Kgaolo 1

1 Le ke lefoko la Modimo le le tsileng kwa go Hosea morwa Beeri mo matsatsing a ga Usia, Jothame, Ahase, le mo matsatsing a ga Jeroboame morwa Joashe, kgosi ya Iseraele. 2 Fa Modimo a bua la ntlha ka Hosea, o ne a mo raya a re, ''Tsamaya, itseele mosadi yo e leng mogweba-ka-mmele. O tla nna le bana ba ba tla nnang maduo a bogweba-ka-mmele jwa gagwe. Gonne lefatshe le dira bogweba-ka-mmele jo bogolo ka go tlogela Modimo.'' 3 Jalo Hosia a tsamaya a nyala Gomere morwadia Dibolaime, a ima a bo a mo tsholela morwa. 4 Modimo a raya Hosia a re, ''Mmitse leina o re Jeserile. Gonne ka nako e e gaufi ke tla otlhaya ntlo ya ga Jehu ka lebaka la tshololo madi ya kwa Jeserile, e bile ke tla tsisa bokhutlo mo bogosing jwa ntlo ya Iseraele. 5 Go tla diragala ka letsatsi le ke robang bora jwa Iseraele mo mokgatsheng wa Jeserile.'' 6 Gomere a ima gape mme a tshola mosetsana. Modimo a raya Hosia a re, ''Mmitse o re Lo Ruhama, gonne ga ke tlhole ke tla tlhomogela pelo ntlo ya Iseraele, gore ke ba itshwarele ka gope. 7 Mme ke tla tlhomogela pelo ntlo ya Juta, gape ke tla ba boloka nna ka sebele, Modimo wa bone. Ga ke na go ba boloka ka bora, tshaka, ntwa, dipitse, kgotsa bapalami ba dipitse.'' 8 Jaanong morago ga Gomere a se na go kgwisa Lo Ruhama, o ne a ima a bo a tshola mosimane yo mongwe. 9 Foo Modimo Yahweh a re, ''Mmitse Lo Ammi, gonne ga le batho ba me, le nna ga ke Modimo wa lona. 10 Le fa go le jalo palo ya batho ba Iseraele e tla nna jaaka motlhaba wa letshitshi la lewatle, o o ka sekeng wa kalwa kgotsa wa balwa. Go tla direga gore kwa ba neng ba tewa teng go twe, 'Ga le batho ba me,' ba tla tewa go twe, 'Le batho ba Modimo yo o tshelang.' 11 Batho ba Juta le batho ba Iseraele ba tla kgobokanngwa mmogo. Ba tla itlhomela moeteledipele a le mongwe, mme ba tla tswa mo lefatsheng, gonne letsatsi la Jeserile le tla nna legolo.