Kgaolo 26

1 Ga tla nako eo ya gore e re Jeso a feditse go bua mafoko a, a raya barutwana ba gagwe a re, 2 ''Le a itse gore moletlo wa tlolagano o etla morago ga malatsi a mabedi, morwa motho o tla bo a neelwa gore a bapolwe." 3 Baperesite ba bagolo le bagolwane ba phuthega kwa ntlong ya segosi ya moperesiti yo mogolo, yoo neng a bidiwa Kaifas. 4 Ba dumalana ga mmogo go isa Jeso mo kgolegelong ka bokukuntshwane ba bo ba mmolaya. 5 Ba bua ba re ''E seng ka nako ya moletlo, gore go seka ga nna le tlhakatlhakano mo gare ga batho.'' 6 Jaanong ya re Jeso a le mo Bethani mo ntlong ya ga Simone wa moleperwa, 7 ya re a ntse mo tafoleng,mosadi a tla kwa go ene ka sejana sa setlolo se se tlhwatlhwa kgolo, a se mo tshela mo tlhogong. 8 Mme ya re barutwa ba gagwe ba bona se,ba tlala bogale ba re, "Ka goreng o senya mo go kanakana? 9 se se se ka bo se rekisitswe ka madi a mantsi ga bo ga abelwa batlhoki." 10 Mme Jeso, ka go itse se, a ba raya a re, ''Go reng le tshwenya mosadi yo? O ntiretse tiro e ntle thata. 11 Le nna le na le batlhoki nako tsotlhe, mme ga le na go nna le nna nako tsotlhe. 12 Gonne fa a tshela setlolo se mo mmeleng wame , o ne a direla seo phitlho ya me. 13 Ke le bolelela boammaruri ka re, gongwe le gongwe kwa mafoko a molemo a tla rutwang teng mo lefatsheng lotlhe,se mosadi yo a se dirileng se tla buiwa go mo gakologelwa." 14 Mongwe wa ba balesome le bobedi, yo o neng a bidiwa Jutase Sekariota, a ya ko go moperesiti yo mogolo 15 a re ''Le e eletsa go mpha eng fa ke le mo neela?'' Ba mo kalela dipapetlana tsa selefera di le masome a mararo. 16 Go tswa mo nakong eo, a senka tshono e a ka mo isang ko go bone ka yone. 17 Jaanong mo letsatsing la ntlha la borotho jo bo sa bidisiwang, barutwa ba tla kwa go ene ba re, ''O batla re go baakanyetse kae dijo tsa Tlolagano?'' 18 A re "Tsamayang le ye ko monneng mongwe mo toropong , le mo reye le re 'Moruti a re "Nako ya me e setse e gorogile. Ke tla diragatsa tlolagano le barutwana ba me mo ntlong ya gago''''' 19 Barutwana ba dira jaaka Jeso a ba laetse, ba baakanyetsa dijo tsa tlolagano. 20 Ka nako ya maitseboa, a nna fatshe le barutwana ba gagwe ba ja. 21 Ya re bantse ba ja, a re, ''Ka boammaruri ke le raya ke re mongwe mo go lona o tla intatola.'' 22 Ba utlwa bothoko thata, mongwe le mongwe a mmotsa a re ''Ka boammaruri ga se nna, Morena?'' 23 A araba, "Ene yoo tsenyang lebogo le nna mo sejaneng ke ene yoo tla intatolang. 24 Morwa Motho o tla tsamaya jaaka go kwadilwe ka ga gagwe. Go hutsegile yo o itatotseng Morwa Motho! Go ka bo go nnile botoka fa motho yoo a ka bo a sa tsalwa.'' 25 Jutase yo o tlo go mo itatolang a re, "A ke nna, Moruti?'' A mo raya a re ''Go boletse wena jalo." 26 Ya re bantse ba ja Jeso a tsaa borotho, a bo segofatsa, a bo ngathoganya. A bo neela barutwa a re, ''Tsaya, ja. Mo ke mmele wa me." 27 A tsaya kopi a isa malebogo, a bo a ba neela a re, ''Nwayang lotlhe. 