Kgaolo 20

1 Gonne bogosi jwa legodimo bo tlaa tshwantshiwa le mong wa tshimo yoo neng a tsamaya mo mosong go ya go fira ba bereki ba tshimo ya gagwe mofine. 2 Faa sena go dumalana le babereki ba gagwe ka tuelo ya letsatsi, a ba romela mo tshimong ya gagwe ya mofine. 3 A tswela ko ntle gape ka oura ya boraro mme a bona babereki ba bangwe ba ntse fela ko marekisetsong. 4 A aba raya are,' le lona, tsenang mo tshimong ya mofine, sepe fela se se siameng, ke tlaa se le neela.' Mme ba ya go bereka. 5 Gape a tswela ko ntle ka oura ya borataro, gape le ka oura ya boferabongwe, a dira fela jalo. 6 Jalo fela ka oura ya lesome le bongwe a tswela ko ntle mme a fitlhela ba bangwe ba eme fela. A ba raya are, ' le emetseng fela fa le sa dire sepe letsatsi lotlhe'? 7 Ba mo raya bare , 'ga gona ope yoo re firileng'. A ba raya are, ' Le lona tsenang mo tshimong ya mofine.' 8 Fa maitseboa a tsena, mong wa tshimo a raya moeteledipele, ' Bitsa ba bereki o ba neele dituelo tsa bone, o similole ka wa bofelo go ya go wa ntlha.' 9 Fa babereki ba ba tsileng ka oura ya lesome le bongwe ba tsena, mongwe le mongwe wa bone a amogele tuelo ya letsatsi. 10 Fa babereki ba ntlha ba tsena, ba solofela gore ba tlaa amogela gole gontsi, mme le bone ba amogela tuelo ya letsatsi. 11 Fa ba amogela dituelo tsa bone, ba ngongorega ka mong wa tshimo. 12 Bare , ' Babereki ba ba bofelo, ba berekile oura fela , mme o ba lekantse le rona, rona bare berekileng tiro e ntsi, le mogote wa letsatsi.' 13 Mme mong wa tshimo a araba a raya mongwe wa bone are,' Tsala, ga kea go direla bosula bope. A ga wa dumalana le nna tuelo ya letsatsi? 14 Tsaya se eleng sa gago o tsee tsela ya gago. Ke kgethile go duela ba bereki ba bofelo dituelo tse di tshwanang le tsa lona. 15 A ga go molemo go dira se ke se batlang ka dithoto tsa me? Kana leitlho la gago le bosula ka gore ke siame? 16 Jaanong ba bofelo batla nna ba pele, ba pele ba tlaa nna ba morago." (Bontsi bo biditswe, mme bonnye bo tlhophilwe".) 17 Jaaka Jeso a ne tsamaya a ya Jerusalema, a tseela ba ba lesome le bobedi fa thoko, mo tseleng aba raya are," 18 Bonang, reya Jerusalema, Morwa Motho o tlaa neelwa mo diatleng tsa moperesiti mogolo, le bakwadi. Ba tlaa mmolaya 19 le go mo neela mo diatleng tsa baditshaba go mo kgoba ,go mmetsa le go mmapola. Mme ka letsatsi la boraro o tlaa tsosiwa". 20 Jalo barwa Zebedee ba tla ko go Jeso ba nale mmaabone. A obama fa go ene a kopa sengwe mo go ene. 21 Jeso a mo raya are "O eletsa eng"? Amo raya are bua gore bo morwaake ba nne , " Yo mongwe mo letsong la gago la moja, yo mongwe mo letsong la gago la molema, mo bogosing jwa gago." 22 Mme Jeso a araba are," Gao itse se o se kopang. Ao ka kgona go nwa senwelo se ke tlogang ke se nwa?" Ba mo raya bare," Re a kgona". 23 Aba raya are , " Senwelo same ka nnete le tla se nwa. Mme go nna mo letsogong la moja le go nna mo letsong la molema gase game go le go neela, mme ke ga baba baakantsweng ke rara." 24 Fa barutwa ba bangwe ba ba lesome ba utlwa se ba ne ba sa itumela tota ka ba rwarraabone ba babedi. 25 Mme Jeso aba biletsa ko go ene are," Le a itse gore babusi ba ditshaba baa ba gatelela, mme banna ba bone ba ba botlhokwa ba diragatsa taolo mo go bone. 26 Mme ga goa tshwanela go nna ka tsela e mo go lona. Lefa go ntse jalo, ope fela mo go lona yoo eletsang go nna mogolo o tshwanetse go nna motlhanka. 27 Ope fela yo o batlang go nna wa ntlha mo go lona o tshwanetse go nna motlhanka. 28 Fela jaaka Morwa motho a sa tla go direlwa, mme go direla le go neela botshelo jwa gagwe ele kgololo mo go ba le bantsi." 29 Jaaka ba ne ba tswa mo Jeriko matshwititshwiti a batho a ba sala morago. 30 Mme banna ba le babedi ba difofu ba bo ba dutse fa thoko ga tsela. Fa ba utlwa gore Jeso o feta , ba goeletsa. " Morena, Morwa Tafite re utlwele botlhoko". 31 Matshwititshwiti a ba kgalemela, ba re ba didimale, mme ba lela thata ko godimo, ba re " Morena, Morwa Tafite re utlwele botlhoko." 32 Mme Jeso a ema asa tshikinyege a ba bitsa are," Le rata ke le direle eng?" 33 Mme bare," Morena gore matlho a rona a bulege". 34 Mme Jeso, a tsamaya ka kutlwelo botlhoko, a kgoma matlho a bone. Ka ponyo ya leitlho ba amogela pono ya bone, ba mo sala morago.