Kgaolo 22

1 Jeso a bua le bone ka ditshwantsho, a re, 2 ''Bogosi jwa legodimo bo tshwana le kgosi nngwe e e neng e baakanyetsa mokete wa lenyalo la morwa wa gagwe. 3 A romela batlhanka ba gagwe go bitsa balalediwa ba ba neng ba laleditswe mokete wa lenyalo,mme ba seka ba tla. 4 Kgosi ya ipoeletsa a roma batlhanka ba bangwe gape, a re,'bolelelang balalediwa, ''bonang, ke baakantse selalelo,ke bolaile dipholo tsame le marole a a nontshitsweng, tsotlhe di mo maemong. Tlaang moletlong wa lenyalo.'' 5 Mme bao ba seka ba ba reetsa ka tlhwaafalo mongwe a ya tshimong ya gagwe ,yo mongwe a ya kgwebong ya gagwe. 6 Ba ba setseng ba tshwara batlhanka ba Kgosi, ba ba tshwara mo go tlhabisang ditlhong, ba ba bolaya. 7 Kgosi ya tlala ka bogale ,a romela masole a gagwe a ntwa, ba bolaya babolai bao,ba bo ba fisa toropo ya bone. 8 A raya batlhanka ba gagwe a re , 'nako ya moletlo e fitlhile , ba ba neng ba laleditswe ba ne ba se molemo. 9 Jaanong yang ko marakanelong a ditsela,le laletse bontsi jo le ka bo bonang moletlo wa lenyalo' . 10 Batlhanka ba tswa ba ya ko marakanelong a ditsela ,ba phutha ga mmogo batho botlhe ba ba ba bonang , ba ba bosula le ba ba molemo. Jaanong ntlo lehalahala ya lenyalo ya tlala ka balalediwa. 11 Ya re Kgosi a tsena mo teng go bona balalediwa . A bona monna yo o neng a sa apara dilwana tsa lenyalo. 12 Kgosi a mo raya a re 'tsala,o tlile jang mo o sa apara dilwana tsa lenyalo?'Monna a tlhoka mafoko. 13 Kgosi a raya batlhanka a re, ' funelang monna yo maoto le mabogo, le mo latlhele ko ntle ko lefifing,kwa go tlabong go na le selelo le khuranyo ya meno. ' 14 Gonne ba le bantsi ba biditswe, mme ba ba botlana ba kgethilwe. 15 Bafarasai ba tswa ba ya go loga leano la gore ba ka tshwara Jeso jang ka mafoko a gagwe. 16 Ba romela kwa go ene barutwana ba bone le balatedi ba ga Herote.Ba raya Jeso ba re'' Moruti, re a itse gore o boammaruri le gore o ruta tsela tsa Modimo mo boammaruring ,ga o kgathalele maikutlo a ba bangwe ebile ga o tsee matlhakore. 17 Jaanong re bolelele,o akanya jang ,a go ka fa molaong go duela Kaisara lekgetho kgotsa nnya?'' 18 Mme Jeso a tlhaloganya bosula ja bone a re,'' Ka go reng le nteka baitimokanyi ke lona. ? 19 Mpontshang ledi la lekgetho'' ba mo neela madi a a lekaneng tuelo ya letsatsi. 20 Jeso a ba raya a re '' ke maina le sefatlhego sa ga mang mo?'' 21 Ba mo raya ba re,''Kaisara. '' Jeso a ba ra ya a re'' Jaanong neelang Kaisara se e leng sa gagwe le Modimo se e leng sa gagwe.'' 22 Fa ba utlwa se ba gamarega. Ba mo tlogela ba tsamaya. 23 Ka lone letsatsi leo Basedukai bangwe ba ba reng ga go na tsona tsogo ya baswi,ba tla kwa go ene.Ba mmotsa 24 ba re'' Moruti, Moshe o rile fa monna a a swa a se na bana, morwa rragwe o tshwanetse go nyala mosadi wa gagwe a bo a tsholela morwa rragwe bana. 25 Ga bo go le barwa rre ba le supa.Wa ntlha a nyala , a bo a tlhokafala.A sa tlogele bana bape , o tlogelela bomorwa rragwe mosadi. 26 Wa bobedi a dira fela jalo, le wa boraro, go fitlhelela go tsena kwa go wa bosupa. 27 Morago ga bone botlhe , mosadi a tlhokafala. 28 Jaanong ka tsogo e tlaabo e le mosadi wa ga mang mo barwa rreng ba ba supa ,ka ba mo nyetse botlhe.'' 29 Jeso a araba a ba raya a re, ''le latlhegile ka gore ga lo itse dikwalo le maatla a Modimo. 30 Mo tsogong ga gona ope yo o tla bong a nyala kgotsa a nyalwa.Boemong jwa seo, ba tla bo ba tshwana le baengele mo legodimong. 31 Mme mo go tsogeng ga baswi , a ga le a bala se se builweng ke Modimo ,a re . 32 'Ke Modimo wa ga Aborehame,Modimo wa ga Isake le Modimo wa ga Jakobe'? Modimo ga se Modimo wa baswi,ke wa batshidi'' 33 Fa matshwititshwiti a utlwa se, ba hakgamalela thuto ya gagwe. 34 Fa bafarasai ba utlwa gore Jeso o didimaditse basedukai, ba iphutha ga mmogo. 35 Mongwe mo go bone yo e leng mmueledi,a mmotsa potso a mo leka. 36 ''Moruti ke efe taelo e e kgolo mo molaong?'' 37 Jeso a mo raya a re' rata Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago , ka mowa otlhe wa gago le ka tlhaloganyo ya gago yotlhe. 38 Ke yone taelo e kgolo ya ntlha. 39 Taelo ya bobedi e tshwana le yone- ' rata moagisanyi wa gago jaaka o ithata' 40 Mo taolong tse pedi tse ,go ikaegile se se builweng mo molaong otlhe le baporofiti.'' 41 Jaanong ya re bafarasai ba santse ba kgobokane Jeso a ba botsa potso. 42 Are ''Le akanyang ka Keresete , ke morwa mang?''Ba mo raya ba re ''Ke morwa Tafite'' 43 Jeso a ba raya a re, ''Ka goreng Tafite fa a le mo moweng a mmitsa Morena a re 44 'Morena o reile Morena wa me a re, ''nna ka fa letsogong la me le legolo ,go fitlhela ke dira baba ba gago bobeo jwa dinao tsa gago.''? 45 Fa Tafite a biditse Keresete' Morena,'Go tla jang gore e nne morwa Tafite ?'' 46 Ope a seka a kgona go mo araba.Go simolola letsatsi leo ga seka ganna le ope yo o mmotsang dipotso.