28 Gonne mo ke madi a me a kgolagano, a tshololetsweng ba le bantsi gore ba itshwarelwe maleo. 29 Mme ke le raya ke re, ga ke kitla ke e nwa gape leungo la mofine, go fitlha letsatsi leo le ke tla bong ke e nwa e ntsha le lona mo bogosing jwa ga Ntate.'' 30 Ya re ba sena go opela sefela, ba tswela ko thabeng ya letlhware. 31 Jeso a ba raya a re, "Bosigong jono lotlhe le tla phatlalala ka lebaka la me, jaaka go kwadilwe ga twe, 'Ke tla betsa modisa mme dinku di tla phatlalala.' 32 Mme fa ke sena go tsoswa, ke tla ya pele ga lona ko Galalea.'' 33 Mme Petere a mo raya a re, "Le fa botlhe ba ka phatlalala ka lebaka la gago, ga ke kitla ke go tlogela. '' 34 Jeso a mo raya a re ''Ke go raya ke re ka boammaruri, bosigo jono pele ga mokoko o lela, o tla abo o intatotse gararo.'' 35 Petere a mo raya a re, "Le fa ke ka swa le wena, ga ke kitla ke go itatola." Le barutwana ba bangwe botlhe ba bua jalo. 36 Jeso a ya le bone kwa lefelong le le bidiwang Gethesemane, a raya barutwa a re, ''Nnang fa ke ya fale ke ya go rapela.'' 37 A tsaya Petere le barwa Sebedia ba babedi a simolola go utlwa botlhoko thata le go tshwenyega. 38 A ba raya a re, ''Mowa wa me o tlhokofetse thata mo nkare ke ka swa. Salang fa le letele le nna.'' 39 A ya fa pelenyana,a wa ka sefatlhego, a rapela. Are, "Ntate, fa e le go rata ga gago, a senwelo se semphete e seng ka go rata ga me, e leng go rata ga gago." 40 A tla kwa barutwaneng a fitlhela ba robetse, a raya Petere a re,'' A le ne le ka se letele le nna oura? 41 Disang le rapele gore le seka la tsena mo thaelong. Mowa o na le keletso, mme nama e bokowa.'' 42 A ya la bobedi, a rapela, a re, ''Ntate, fa se, seka seka sa mpheta kontleng ga ke senwa, a thato ya gago e dirwe.'' 43 A tla gape a fitlhela ba robetse, go nne ba ne ba otsela. 44 A ba tlogela gape a tsamaya. A rapela la boraro a boelela mafoko . 45 Jeso a tla ko barutwaneg a ba raya a re, "A le santse le robetse le itapolositse, bonang, oura e setse e fitlhile, Morwa motho wa itatolwa mo diatleng tsa baleofi. 46 Tsogang, a re yeng. Yo o intatolang o gaufi." 47 Fa a santse a bua, Jutase, mongwe wa ba ba lesome le bobedi, a tla. A tla le matshwititshwiti a batho go tswa ko Moperesiting o mogolo le bagolwane ba batho. Ba tla ka digai le melamu. 48 Jaanong monna yoo neng a tlile go itatola Jeso a ba fa letshwao a re, "Yo ke mo atlang, ke ene. Mo tshwareng." 49 Ka bonako a tla kwa go Jeso a re, "Dumela, Moruti!" A mo atla. 50 Jeso a mo raya a re, "Tsala, dira se o tlileng go se dira. "Ba tla, ba goga Jeso, ba bo ba mo tshwara. 51 Bonang, mongwe yo o nang le Jeso, a otlolola letsogo la gagwe, a tsaya tshaka ya gagwe, a itaya mongwe wa batlhanka ba moperesiti yo o mogolo, a mo kgaola tsebe. 