Kgaolo 24

1 Jeso a tswa mo tempeleng a le mo tseleng ya gagwe. Barutwana ba gagwe ba tla ko go ene go mo supegetsa dikago tsa tempele. 2 Mme aba araba are, "A gale bone dilo tse tshotlhe? Kele bolela ka boamaruri, "Gagona letlapa le le tlhatlaganeng le le lengwe le le ka sekeng le tlhatlaganyololwe." 3 Jalo fa a ntse mo thabeng ya motlhware, barutwana ba gagwe ba ne batla ko go ene mo bonosing ba mo raya bare," Re bolelele, gore dilo tse tsotlhe di tlaa diragala leng? Ke eng se se tlaa supang gotla ga gago kana bofelelo jwa dinako?" 4 Jeso aba araba are,"Elang tlhoko gore ga gona yo o ka le lentshang motseleng. 5 Ka bontsi bo tlaa tla ka leina lame. Bare, 'Ke nna keresete' le go latlha bale bantsi. 6 Ka gobane le tlaa utlwalla ka dintwa le dipego tsa dintwa.Le eleng tlhoko gore galetshwenngwe ke se, gonne tse di tshwanetse go direga,mme ese yone phelelo. 7 Ka tshaba di tlaa tsologela tshaba tse dingwe, le magosi mo magosing a mangwe. Ka go tlaa nna le leuba le thoromo ya lefatshe mo mafelong a a farologanyeng. 8 Mme tse tshotlhe e tlaa nna tshimologong ya kutlobotlhoko. 9 Ka jalo batlaa le isa mo di tlhokofatsong le go le bolayo. O tlaa ilwa ke ditshaba tsotlhe ka ntlha ya leina lame. 10 Jalo bontsi bo tlaa kgotswa ba bangwe ba bo ba ba ila bangwe, le go eka babangwe. . 11 Baporofiti ba maaka ba tlaa tla, mme batla ntsha bontsi motseleng. 12 Ka gore maleo a tlaa ntsifala, le lerato la ba bantsi le tla rema. 13 Mme yoo itshokang go fitlhelela pelelo, tlaa bona poloko. 14 Mafoko a a molemo a bogosi a tlaa reriwa mo lefatsheng lotlhe le tse bopaki mo ditshabeng. Mme morago bokhutlo bo tla goroga. 15 Ka jalo, ha le bona makgapha a a leswafatsang, a a neng a buiwa ke moporofeta Daniele, a ntse mo lefelong le le boitshepo,(a mmadi a tlhaloganye se) 16 ba ba ko jutia ba siele ko dithabeng. 17 yo oko godimo ga ntlu aseka a fologa goya go tsaya sepe se semo ntlung, 18 Le yo o ko tshimong a seka a boa go tsaya kojwana ya gagwe. 19 Mme go hutsegile jaang yo a nale ngwana yo monye le ba ba amusang ka malatsi ao! 20 Rapeleang gore ditlhabi tsa pelegi di seka tsatla ka dipaka tse. 21 Ka go tlaa nna le ditlhokofatso tse ditona, tse di iseng di diragale go tswa tshimologong go fitlhelela jaanong, ebile di tlaa seke di diragale gape. 22 Fa nkabo malatsi a asa khutshwafadiwa, ga gona yo one aka bolokwa. Ka ntlha ya baitshephi, malatsi ao a tlaa khutsufadiwa. 23 Jalo ha mongwe a go raya are, 'Bona, Keresete ke yo' kana, 'Keresete ke yole' o se dumalane le ene. 24 Ka Bokeresetse ba maaka le Baporofeta ba maaka ba tlaa tla e be ba supa dikgakgamatso le ditshupegetso tse dikgolo, go ka latlha batho, fa go ka kgonega, le ba bakgethilweng. 25 Bonang, ke le boleletse dilo tse nako esale teng. 26 Ka jalo, fa ba go raya bare, 'Leba, omo sekakeng', o seka wa ya ko sekakeng.Kana 'Bona, o mo ntlwaneng tsedi ko teng',o seka wa dumela. 