Kgaolo 1

1 Morago ga loso lwa ga Saulo, Tafita a boa go tswa kwa go tlhaseleng Baamaleka mme a nna mo Sikilaga matsatsi a le mabedi. 2 Mo letsatsing la boraro, monna a tla a tswa kwa kampeng ya ga Saulo a gagotse diaparo tsa gagwe ebile a beile leswe mo tlhogong ya gagwe. Fa a fitlha fa go Tafita a rapama ka sefatlhego se le fa fatshe mme a ribama. 3 Tafita a mo raya a re, ''O tswa kae?'' A araba, ''Ke tshabile go tswa kwa kampeng ya Iseraele.'' 4 Tafita a mo raya a re, ''Tsweetswee mpolelele gore dilo di tsamaile jang.'' A araba, ''Batho ba ne ba tshaba ba tswa mo ntweng. Bontsi bo ole gape bontsi bo sule. Saulo le morwawe Jonathane le bone ba sule.'' 5 Tafita a raya lekau a re, ''O itse jang gore Saulo le morwawe Jonathane ba sule?'' 6 Lekau la fetola, ''Ke iphitlhetse ke le mo thabeng ya Gileboa ke sa akanya, mme Saulo o ne a le foo a itshegeditse ka segai sa gagwe, mme dikolotsana tsa ntwa le bapalami dine di le gaufi la go mo tshwara. 7 Saulo a retologa a mpona mme a mpitsa. Ka araba, 'Ke fano.' 8 A nthaya a re, 'Omang?' Ka mo araba, 'Ke Moamaleka.' 9 A nthaya a re, 'Tsweetswee ema fa godimo ga me o mpolae, gonne ke sotlegile go le go golo, mme ke santse ke tshela.' 10 Jalo ke ne ka ema fa godimo ga gagwe ka mmolaya, gonne ke ne ke itse gore ga a ka ke a tshela fa a sena go wa. Mme ke ne ka tsaya serwalo sa bogosi se se neng se le mo tlhogong ya gagwe le panta e e neng e le mo letsogong la gagwe, mme ke di tsisitse kwano kwa go wena, mong wa me.'' 11 Foo Tafita a gagola diaparo tsa gagwe, mme banna botlhe ba ba neng ba na le ene ba dira jaaka ene. 12 Ba hutsafala, ba lela, ba ikitsa dijo go fitlha maitseboa ka ntata ya ga Saulo, morwawe Jonathane, batho ba Modimo Yahweh, le ntlo ya Iseraele gonne ba bolailwe ka tshaka. 13 Tafita a raya lekau a re, ''O tswa kae?'' A araba, ''Ke morwa wa motswakwa mo lefatsheng, Moamaleka.'' 14 Tafita a mo raya a re, ''Ke eng o ne o sa boife go bolaya kgosi e e tloditsweng ya Modimo Yahweh ka seatla sa gago?'' 15 Tafita a bitsa mongwe wa makau mme a re, ''Tsamaya o mmolae.'' Jalo monna a tsamaya a mo iteela fa fatshe, mme Moamaleka a swa. 16 Foo Tafita a raya Moamaleka yo o suleng a re, ''Madi a gago a mo tlhogong ya gago gonne molomo wa gago o supile kgatlhanong le wena fa o re, 'Ke bolaile kgosi e e tloditsweng ya Modimo Yahweh.''' 17 Foo Tafita a opela sefela se sa phitlho ka Saulo le morwawe Jonathane. 18 O ne a laola batho go ruta barwa ba Juta Sefela Sa Bora, se se neng sa kwalwa mo Bukeng Ya Ga Jashare. 19 ''Kgalalelo ya gago, Iseraele, e sule, e bolaetswe mo mafelong a gago a a kwa godimo! Ka fa ba ba dinatla ba oleng ka teng! 20 Le se ka la e bolela kwa Gathe, le se ka la e bua mo mebileng ya Ashekelone, gore barwadia Bafilisitia ba tle ba se ka ba itumela, gore barwadia batho ba ba sa rupang ba se ka ba ipela. 21 Dithaba tsa Giliboa, a go se nne monyo kgotsa pula mo go wena, le fa e le masimo a a ntshang mabele a meneelo, gonne foo thebe ya dinatla e ne ya leswefadiwa. Thebe ya ga Saulo ga e tlhole e tloditswe ka leokwane. 22 Go tswa mo mading a ba ba bolailweng, go tswa mebeleng ya dinatla, bora jwa ga Jonathane ga bo a ka jwa boa, le tshaka ya ga Saulo ga e a ka ya boa e sena sepe. 23 Saulo le Jonathane ba ne ba ratiwa ebile ba le monate mo botshelong, mme mo losong lwa bone ba ne ba sa kgaoganngwa. Ba ne ba le bonako go feta dintsu, ba le maatla go feta ditau. 24 Lona barwadia Iseraele, lelelang Saulo, yo o le apesitseng bohibidu ga mmogo le mekgabo ya tshitswana, yo gape a beileng mekgabiso ya gauta mo diaparong tsa lona. 25 Ka fa dinatla di oleng ka teng mo gare ga ntwa! Jonathane o bolaetswe mo mafelong a lona a a kwa godimo. 26 Ke mo patikesegong ka wena, morwarre Jonathane. Ke ne ke go rata thata. Lerato la gago mo go nna le ne le gakgamatsa, le feta lerato la basadi. 27 Ka fa dinatla di oleng ka teng, mme dibetsa tsa ntwa tsa senyega!''