Kgaolo 21

1 Jaaka Jeso ana le barutwa ba gagwe ba goroga ko Jerusalema atla kwa thabeng ya letlhware, Jeso a romela barutwa ba babedi, 2 aba raya are ''Tsena mo motseng mongwe ,o tlaa bona tonki e golegilwe e na le tonkana .Di funulele odi tlise kwano. 3 Fa mongwe a bua le wena ka seo, o tlaare, 'Morena oa di batla', mme motho yoo ka ponyo ya leitlho otla adi le neela''. 4 Jaana nako ya gore sese neng se builwe ke baporofiti se diragale. A ba raya are 5 ''Bolelela morweetsana wa sione, 'Bona, kgosi ya gago etla ko go wena, O ikobile o palame tonki le mo tonkaneng ngwana wa tonki.'' 6 Mme barutwa ba tsamaya ba dira jaaka Jeso aba laetse. 7 Ba tlisa tonki le tonkana ba beile dikojwana tsa bone mogo yone, mme Jeso a nna mo godimo ga dikojwana. 8 Bontsi jwa batho bao ba phatlalatsa dikojwana tsa bone mo tseleng ,mme bangwe ba kgetla dikala badi baya mo tseleng. 9 Matshwititshwiti aa tsamaileng pele gaga Jeso le baba mo setseng morago, ba goa, bare ''Kgalaletso go Morwa Tafita! Go segofetse yoo tlang ka leina la Morena! A kgalaletso eye ko Modimong!" 10 'Fa Jeso a sena gotla ko Jerusalema, Ditoropo tsotlhe tsa tshikhinyega ba re ,''Yo ke mang?" 11 Bontsi jwa araba, ''Yo ke Jeso moporofeti go tswa Nasaretha mo Galalea." 12 Mme Jeso a tsena mo tempeleng, a koba botlhe baba rekang ba bo ba rekisang mo tempeleng, a diga ditafole le ditilo tsa botlhe baba rekisang maphoi. 13 A ba raya are go kwadilwe, 'ntlo yame etlaa bidiwa ntlo ya thapelo, mme lee dira mongobo wa dirukhutlhi.'' 14 Difofu le digole tsa tla ko go ene mo tempeleng mme aba fodisa. 15 Mme fa moperesita mogolo le bakwadi ba bona ditiro tse dikgolo tse a di dirileng," Mme fa ba utlwa bana ba goeletsa mo tempeleng bare, '' Kgalaletso a eye ko go morwa Tafita"bane ba emelela ka tshakgalo e kgolo. 16 Ba mo raya bare,"a o utlwa se batho ba base buang. Jeso aba raya are "Ee! Mme ga o ise o bale, go tswa mo melomong ya bana le masea a anyang a o tsentse kgalalelo ee tshwanetseng?" 17 Foo Jeso aba tlogela a tswa mo toropong aya Bethane go lala bosigo bole bongwe teng. 18 Jalo mo mosong fa a boela ko toropong, one a tshwerwe ke tlala . 19 A bona setlhare sa mofeige mo tseleng, aya ko go sone aseka a fitlhela sepe fa ese matlhareng a sone. A se raya are, "A go se tlhole go nna leungo lepe mo go wena.'' Gone foo setlhare sa mofine sa omelela. 20 Fa barutwa ba se bona, ba hakgamala bare,'' Ke Ka jang setlhare sa mofine se omeletse?'' 21 Jeso aba araba, aba raya are, "Ka nnete keya le raya, fa ona le tumelo mme osa belaele, ga o kake wa dira fela sese neng se dirwa mo setlhareng sa mofeige, mme o ka raya thaba ware, 'Digelwa mo lewatleng' ,go tlaa dirwa jalo. 22 Se o se kopang ka thapelo, o dumela, o tlaa se amogela.'' 23 Fa Jeso a sena gotla mo tempeleng, moporisita mogolo le bagolwane ba batho batla ko go ene jaaka ane a ruta are," Le dira dilo tse ka taolo efe? Le gore ke mang yoo le neetseng taolo e?" 24 Jeso aba araba are, "Le nna ke tlaa le botsa potso ele nngwe, fa o mpolelela, ke tlaa le bolelela gore ke dira dilo tse ka taolo efe. 25 Kolobetso yaga Johane ene e tswa kae? Kwa legodimong kana mo bathong?" Ba buisanya ka bo bone bare, 'Fa rere, e tswa kwa legodimong, o tlaa re raya are ke eng lene lesa modumele?'