Kgaolo 30

1 Ga diragala, fa Tafita le banna ba gagwe ba sena go goroga mo Sikilage mo letsatsing la boraro, ba fitlhela Baamaleka ba dirile tlhaselo mo Negefe le mo Sikilage. Ba ne ba tlhasela Sikilage, ba e tshuba, 2 mme ba gapa basadi le mongwe le mongwe yo o neng a le mo go yone, ba bannye le ba bagolo. Ba se ka ba bolaya ope, mme ba ba tsaya ba tsamaya ka bone jaaka ba tsamaya ditsela tsa bone. 3 Fa Tafita le banna ba gagwe ba goroga mo toropokgolong, e ne e tshubilwe, mme basadi ba bone, barwa ba bone, le barwadia bone ba ne ba gapilwe. 4 Foo Tafita le batho ba ba neng ba na le ene ba tsholetsa mantswe a bone ba lela go fitlhelela ba felelwa ke maatla a go lela. 5 Basadi ba babedi ba ga Tafita ba ne ba gapilwe, Ahinoame wa Mojeserile, le Abigaile mosadi wa ga Nabale wa Mokaramele. 6 Tafita o ne a pitlaganye mo go golo, gonne batho ba ne ba bua ka go mo kgobotletsa ka matlapa, ka gore batho botlhe ba ne ba tlhokofetse mo moweng, monna mongwe le mongwe ka ntata ya barwawe le barwadie; mme Tafita a ithatafatsa mo go Modimo Yahaweh, Modimo wa gagwe. 7 Tafita a raya Abiathara morwa Ahimeleke, wa moperesiti, a re, ''Ke a go kopa, ntsisetsa sekhutlana kwano.'' Abiathara a tsisa sekhutlana kwa go Tafita. 8 Tafita a rapela Modimo Yahweh go kopa kaelo, a re, ''Fa ke ka alola setlhopha se, a ke tla kgona go ba tshwara?'' Modimo Yahweh a mo araba, ''Ba alole, ammaaruri o tla ba tshwara, mme o tla busetsa diatleng tsa gago dilo tsotlhe.'' 9 Jalo Tafita a tsamaya, ene le banna ba ba makgolo a marataro ba ba neng ba na le ene; ba tla kwa motsweding wa Besoro, fa ba ba tlogetsweng ba neng ba nna teng. 10 Mme Tafita a tswelela go alola, ene le banna ba ba makgolo a mane; gonne ba ba makgolo a mabedi ba ne ba setse kwa morago, ba ba neng ba le bokoa mo ba neng ba palelwa ke go kgabaganya motswedi wa Besoro. 11 Ba fitlhela Moegepeto mo nageng mme ba mo tsisa kwa go Tafita; ba mo neela borotho, a ja; ba mo neela metsi a nwa; 12 mme ba mo neela leketlo la kuku ya mofeige le diako tse pedi tsa moretlwa wa sekgoa o o omisitsweng. Fa a sena go ja, a tlelwa ke maatla gape, gonne o ne a sa ja borotho le fa e le go nwa metsi mo matsatsing a mararo le masigo a mararo. 13 Tafita a mo raya a re, ''O wa ga mang? O tswa kae?'' A re, ''Ke monnana wa Egepeto, ke motlhanka wa Moamaleka; mong wa me o ntlogetse ka gore ke ne ka lwala matsatsi a mararo a a fetileng. 14 Re dirile tlhaselo mo Negefe wa Bachereti, le se e leng sa Juta, le Negefe wa ga Kalebe, mme ra tshuba Sikilage.'' 15 Tafita a mo raya a re, ''A o tla nkisa kwa setlhopheng se se tlhaselang se?'' Moegepeto a re, ''Ikane ka Modimo gore ga o ke o mpolaya kgotsa o nneela mo diatleng tsa mong wa me, mme ke tla go isa kwa setlhopheng se se tlhaselang se.'' 16 Fa Moegepeto a sena go isa Tafita, batlhasedi ba ne ba aname le lefatshe lotlhe, ba ja, ba nwa, ba bina ka ntata ya digapiwa tsotlhe tse ba di tsereng mo lefatsheng la Bafilisitia le mo lefatsheng la Juta. 17 Tafita o ne a ba tlhasela go tswa lefitshwaneng la maitseboa go fitlha maitseboa a letsatsi le le latelang. Ga gona monna yo o neng a falola fa e se bannana ba ba makgolo a mane ba ba neng ba palama dikamela mme ba tshaba. 