Kgaolo 25

1 Jaanong Samuele a swa. Iseraele yotlhe ya kgobokana go mo hutsafalela, mme ba mmoloka mo ntlong ya gagwe kwa Rama. Foo Tafita a emelela a tsamaya a fologela kwa tlase kwa sekgweng sa Parana. 2 Go ne go na le monna kwa Maong yo dithoto tsa gagwe di neng di le kwa Karamele. Monna yo o ne a humile thata. O ne a na le dinku di le dikete tse tharo le dipodi di le sekete. O ne a beola dinku tsa gagwe kwa Karamele. 3 Leina la monna yo e ne e le Nabale, mme mosadi wa gagwe e ne e le Abigaile. Mosadi yo o ne a le botlhale e bile a le montle mo tebegong. Mme monna ene o ne a le setlhogo e bile a le bosula mo go dirisanyeng le ba bangwe. O ne a le ngwana wa ntlo ya ga Kalebe. 4 Tafita a utlwa a le kwa sekgweng gore Nabale o beola dinku tsa gagwe. 5 Jalo Tafita a romela bannana ba le lesome. Tafita a raya bannana a re, ''Tlhatlogelang kwa Karamele, yang kwa go Nabale, mme le mo dumedise mo leineng la me. 6 Le tla mo raya le re, 'Tshelela mo katlegong. Kagiso go wena, kagiso go ba ntlo ya gago, gape kagiso go tsotlhe tse o nang le tsone. 7 Ke utlwa gore o na le babeodi. Badisa ba gago ba ne ba na le rona, mme ga re a ba utlwisa botlhoko, mme ga ba a latlhegelwa ke sepe nako yotlhe fa ba le kwa Karamele. 8 Botsa bannana ba gago, mme ba tla go bolelela. Jaanong letlelela bannana ba me go bona botsalano mo matlhong a gago, gonne re tsile mo letsatsing la mokete. Tsweetswee neela batlhanka ba gago, le morwao Tafita, sepe se o nang le sone mo seatleng.''' 9 Fa bannana ba ga Tafita ba goroga, ba raya Nabale gotlhe mo mo boemong jwa ga Tafita mme ba leta. 10 Nabale a araba batlhanka ba ga Tafita, ''Tafita ke mang? Morwa Jese ke mang? Mo matsatsing a go na le batlhanka ba le bantsi ba ba tlogelang beng ba bone. 11 A ke tseye borotho jwa me, le metsi a me, le nama ya me e ke e tlhabetseng babeodi ba me, ke bo ke e neela banna ba ba tswang kwa ke sa go itseng?'' 12 Jalo bannana ba ga Tafita ba retologa mme ba boela morago, ba feta ba mmolelela tsotlhe tse di builweng. 13 Tafita a raya banna ba gagwe a re, ''A monna mongwe le mongwe a tseye tshaka ya gagwe.'' Mme monna mongwe le mongwe a tsaya tshaka ya gagwe. Tafita le ene a tsaya tshaka ya gagwe. Banna ba ka nna makgolo a mane ba sala Tafita morago, fa ba ba makgolo a mabedi ba ne ba sala le dilwana. 14 Mme mongwe wa bannana a bolelela Abigaile, mosadi wa ga Nabale; o ne a re, ''Tafita o rometse barongwa go tswa kwa sekgweng go tla go dumedisa mong wa rona, mme o ne a ba roga. 15 Mme banna ba ba ne ba le molemo mo go rona. Ga re a ka ra utlwisiwa botlhoko gape ga re a ka ra latlhegelwa ke sepe fa re ntse re na le bone re le kwa nageng. 16 Ba ne ba le lebota mo go rona motshegare le bosigo, nako yotlhe fa re na le bone re tlhokometse dinku. 17 Jalo he, itse se o bo o akanye gore o tla dira eng, gonne bosula bo rulaganyediwa mong wa me, e bile bo rulaganyediwa ntlo ya gagwe yotlhe. Ke setlhobogwa sa motho yo go senang motho yo o ka lebisanyang mabaka le ene.'' 18 Foo Abigaile a itlhaganela a tsaya marotho a le makgolo a mabedi, le mabotlolo a mabedi a mofine, le dinku tse tlhano tse di neng di setse di baakantswe, le dilekanyo tsa mabele a a besitsweng di le tlhano, diako tse di lekgolo tsa maretlwa wa sekgoa o o omisitsweng, le dikuku tsa mofeige di le makgolo a mabedi, a di belesa ditonki. 19 A raya bannana ba gagwe a re, ''Tsamayang kwa pele ga me, mme ke tla tla kwa morago ga lona.'' Mme a se ka a bolelela monna wa gagwe Nabale. 20 Jaaka a ne a tla a palame tonki ya gagwe, a tikeditswe ke thaba, Tafita le banna ba gagwe ba fologela go ya ntlheng ya gagwe, mme a kopana le bone. 21 Jaanong Tafita o ne a buile a re, ''E le ruri go nnile lefela go bo ke disitse tsotlhe tse monna yo a nang le tsone kwa sekgweng, mo go se kileng ga latlhega sepe sa tsotlhe tse e leng tsa gagwe, mme ke yo o ntuela bomolemo ka bosula. 22 A Modimo a ntire jalo, nna Tafita, mme a ntire go le gontsi gape, fa e ka re mo mosong ka tlogela le fa e le a le mongwe wa banna mo gare ga ba e leng ba gagwe.'' 23 Fa Abigaile a bona Tafita, a itlhaganela a fologa tonki ya gagwe mme a ribama fa pele ga ga Tafita ka sefatlhego se lebile fa fatshe mme a ikobela kwa tlase. 