27 Jaaka legadima le phatsima gotswa botlhaba mme la rarela go ya bophirima, le morwa motho o tlaa tla fela jalo. 28 Ko phologolo e e suleng e leng teng, manong a tlaa phuthega gone koo. 29 Mme etlare morago ga malatsi a phitlhagano Letsatsi le tlaa fifadiwa morago,ngwedi e tlaa seke e ntshe lesedi la yone, dinaledi di tlaa wa mo loaping, le dinonofo tsa magodimo di tlaa tshikinngwa. 30 Gotlogeng foo ditshupo tsa morwa motho di tlaa supagala mo loaping. Merafe ya lefatshe e tlaa lela. Ba tlaa bona morwa motho a tla mo marung ka maatla le lekgalalelo e e kgola. 31 E tlaare fa ditorompeta tsedi kgolo di galebetega o tlaa romela baengele ba gagwe, batla go phutlha bakgetlwa gotsweng khutlo tse nne tsa lefatshe, le go tsweng legodimong le lengwe go ya go le lengwe. 32 Ithute ka setlhare sa mofeige. Fela fa thito ya sone e nna boleta e be e ntsha matlhare, ke sekao sa gore selemo se gaufi. 33 Ka jalo ruri, fa o bona dilo tse tsohle, o itse gore o atumetse dikgoro.Morwa motho o gaufi. 34 Kele bolelela boamaruri, kokomane e e ga iketla e fetla go fitlhelea dilo tse di diragala. 35 Legodimo le lefatshe di tlaa feta, mme mafoko ame a tlaa seke a nyelele. 36 ka letsatsi le, morwa motho, baengele kwa legodimo, le haele mang, ga gona ope yo itseng ha ese rara ale esi. 37 Jaaka malatsi aga Noah ane a ntse, gotla nna fela jaalo ka malatsi a gotla ga morwa motho. 38 Fela jaaka malatsi a pele ga morwalela, bane baaja baanwa, ba nyala e be ba ineela mo lenyalong go fitlhelela Noah a tsena ka Areka, 39 Bane ba sa itse sepe go fitlhelela morwalela otla a bo o ba tsaya, mme le Morwa Motho o tlaatla jalo. 40 Jalo banna ba babedi ba tlaa bo bale mo tshimong-a le mongwe o tlaa tsewa, yo mongwe o tlaa a tlogelwa. 41 Basadi bale babedi ba tlaa bo ba thuga-ale mongwe o tlaa tsewa, ale mongwe a sala. 42 Ka jalo nna o le disitse, ka gale itse ka letsatsi le Jeso a tlaa tlang kalone. 43 Mme le itseng se, fa monnga ntlu ane a itsile nako e legodu le yang go thuba ka yone o kabo ane a disitse gore go seka ga thubiwa. 44 Ka jalo le nne le ipaakatse, gonne Morwa Motho o tlaa tla ka oura e le sa e solofelang kayone. 45 Ke mang motlhanka yo o botlhale ebile ale boineelo mo morena wa gagwe, abilweng a netswe bo ikarabelo ja go tlhokomela ntlu ya gagwe le go naya dijo kanako e siameng. 46 Gosegofetse motlhanka yo morena wa gagwe atla mo fitlhelnag a dira seo fa a atla. 47 Kele bolelela boamaruri gore morena atla motlhoma ele yo mogolo mogo tsotlhe tsea nna le tsone. 48 Mme fa motlhanka yo o bosula a bua mo pelong ya gagwe, are ' Morena wame o diegile,' 49 a bo a simolola go betsa batlhanka ka ene, a ja aa nwa le go tagwa le matagwa. 50 Morena wa bone o tlaa tla ka letsatsi le motlhanka a sa le solofelang le ka oura e a sa e itseng. 51 Morena wa gagwe o tlaa mo kgaoganya ga bedi abo a dire phelelo ya gagwe jaaka ya baitimokanyi, ko go tlaa nnang sello le khuranyo ya meno.