Kgaolo 31

1 Jaanong Bafilisitia ba lwa le Iseraele. Banna ba Iseraele ba tshaba fa pele ga Bafilisitia mme ba wa ba swela mo thabeng ya Gileboa. 2 Bafilisitia ba alola Saulo le barwae ka thata. Bafilisitia ba bolaya Jonathane, Abinatabe le Malekhishua, barwae. 3 Ntwa ya tla ka bokete kgatlhanong le Saulo, mme bahudi ba metswi ba mo mo heta. O ne a le mo botlhokong jo bogolo ka ntata ya bone. 4 Foo Saulo a raya motsholathebe wa gagwe a re, ''Ntsha tshaka ya gago mme o mphololetse ka yone. E seng jalo ba ba sa rupang ba, ba ka tla ba mpogisa.'' Mme motsholathebe wa gagwe a se ka a dira jalo, gonne o ne a tshogile thata. Jalo Saulo a tsaya tshaka e e leng ya gagwe mme a wela mo godimo ga yone. 5 Fa motsholathebe wa gagwe a bona gore Saulo o sule, le ene a wela mo godimo ga tshaka ya gagwe mme a swa le ene. 6 Jalo Saulo a swa, le barwae ba bararo, le motsholathebe - banna ba ba a swa botlhe mmogo letsatsi le lengwe leo. 7 Fa banna ba Iseraele ba ba neng ba le kwa ntlheng e nngwe ya mokgatsha, le ba ba neng ba le kwa moseja wa Jorotane, ba bona gore banna ba Iseraele ba tshabile, le gore Saulo le barwae ba sule, ba tlogela ditoropokgolo tsa bone mme ba tshaba, mme Bafilisitia ba tla ba nna mo go tsone. 8 Ga diragala mo letsatsing le le latelang, fa Bafilisitia ba tla go apola baswi, ba fitlhela Saulo le barwae ba bararo ba ole mo thabeng ya Gileboa. 9 Ba kgaola tlhogo ya gagwe mme ba mo apola ditlhabani tsa gagwe, mme ba romela barongwe mo lefatsheng la Bafilisitia le go ralala go isa dikgang kwa ditempeleng tsa medimo ya bone le kwa bathong. 10 Ba baya ditlhabani tsa gagwe mo tempeleng ya Ashetorethe, mme ba bofelela mmele wa gagwe mo leboteng la toropokgolo ya Bethe Shane. 11 Fa banni ba Jabeshe Gileate ba utlwalela ka se Bafilisitia ba se dirileng Saulo, 12 banna botlhe ba batlhabani ba emelela, mme ba tsamaya bosigo jotlhe mme ba tsaya mmele wa ga Saulo le mebele ya barwae mo leboteng la Bethe Shane. Ba ya kwa Jabeshe mme ba e tshubela koo. 13 Foo ba tsaya marapo a bone mme ba a boloka fa tlase ga setlhare sa motamarisike kwa Jabeshe, mme ba ikitsa dijo malatsi a supa.