tlise ditlhabelo tsa lona moso mongwe le mongwe, le ditsabosome mo malatsing mangwe le mangwe a mararo. 5 Isang setlhabelo sa malebogo ka borotho; le fe ditebogo tsa dikeletso tsa lona, le di itsise, gonne se se a le itumedisa, lona batho ba Iseraele- se ke mafoko aga Modimo Yawe. 6 Ke le tliseditse tlala e e ntsi mo ditoropong tsa lona le tlhoko borotho mo malwapeng a lona. le fa go le jalo gaise le boele ko go nna-se ke mafoko aga Modimo Yawe. 7 Ke le timile pula fa go ne go setse kgwedi tse tharo go ya thobong. Ke dirile gore pula e ne mo toropong e le nngwe, ka e dira gore e seka yana mo toropong e nngwe. Bontlha bongwe jwa lefatshe bo netswe ke pula, mme bontlha bo bo sa nelwang ke pula jwa phaphalala. 8 Ditoropo tse pedi kana tse tharo di ne di kgobokanela go ya go nwa metsi ko toropong e nngwe, mme tsa se kgotsofale.Lentse Ga le ise le boele kogo nna- se ke mafoko a Modimo Yawe. 9 Kele tlhokofaditse ka malwetsi a dijwalo. Matshwititshwiti a di tshingwana tsa lona, ditshingwana tsa meretlwa, ditlhare tsa fiege, ditlhare tsa olife- tsie e di sentse tsotlhe. Lentse ga le ise le boele ko go nna- se ke mafoko aga Modimo Yawe. 10 Ke tsisitse malwetsi mo go lona Baegepeto. Ke bolaile makawana a lona ka tshaka, ka tsaya le dipitse tsa lona, ka dira gore monko wa phuthego ya lona go tla mo dinkong tsa lona. Lentse ga le ise le boele ko go nna- a ke mafoko a ga Modimo Yawe. 11 Ke latlheletse ditoropo tsa lona, fela jaaka Modimo a ne thankgola Sodomo le Gomora. Le ne le tshwana le legong le le ntshitsweng mo molelong. Lentse ga le ise le boele ko go nna- a ke mafoko a ga Modimo Yawe. 12 Le fa go ntse jalo ke tla dira sengwe se se bosula mo go lona batho ba Iseraele, le ka gore ke tla dira selo se se bosula mo go lona, le ipaakanyetse go bona Modimo wa lona batho ba Iseraele. 13 Jalo bonang!, ene yo o dirang dithaba ke ene a dirang le diphefo, o supegetsa batho dikakanyo tsa gagwe, o fetotse motshegare go nna bosigo, o tsamaya mo mafelong a a kwa godimo a lefatshe. Leina la gagwe ke Yawe, Modimo wa masomosomo,