Kgaolo 26

1 Basifi ba tla kwa go Saulo kwa Gibea mme ba re, ''A Tafita ga a iphitlha mo thabeng ya Hakhila, e e gaufi le Jeshimone?'' 2 Foo Saulo a nanoga mme a ya kwa sekgweng sa Sifi, a na le banna ba ba tlhophilweng ba Iseraele ba le dikete tse tharo, go batla Tafita mo sekgweng sa Sifi. 3 Saulo a kampa mo thabeng ya Hakhila, e e fa pele ga Jeshimone, fa thoko ga tsela. Mme Tafita o ne a nna mo sekgweng, mme o ne a bona gore Saulo o tla a mo setse morago mo sekgweng. 4 Jalo Tafita a romela batsayaditlholwa, mme a itse gore ke boammaaruri gore Saulo o tsile. 5 Tafita a ema ka dinao mme a ya kwa lefelong le Saulo a kampileng mo go lone; a bona fa Saulo a robetseng teng, le Abonere morwa Nere, molaodi wa sesole sa gagwe; Saulo o ne a robetse mo kampeng, mme batho ba ne ba kampile go mo dikologa, mme ba robetse botlhe. 6 Foo Tafita a raya Ahimeleke wa Mohiti, le Abishai morwa Seruia, morwarraa Joabe, a re, ''Ke mang yo o tla tsamayang le nna kwa go Saulo kwa kampeng? Abishai a re, ''Ke nna! Ke tla fologela le wena kwa tlase.'' 7 Jalo Tafita le Abishai ba ya kwa sesoleng mo nakong ya bosigo. Foo ga bo go le Saulo a robetse mo teng ga kampa, segai sa gagwe se tlhometswe fa fatshe go bapa le tlhogo ya gagwe. Abonere le masole a gagwe ba robetse go mo dikologa. 8 Foo Abishai a raya Tafita a re, ''Letsatsi leno Modimo o tsentse mmaba wa gago mo seatleng sa gago. Jaanong, tsweetswee ntetlelele go mo tlhabela fa fatshe ka segai ka go mo tlhaba gangwe fela. Ga ke na go mo tlhaba la bobedi.'' 9 Tafita a raya Abishai a re, ''O se ka wa mo senya; gonne ke mang yo o ka otlololelang motlodiwa wa Modimo Yahweh seatla mme a se ka a bonwa molato?'' 10 Tafita a re, ''Jaaka Modimo Yahaweh a tshela, Modimo Yahweh o tla mmolaya, kgotsa letsatsi la gagwe le tla tla gore a swe, kgotsa o tla tsena mo ntweng a bo a swa. 11 A Modimo Yahweh a itse gore ke otlololele motlodiwa wa gagwe seatla; mme jaanong, ke a go kopa, tsaya segai se se fa tlhogong ya gagwe le senwelo sa metsi, mme re tsamae.'' 12 Jalo Tafita a tsaya segai le senwelo sa metsi fa tlhogong ya ga Saulo, mme ba tshaba. Ga go na ope yo o ba bonyeng kgotsa yo o utlwileng ka se, le fa e le ope yo o neng a tsoga, gonne ba ne ba robetse botlhe, ka gore boroko jo bo boteng jo bo tswang kwa go Modimo Yahweh bo ne bo ba wetse. 13 Foo Tafita a ya ntlheng e nngwe mme a ema fa godimo ga thaba kgakala; go ne go na le sekgala se segolo gareng ga bone. 14 Tafita a goelela batho le Abonere morwa Nere; a re, ''A ga o arabe, Abonere?'' Foo Abonere a araba mme a re, ''O mang wena o goelelang kgosi?'' 15 Tafita a raya Abonere a re, ''A ga o monna yo o pelokgale? Ke mang yo o tshwanang le wena mo Iseraele? Ke eng o sa disa mong wa gago kgosi? Gonne mongwe o ne a tsile go bolaya mong wa gago kgosi. 16 Selo se o se dirileng se ga se molemo. Jaaka Modimo Yahweh a tshela, o tshwanetse go swa ka gore ga o a disa mong wa gago, motlodiwa wa Modimo Yahweh. Mme jaanong bona gore segai sa kgosi se kae, le senwelo sa metsi se se neng se le fa tlhogong ya gagwe.'' 17 Saulo a lemoga lentswe la ga Tafita, mme a re, ''A ke lentswe la gago le , Tafita, morwaaka?'' Tafita a re, ''Ke lentswe la me, mong wa me, kgosi.'' 18 A re, ''Ke eng mong wa me a alotse motlhanka wa gagwe? Ke dirile eng? Ke bosula bofe jo bo mo seatleng sa me? 19 Jaanong, ke a go kopa, a mong wa me a reetse mafoko a motlhanka wa gagwe. Fa e le gore ke Modimo Yahweh yo o go fuduileng kgatlhanong le nna, a a amogele moneelo; mme fa e le batho, a ba hutsege mo ponong ya Modimo Yahweh, gonne letsatsi leno ba nkobetse kwa ntle, gore ke se ka ka kgomarela boswa jwa Modimo Yahweh; ba ntheile ba re, 'Tsamaya o ye go obamela medimo e mengwe.' 20 Jaanong le fa go ntse jalo, o se ka wa letlelela madi a me a wela fa fatshe kgakala le bolengteng jwa Modimo Yahweh; gonne kgosi ya Iseraele o tsile go batla letsetse le le lengwe jaaka mongwe a tsoma lesogo mo dithabeng.'' 21 Foo Saulo a re, ''Ke leofile. Boa, Tafita, morwaaka; gonne ga ke na go go utlwisa botlhoko gape, ka gore botshelo jwa me bo ne jwa nna tlhwatlhwa mo matlhong a gago letsatsi leno. Bona, ke itirile seeleele mme ka dira phoso e e maswe thata.'' 22 Tafita a araba mme a re, ''Bona, segai sa gago se kwano, kgosi! Letlelela mongwe wa bannana a tle kwano a se tsee a se go tsisetse. 23 A Modimo Yahweh a duelele monna mongwe le mongwe tshiamo ya gagwe le boikanyego jwa gagwe; gonne Modimo Yahweh o ne a go tsenya mo seatleng sa me letsatsi leno, mme ke ne ka se ka ka tlhaba motlodiwa wa gagwe. 24 Mme bona, jaaka botshelo jwa gago bo ne jwa nna tlhwatlhwa mo matlhong a me letsatsi leno, a botshelo jwa me bo nne tlhwatlhwa thata mo matlhong a Modimo Yahweh, gape a a nnamole mo mathateng otlhe.'' 25 Foo Saulo a raya Tafita, ''O segofale, Tafita morwaaka, gore o tle o dire dilo tse di kgolo, le gore ammaaruri o tle o atlege.'' Jalo Tafita a tsamaya, mme Saulo a boela kwa ga gagwe.