Kgaolo 1

1 Morago ga loso lwa ga Joshua, batho ba Iseraele ba botsa Modimo Yahweh ba re, ''Ke mang yo o tla re tlhaselelang Bakanana pele, fa re lwa le bone?'' 2 Modimo Yahweh a re, ''Juta o tla tlhasela. Bonang, ke ba neile taolo ya lefatshe le.'' 3 Banna ba Juta ba raya banna ba Simeone, barwarraabone, ''Tlang le rona mo lefatsheng le re le abetsweng gore mmogo re tle le lwe le Bakanana. Mme le rona re tla tsamaya le lona kwa lefatsheng le le le abetsweng.'' Jalo morafe wa Simeone wa tsamaya le bone. 4 Banna ba Juta ba tlhasela, Modimo Yahweh a ba neela phenyo godimo ga Bakanana le Baperesi. Ba bolaya ba le dikete tse lesome kwa Beseke. 5 Ba fitlhela Atoni Beseke kwa Beseke, ba lwa le ene ba fenya Bakanana le Baperesi. 6 Mme Atoni Beseke a sia, ba mo alola ba mo tshwara, mme ba kgaola menwana e metona ya gagwe ya dinao le ya diatla. 7 Atoni Beseke a re, ''Dikgosi di le masome a supa, tse di neng tsa kgaolwa menwana e metona ya dinao le diatla, di ne di sela dijo ka fa tlase ga tafole ya me. Modimo o ntira jaaka ke ne ke dirile.'' Ba mo tsisa kwa Jerusalema mme a swela teng. 8 Banna ba Juta ba lwa le toropokgolo ya Jerusalema mme ba e gapa. Ba ne ba e tlhasela ka bogale jwa tshaka mme ba tshuba toropokgolo ka molelo. 9 Morago ga foo, banna ba Juta ba ya go lwa le Bakanana ba ba neng ba nna kwa lefatsheng la dithaba, mo Nekefe, le mehapha ya dithaba tsa bophirimatsatsi. 10 Juta a tsamaela kwa pele kgatlhanong le Bakanana ba ba neng ba nna kwa Heberone ( leina la Heberone e ne e le Kiriathe Araba ), mme ba fenya Sheshai, Ahimane, le Talamai. 11 Go tloga foo banna ba Juta ba tsamaela pele kgatlhanong le banni ba Tebiri ( leina la Tebiri pele e ne e le Kiriathe Sephere ). 12 Kalebe a re, ''Le fa e le mang yo o tlhaselang Kiriathe Sephere a bo a e gapa, ke tla mo neela Akasa, morwadiake, go nna mosadi wa gagwe.'' 13 Otheniele, morwa Kenase ( monnawe Kalebe ) a gapa Tebiri, jalo Kalebe a mo neela Akasa, morwadie, go nna mosadi wa gagwe. 14 Go ise go ye kae, Akasa a tla kwa go Otheniele a mo rotloetsa go kopa rraagwe go mo fa tshimo. Jaaka a ne a fologa tonki ya gagwe, Kalebe a mmotsa, ''Ke ka go direle eng?'' 15 A mo raya a re, ''Mphe tshegofatso. Jaaka o mphile lefatshe la Nekefe, mphe gape le metswedi ya metsi.'' Jalo Kalebe a mo neela metswedi e e kwa godimo le metswedi e e kwa tlase. 16 Bana ba bana ba mogwegadi wa ga Moshe wa Mokenite ba tswa kwa Toropokgolong ya Dipalema le batho ba Juta, ba tsena kwa nageng ya Juta, e e leng Nekefe, go nna le batho ba Juta gaufi le Arata. 17 Mme banna ba Juta ba tsamaya le banna ba Simeone, barwarraabone, ba ya go tlhasela Bakanana ba ba neng ba nna kwa Sephatha mme ba e senya mo go feletseng. Leina la toropokgolo e ne e le Horoma. 18 Batho ba Juta le bone ba gapa Gasa le lefatshe le le e dikologileng, Ashekelone le lefatshe le le e dikologileng, Ekerone le lefatshe le le e dikologileng. 