24 A ribama fa dinaong tsa gagwe mme a re, ''Molato a o nne mo go nna ke le nosi mong wa me. Tsweetswee letla motlhanka wa gago go bua le wena, mme o reetse mafoko a motlhanka wa gago. 25 A mong wa me a se ka a isa setlhobogwa se gotweng Nabale kwa tlhogong, gonne o ntse fela jaaka leina la gagwe le bua. Leina la gagwe ke Nabale, mme boeleele bo mo go ene. Mme nna motlhanka wa gago ga ke a bona bannana ba mong wa me o neng o ba rometse. 26 Jaanong, mong wa me, jaaka Modimo Yahweh a tshela, le jaaka o tshela, ka gore Modimo Yahweh o go iditse go tsholola madi, le gone go ipusolosetsa ka seatla sa gago, jaanong a baba ba gago, le botlhe ba ba batlang go direla mong wa me bosula, ba nne jaaka Nabale. 27 Mme jaanong, mpho e motlhanka wa gago a e tsisitseng kwa go mong wa me - a e neelwe bannana ba ba salang mong wa me morago. 28 Tsweetswee itshwarele phoso ya motlhanka wa gago, gonne Modimo Yahweh e le ruri o tla direla mong wa me ntlo e e tlhomameng, gonne mong wa me o lwa dintwa tsa Modimo Yahweh; mme bosula ga bo kitla bo bonwa mo go wena fa o santse o tshela. 29 Le fa batho ba tsogologa go go alola go tsaya botshelo jwa gago, mme botshelo jwa mong wa me bo tla balelwa mo go ba ba tshelang ke Modimo Yahweh, Modimo wa gago; mme o tla kolopela kgakala matshelo a baba ba gago, jaaka ekete a kolopiwa go tswa mo seragantswaneng. 30 Mme go tla diragala, fa Modimo Yahweh a sena go direla mong wa me dilo tse di molemo tse a di go solofeditseng, le fa a sena go go dira moeteledipele wa Iseraele, 31 kgang e e tla se ka e nna bohutsana mo go wena, kgotsa molato mo pelong ya mong wa me, gonne ga o a tsholola madi go sena lebaka, mme e bile ga o a ipusolosetsa. Mme fa Modimo Yahweh a sena go tsisetsa mong wa me katlego, o gakologelwe motlhanka wa gago.'' 32 Tafita a raya Abigaile a re, ''A Modimo Yahweh, Modimo wa Iseraele, a segofadiwe, ene yo o go rometseng gore o kopane le nna gompieno. 33 Mme botlhale jwa gago bo segofaditswe, le wena o segofaditswe, gonne o nthibetse go tsholola madi letsatsi leno, le go ipusolosetsa ka seatla se e leng sa me. 34 Gonne ka boammaaruri, jaaka Modimo Yahweh, Modimo wa Iseraele, a tshela, ene yo o nthibetseng go go utlwisa botlhoko, fa o ne o sa itlhaganela go nkopantsha, ammaaruri Nabale o ne a tla se ka a salelwe ke lesea la mosimane mo mosong.'' 35 Jalo Tafita a amogela go tswa mo seatleng sa gagwe se a se mo tsiseditseng; a mo raya a re, ''Ya kwa ntlong ya gago ka kagiso; bona, ke reeditse lentswe la gago gape ke go amogetse.'' 36 Abigaile a boela kwa go Nabale; bonang, o ne a dirile mokete mo ntlong ya gagwe, jaaka mokete wa kgosi; mme pelo ya ga Nabale e ne e itumetse, gonne o ne a tagilwe thata. Jalo a se ka a mmolelela sepe go fitlhelela mo mosong. 37 Go ne ga diragala mo mosong, fa mofine o dule mo go Nabale, gore mosadi wa gagwe a mmolele dilo tse; pelo ya gagwe ya swela mo go ene, mme a nna jaaka letlapa. 38 Ga diragala morago ga matsatsi a le lesome gore Modimo Yahweh a tlhasele Nabale gore a swe. 39 Mme e rile Tafita a utlwa gore Nabale o sule, a re, ''A Modimo Yahweh a segofadiwe, yo o tlositseng kgobo e ke e tsiseditsweng ke Nabale, mme a thibela motlhanka wa gagwe go dira bosula. Mme o buseditse bosula jwa ditiro tsa ga Nabale mo tlhogong ya gagwe.'' Foo Tafita a roma mongwe mme a bua le Abigaile, go mo itseela go nna mosadi wa gagwe. 40 Fa batlhanka ba ga Tafita ba sena go tla kwa go Abigaile kwa Karamele, ba bua le ene mme ba re, ''Tafita o re romile kwa go wena go go tsaya gore o tle o nne mosadi wa gagwe.'' 41 A ema ka dinao, a ikoba ka sefatlhego se lebile fa fatshe, mme a re, ''Bonang, motlhanka wa lona wa mosadi ke motlhanka yo o tlhapisang dinao tsa batlhanka ba mong wa me.'' 42 Abigaile a itlhaganela mme a nanoga, a palama tonki le basetsana ba batlhanka ba le batlhano ba ba mo salang morago; mme a sala barongwa ba ga Tafita morago mme a nna mosadi wa gagwe. 43 Jaanong Tafita o ne a tsere Ahinoame wa Jeserile go nna mosadi wa gagwe; bobedi jwa bone ba nna basadi ba gagwe. 44 Gape, Saulo o ne a tsere Mikale morwadie, mosadi wa ga Tafita, a mo neetse Paleti morwa Laishi, yo e leng motho wa kwa Galimi.