18 Tafita o ne a busetsa mo diatleng tsa gagwe dilo tsotlhe tse di neng di gapilwe ke Baamaleka; mme Tafita a namola basadi ba gagwe ba babedi. 19 Go ne go sena se se latlhegileng, se sennye kgotsa se segolo, le fa e le barwa le barwadi, le fa e le digapiwa kgotsa sepe mo go tse batlhasedi ba di itseetseng. Tafita a boa ka sengwe le sengwe. 20 Tafita a tsaya matsomane le matlhape, a banna ba neng ba a gatelela fa pele ga dikgomo tse dingwe. Ba re, ''Tse ke digapiwa tsa ga Tafita.'' 21 Tafita a tla kwa banneng ba ba makgolo a mabedi ba ba neng ba le bokoa thata go ka mo sala morago, bone ba ba bangwe ba neng ba dira gore ba nne kwa motsweding wa Besoro. Banna ba ba ne ba gatela kwa pele go kopantsha Tafita le batho ba ba neng ba na le ene. Fa Tafita a goroga fa bathong ba, o ne a ba dumedisa. 22 Foo banna botlhe ba ba boikepo le ba ba nyatsegang mo gare ga ba ba neng ba tsamaile le Tafita ba re, ''Ka gore banna ba ba ne ba sa tsamaya le rona, ga re na go ba neela sepe sa digapiwa tse re di buseditseng mo diatleng tsa rona. Ntleng le gore monna mongwe le mongwe a tsee mosadi wa gagwe le bana ba gagwe, a ba etelele pele, mme a tsamae.'' 23 Foo Tafita a re, ''Le se ka la dira jaana, barwarre, ka se Modimo Yahweh a se re neetseng. O re somaretse a bo a neela mo seatleng sa rona batlhasedi ba ba neng ba tsile kgatlhanong le rona. 24 Ke mang yo o tla le reetsang mo kgang e? Gonne serwe se se neelwang yo o yang kwa ntweng, se tla lekana le sa yo o salang le dithoto; ba tla tsaya mo go lekanang.'' 25 Go ne ga nna jalo go tloga ka letsatsi leo go fitlha letsatsi le, gonne Tafita o ne a go dira molawana le taolo mo Iseraele. 26 Fa Tafita a fitlha kwa Sikilage, a romela dingwe tsa digapiwa kwa bagolwaneng ba Juta, le kwa ditsaleng tsa gagwe, a re, ''Bonang, mpho ya lona ke e go tswa mo digapiweng tsa baba ba Modimo Yahweh.'' 27 Gape o ne a romela dingwe kwa bagolwaneng ba ba neng ba le kwa Bethuele, le kwa go ba ba neng ba le kwa Ramothe wa Borwa, le kwa go ba ba neng ba le kwa Jathiri, 28 le ba ba neng ba le kwa Aroere, le kwa go ba ba neng ba le kwa Sifimothe, le kwa go ba ba neng ba le kwa Eshetemoa. 29 Gape o ne a romela dingwe kwa bagolwaneng ba ba neng ba le kwa Rakhale, le kwa go ba ba neng ba le mo ditoropokgolong tsa Bajerameli, le kwa go ba ba neng ba le mo ditoropokgolong tsa Bakeni, 30 le kwa go ba ba neng ba le kwa Horoma, le kwa go ba ba neng ba le kwa Borashane, le kwa go ba ba neng ba le kwa Athakhe, 31 le kwa go ba ba neng ba le kwa Heberone, le kwa mafelong otlhe a Tafita ka sebele le banna ba gagwe ba neng ba tlwaetse go ya teng.