Kgaolo 28

1 Ene yare tsatsi la sabata le tloga le phirima, yare ka makuku a matona goya letsatsing lantlha la beke, Marea Magatalena ana le Marea yo mongwe batla go bona lebitla. 2 Bonang, ga nna le thoromo ya lefatshe e kgolo, gonne moengele wa Morena o ole go tswa ko legodimong, atla a pitikolola lentswe, mme a nna mo go lone. 3 Go bonala ga gagwe gone go tshwana le legadima, le diaparo tsa gagwe dile ditshweu jaaka kapoko. 4 Badisa ba roroma ba boifa ba nna jaaka banna baba suleng. 5 Moengele a buisa basadi aba raya are, ''Le seka la boifa, go nne kea itse gore le batla Jeso, yoo bapotsweng. 6 Ga ayo fa, mme o tlhatlogile jaaka a buile.Tlaa o bone lefelo le Morena a robetseng teng. 7 Tsamaya ka bonako o e go bolelela barutwa gore, 'O tsogile mo go baba suleng, bonang ole etse pele ko Galalea. Le tlaa mmona gone koo.' Bonang, kele boleletse.'' 8 Mosadi a tswa fa pupung ka letshogo le boitumelo jo bogolo, a tabogela goya go bolelela barutwa. 9 Bonang Jeso a kopana le bone are, ''Dumelang Lotlhe'' Mosadi a tla, amo tshwara maoto a mo obamela. 10 Mme Jeso a aba raya are, "Se boifeng, Tsamaya oye go raya barutwa ba tswe ko Galalea. Ba tlaa mpona gone koo.'' 11 Fa basadi ba tsamaya, bonang, bangwe ba batlhokomedi baya toropong ba bolelela moporesita o mogolo dilo tsotlhe tse di diragetseng. 12 Fa baperesita ba sena go kopana le bagolwane go buisana le bone ka se sediragetseng, ba abetse masole madi a mantsi 13 ba ba raya bare, ''Rayang ba bangwe, 'Barutwa baga Jeso ba tlile bosigo ba utswa mmele wa gagwe re robetse.' 14 Fa pego e, e fitlhelela mo mmosing, re tlaa mogwetlha gore a tlosa matshwenyego otlhe a lona. '' 15 Masole ba tsaya madi ba dira jaaka ba latswe . Pego e ya anama le Bajuta botlhe ga tswelela le gompieno. 16 Mme barutwa baba lesome le motso baya Galalea, kwa thabeng e Jeso a ba laetseng ko go yone. 17 Fa ba mmona, ba mo obamela, mme bangwe ba belaela. 18 Jeso one atla ko go bone a bua le bone are, '' Ke neetswe taolo yotlhe mo legodimong le mo lefatsheng. 19 Tsamayang lee go dira barutwa mo ditshabeng tsotlhe. Ba kolobetse mo leineng la Rara, Morwa le Moya oo boitshepo. 20 Ba ruteng go obamela dilo tsotlhe tse ke di le laetseng. Bona kena le lona goya bokhutlong jwa lefatshe.''