19 Modimo Yahweh o ne a na le batho ba Juta, mme ba ne ba gapa lefatshe la dithaba, mme ba ne ba sa kgone go koba banni ba leboa gonne ba ne ba na le dikolotsana tsa ntwa tsa tshipi. 20 Heberone o ne a neelwa Kalebe ( jaaka Moshe a ne a buile ), mme a koba mo lefelong leo bana ba ga Anaka ba bararo. 21 Mme batho ba Benjamene ba se ka ba kgona go koba Bajebusi ba ba neng ba nna mo Jerusalema. Jalo Bajebusi ba ntse le batho ba Benjamene mo Jerusalema go fitlhelela gompieno. 22 Ntlo ya ga Josefa ya ipaakanyetsa go tlhasela Bethele, mme Modimo Yahweh o ne a na le bone. 23 Ba roma banna go tsaya Bethele ditlholwa ( toropokgolo e e ne e bidiwa Luse pele ). 24 Batsayaditlholwa ba bona monna a tswa mo toropokgolong, mme ba mo raya ba re, ''Re bontshe, tsweetswee, gore re ka tsena mo toropokgolong jang, re tla nna pelonomi mo go wena.'' 25 A ba bontsha tsela ya go tsena mo toropokgolong. Mme ba tlhasela toropokgolo ka bogale jwa tshaka, mme ba letlelela monna le botlhe ba lelwapa la gagwe go sia. 26 Mme monna a ya kwa lefatsheng la Bahite, mme a aga toropokgolo a e bitsa leina a re ke Luse, leina le e bidiwang ka lone go fitlha gompieno. 27 Batho ba Manase ba se ka ba koba batho ba ba neng ba nna mo ditoropokgolong tsa Bethe Shane le metse ya yone, kgotsa Taanaka le metse ya yone, kgotsa ba ba neng ba nna mo Toro le metse ya yone, kgotsa ba ba neng ba nna mo Ibeliame le metse ya yone, kgotsa ba ba neng ba nna mo Mekito le metse ya yone, gonne Bakanana ba ne ba ikaeletse go nna mo lefatsheng leo. 28 Fa Iseraele e nonofa, ba patika Bakanana go ba direla ka go dira mo go makgwakgwa, mme ga ba a ka ba ba koba gotlhelele. 29 Efireme ga a ka a koba Bakakanana ba ba neng ba nna mo Gesa, ka jalo Bakanana ba ile b tswelela ba nna mo Gesa mogareng ga bone. 30 Sebulane ga a a ka a koba batho ba ba neng ba nna mo Kitirone, kgotsa batho ba ba neng ba nna mo Nahalola, mme Bakanana ba tswelela ba nna gare ga bone, mme Sebulane a patika Bakanana go ba direla ka go dira mo go makgwakgwa. 31 Ashere ga a a ka a koba batho ba ba neng ba nna mo Ako, kgotsa batho ba ba neng ba nna mo Sitone, kgotsa ba ba neng ba nna mo Ahalaba, Akasibe, Heleba, Afiki, kgotsa Rehoba. 32 Jalo morafe wa Ashere o ne o nna fa gare ga Bakanana ( ba ba neng ba nna mo lefatsheng ), gonne ga ba a ka ba ba koba. 33 Morafe wa Nafetali ga ba a ka ba koba batho ba ba neng ba nna mo Bethe Shemeshe, kgotsa ba ba neng ba nna mo Bethe Anathe. Jalo morafe wa Nafetali o ne o nna fa gare ga Bakanana ( batho ba ba neng ba nna mo lefatsheng leo ). Le fa go ntse jalo, banni ba Bethe Shemeshe, le Bethe Anathe ba ne ba patikiwa go dira mo go makgwakgwa ke Nafetali. 34 Baamori ba patika morafe wa Tene go nna kwa lefatsheng la dithaba, ba sa ba letlelele go tla kwa tlase kwa leboeng. 35 Jalo Baamori ba ne ba nna kwa thabeng ya Herese, mo Aijalone, le mo Shaalebime, mme maatla a sesole a ntlo ya ga Josefa a ba fenya, mme ba ba patika go ba direla ka go dira mo go makgwakgwa. 36 Molelwane wa Baamori o ne o tswa kwa thabeng ya Akarabime kwa Sela go ya mo lefatsheng la dithaba.