. 26 Mme fa rere mo, 'Bathong' re tshaba matshititshiti, ka gore baya go bona Johane jaaka moporofiti.'' 27 Mme ba araba Jeso bare, "Ga re itse.'' Mme aba raya are, "Ga ke kake kale bolelela gore ke dirisa taolo e ke dirang dilo tse ka yone. 28 Mme o akanya eng ? Monna one ona le bana ba babedi ba basimane. Aya ko go wa ntlha are, 'Morwaaka ago bereka kwa tshimong ya mofine, ' 29 Morwa a araba are, 'Ga ke kake ka dira,' mme morago a fetola mogopolo a tsamaya. 30 Mme monna ya kwa ngwaneng wa bobedi a bua selo se se tshwanang. Morwa a araba are, 'Ke tlaa tsamaya rra,' mme a seka a tsamaya. 31 Ke ofe wa barwa ba babedi yoo dirileng thato ya ga rraagwe?" Bare, "Wa ntlha."Jeso a ba raya are, "Ka nnete kea le raya ba kgethisi ba lekgetho le diaka ba tlaa tsena mmuso wa Modimo pele ga lona. 32 Go nne Johane o tsile ko go lona ka tsela ya tshiamo, mme ga lea mo dumela, fa batsaya lekgetho le diaka ba dumetse mogo ene . Mme lona fa le bona se se diragala, gale ise le ikotlhae ko morago go dumela mo go ene. 33 Reetsa setshwantsho se sengwe. Gone gona le monna mongwe, mong wa lefatshe. A lemile tshimo ya mofine, a e ageletse, a epa fa mofine o tshololelwang teng, a aga tora ya tebelo, a e firisetsa beng ba lefelo ba balemi, mme aya ko lefatsheng le lenngwe. 34 Fa nako ya thobo ya maungo e goroga, a romela batlhanka ko baleming ba mofine go tsaya maungo. 35 Mme beng ba lefatshe balemi ba tsaya batlhanka, ba betsa yo mongwe, ba bolaya yo mongwe, ba ngata yo mongwe ka matlapa. 36 Gape mong wa lefelo a romela malata a mangwe, go feta bantlha, mme balemi ba mofine ba ba dira ka tsela e ba neng ba dira bantlha. 37 Morago ga moo, mong a romela morwae, are, 'Ba tlaa tlotla morwaake' 38 Mme fa balemi ba mofine ba bona morwa, ba bua ka bo bone, 'Yo ke moja boswa.Tlaa, re mmolae re tsee boswa.' 39 Ba motsaya ba molatlhela kwa ntle ga tshimo ya mofine, ba mmolaya. 40 Jalo fa mong wa tshimo a goroga, o tlaa dira eng ka balemi ba mofine?'' 41 Ba moraya bare, "O tlaa senyaka banna ka tsela ee botlhako thata,mme otlaa firisetsa tshingwana go balemi bangwe ba mofine. Banna baba tlaa duelang meretlwa fa e oma.'' 42 Jeso aba raya are, ''Aga le nke le bala dikwalo, 'Lentswe lele gannweng ke baagi le dirilwe pinagare . Se sene setswa mo Moreneng le gore a go kgatlhisa matlho a rona'? 43 Kele raya kere, bogosi jwa Modimo bo tlaa tsewa mo go lona bo neelwa tshaba ee ungwang maungo a yone. 44 Le fa ele mang yoo welang mo lentsweng o tlaa thubega a gasagasega, mme lefa ele mang yoo le mo welang o tlaa silega.'' 45 Fa ditlhogo tsa baperesiti le bafarasai ba utlwa kaga ditshwantsho tse, bane ba tlhaloganya gore o bua kaga bone. 46 Ba senka go mo tshwara, ba boifa bontsi jwa batho ka gore batho ba mo tsaya jaaka moporofeti.