Kgaolo 16

1 Ke le tsisetsa kgaitsadia rona Phoebe, yo e leng montlhaka ko Kerekeng e e ko Kenkarea, 2 gore le mo amogele mo Moreneng. Le direng se jaaka go tshwanela badumedi, le gone le eme le ene mo kgang ngwe le ngwe ya a ka nnang le botlhoki mo go lona. Gonne ene ka bo ene o thusitse ba ba ntsi le nna tota kele mo teng. 3 Dumedisang Porosila le Akwiula, ba eleng badiri kanna mo go Jeso Keresete, 4 ba ba neng ba baya matshelo a bone mo kotsing ka ntateng ya botshelo jwa me. Ke a ba leboga, eseng nna fela, mme le dikereke tsa ba ditshaba tsotlhe. 5 Dumedisang le kereke e tsenelang kwa ntlung ya bone. Dumedisang Epanetase yo ke moratang, yo eleng le butswa pele la ga keresete kwa Asia. 6 Dumedisang Marea, yo a le bereketseng ka thata. 7 Dumedisang Andronikase le Joniase, masika ame, ebile ele magolegwa le nna.Ba tlotlegile thata mo ba aposetolong, ba ba tsile mo go keresete pele game. 8 Dumedisang Amapilitase, moratiwa mo moreneng. 9 Dumedisang Urabanase, mmereki ka rona mogo Keresete, le Satase yo ke moratang. 10 Dumedisang Apelasa, yo a rurufaditsweng mo go Keresete. Dumedisang ba lelwapa la ga Arisetobalase. 11 Dumedisang Herotione wa lesika la me. Dumedisang ba lelwapa la ga Narakase, ba ba mo moreneng. 12 Dumedisang Toraphaena le Toraphosa, ba ba berekang ka thata mo Moreneng. Dumedisang Peresise yo a rategang, yo a berekileng mo go golo mo go Moreneng. 13 Dumedisang Rufase yo a itlhophetsweng mo Moreneng, le mmaagwe le Mme. 14 Dumedisang Asanaritase, Philogase, Heremese, Patrobase, Heremase, le barwarre ba ba nang le bone. 15 Dumedisang Philologase, Julia, Neresase le kgaitsadie, Olamapase, le bakaulengwe botlhe ba ba nang le bone. 16 Dumedisanang ka go a tlana mo go boitshepho. Dikereke tsotlhe tsa ga Keresete di a le dumedisa. 17 Jaanong ke a le kopa, bomorware, gore le ele tlhoko batho botlhe ba ba tsosang di kgaogano le dikgopi. Ba feteletse go gaisa dithuto tse le di ithutileng. Tswayang mo go bone. 18 Gone batho ba go nna jalo ga ba direle Morena wa rona Keresete, ba direla dimpa tsa bone. Ka maleme a bone a a boreledi ba tsietsa di pelo tsa batho ba ba senang molato. 19 Gonne sekao sa lona sa gonna kutlo se bonwa ke mongwe le mongwe. Ke a le itumelela, fa gontse jalo, mme ke batla le nna botlhale go itse se se molemo, le gore fa go tla ka fa bosuleng le nne ba tlhokwang molato. 20 Modimo wa kagiso e tlare mo nakong e khutshwane o tla a robelele satane kafa tlase aga dinao tsa lona. A tshegofatso ya Morena wa rona Jeso Keresete e nne le lona. 21 Timotheo, mmereki ka nna, wa le dumedisa, le Lukisio, Jasone le Sosiphata, masika ame. 22 Nna, Titorase, yo a neng a kopolola lekwalo le, re a le dumedisa mo Moreneng. 23 Gauise, yo ke nneng ke nna kwa ga gagwe, le Kereke yotlhe, ba a le dumedisa. Erasatuse, yo e leng motswara madi wa toropo, o a le dumedisa, a nale Kuratuse wa mokaulengwe. 24 A tshegofatso ya Morena wa rona Jeso Keresete ene le lona lotlhe. Amen. 25 Jaanong a kgalalelo e ye kwa go ene yo o le kgontshang go tshela go eng ka fa dithutong tsa me, le go reriwa ga ga Jeso Keresete, go yeng ka tshenolo ya ma sa itseweng a saleng a beilwe sephiri go tswa bogologolong, 26 mme jaanong bo senotswe, le ka mekwalo ya seporofito e e eneng ya itsesiwe ditshaba tsotlhe, goyeng ka taolo ya Modimo yo o tshelelang ruri ka bosakhuting, gonna boikobo mo tumelong. 27 Go Modimo yo a botlhale a le nosi, ka Jeso Keresete, a go isewe kgalaletso ka bosakhuting. Amen.