52 Jeso a mo raya a re, ''Baya tshaka ya gago, gonne botlhe ba ba tsayang tshaka go bolaya ba tla nyelediwa ka tshaka. 53 A le akanya gore ga nkake ka bitsa Ntate, mme o tla nthomelela mephato ya sesole sa baengele e fetang lesome le bobedi? 54 Mme dikwalo di tlaabo di fitlheletswe jang, fa se se sa diragala?'' 55 Ka nako eo jeso a raya matshwitishwiti a re ''Le tla ka melamu le ditshaka le tla go ntshwara jaaka legodu? Ke ne ke le ko kerekeng letsatsi le letsatsi ke ruta , la seka la nkisa kgolegelong. 56 Mme dilo tse tsotlhe di diragetse gore mekwalo ya baporofiti e diragadiwe.'' Barutwana botlhe ba mo tlogela ba sia. 57 Ba ba neng ba tshwere Jeso ba mo tsaya ba mo isa ko go Kaifase moperesiti yo mogolo , ko bakwadi le bogolwane ba batho ba phuthaganetseng teng. 58 Petere a mo sala morago a le sekgalanyana go ya kgotla tshekelong ya moperesiti yo mogolo.A tsena mo teng a nna fa fatshe le badisa dikago go letela maduo. 59 Jaanong moperesiti yo o mogolo le lekgotla lotlhe,ba senka bopaki jo eseng boammaruri kgatlhanong le Jeso gore ba tle ba mmolae. 60 Ba bo tlhoka, le fa bapaki ba ba sa bueng boammaruri ba ne ba tla ka bontsi. Mme morago ga lebaka, ga tla batho ba ba bedi ko pele 61 ba re, ''Monna yo o rile 'Ke ka senya tempele ya Modimo a bo ke e aga gape mo malatsing a mararo.''' 62 Moperesiti yo mogolo a ema a mo raya a re, ''A ga o na karabo, ke eng sone se ba se pakang kgatlhanong le wena?''' 63 Mme Jeso a didimala. moperesiti yo mogolo a mo raa a re, ''Ke a go laela ka Modimo yo o tshelang, re bolelele gore a o Keresete, Morwa Modimo.'' 64 Jeso a mo fetola a re, ''Go buile wena jalo, go simolola gompieno o tla bona morwa motho a ntse kwa letsogong le legolo la maatla, mme a tla a le mo marung a legodimo.'' 65 Moperesiti mogolo a ikgagola diaparo a re ''O buile ditlhapa! Ka goreng re tlhoka bopaki? Bonang, jaanong le utlwile ditlhapa. 66 Le akanyang? Ba araba ba re, ''O tshwanetswe ke leso '' 67 Ba mo kgwela mathe mo sefatlhegong, ba mmetsa, ba mmetsa ka diatla tsa bone, 68 ba re, ''Re porofite, Keresete ke wena, o biditswe ke mang?" 69 Jaanong, Petere a bo a ntse ko ntle ko lekgotleng, motlhanka wa lekgarejwana a tla kwa go ene a re, ''O ne o na le Jeso wa Galalea.'' 70 A itatola mo pele ga bone botlhe, a re, ''Ga ke itse gore o bua ka ga eng.'' 71 Fa a tswela ko ntle ko kgorong, motlhanka wa lekgarejwana o mongwe a mmona, raya ba ba neng ba le foo a re, Monna yo le ene o ne a na le Jeso wa Nasaretha.'' 72 A itatola gape a ikana, ''Ga ke itse monna yo. '' 73 Morago ga lebakanyana ba ba neng ba eme gautshwane batla ko go Petere ba re, ''Ka boammaruri o mongwe wa bone, ka puo ya gago e a go supa.'' 74 A simolola go hutsa le go ikana, ''Ga ke mo itse,'' Ka bofefo mophoko wa lela. 75 Petere a gakologelwa mafoko a Jeso a a buileng a re, ''Pele mokoko o lela o tlaabo o intatotse ga raro.'' Atswela ko ntle a lela mo go botlhoko.