Kgaolo 19

1 Ga diragala ka nako ya gore fa Jeso a fetsa mafoko a, atswa mo Galalea, a tla mo dipoteng tsa Judea ko moseja ga noka ya Jorotane. 2 A fodisa matshwititshwiti a aneng a mosala morago gone koo. 3 Bafarasai batla ko go ene, bamo leka, ba mo raa bare, '' Go kafa molaong gore monna o ka tlhala mosadi wa gagwe ka mabaka mangwe?'' 4 Jeso aba araba are, '' Gale ise le bale, gore yo o ba dirileng ko tshimologong o ba dirile e le monna le mosadi? 5 Ene yo o ba dirileng o buile jaana are, 'Ka lone le baka le, monna o tla tlogela rragwe le mmagwe go ya go nna le mosadi wa gagwe, mme bodedi bo tlaa nna nama ele nngwe'? 6 Ba tlaabo ba sa tlhole ba le babedi, mme e le nama e nngwe. Fagontse jaalo a ope aseka a kagaoganya se Modimo ase kopantseng." 7 Ba mo raa bare, ''Ke eng Moshe are file taelo ya gore re neele setlankana sa tlhalo ebe re mo tlogela a tsamaya?'' 8 A ba araba are,"Ntateng ya bothata jwa dipelo tsa lona Moshe o le letleletse gore le ka kgaogana le basadi ba lona, mme gotswa ko tshimologong ga go jalo. 9 Ke le raya kere, yo o tlogelang mosadi wa gagwe, e se ka bogokagadi, mme a nyala yo mongwe, o dira boakagadi. Mme le monna yo o nyalang mosadi yoo o tlhadilweng o dira boakagadi." 10 Barutwa ba Jeso ba mo raya bare, ''Mme fa e le gore seo ke kgang ka go nna monna le mosadi, ka jalo go molemo gore motho aseka a nyala". 11 Mme Jeso aba araba are,''Ga se botlhe ba ba ka dumalanang le thuto e, mme ha ese bao ba baletleletsweng go ka e emogela. 12 Ka go nale ba ba tshotsweng e le baopagadiwa gotswa ko popelong ya ga mmagwe. Le bao ba ba dirilweng baopagadiwa ke motho. Le baopagadiwa ba ba itirileng baopagadiwa ntateng ya mmuso wa modimo. Ope hela yo o ka kgonang go amogela thuto e, a a e amogele.'' 13 Bana ba tlisiwa ko go ene gore o ka ba baya diatla a ba rapelela, barutwa ba ba kgalemela. 14 Mme Jeso a re, tlogelang bana, mme le seka la ba kganela go tla ko go nna, ka bogosi jwa legodimo ke jwa baba ntseng jaaka bone. 15 Mme a ba baya diatla,morago a tsamaye gotswa. 16 Bonang,gatla monna ko go Jeso mme are,'' moruti, ke dife tse di molemo tse ke tshwanetseng go di dira go nna le botshelo jo bo sa khutleng?'' 17 Jeso a mo raya are, '''ka goreng o mpotsa ka se se molemo? Go ale mongwe o siameng, mme fa a batla go nna le botshelo, a tshegetse melawana.'' 18 Mme monna a mo raya are,'' melawana efe?'' Jeso are, '' o seka wa bolaya, o seka wa dira boakagadi, o seka wa utswa, o seka wa bua maaka, 19 Tlotla rrago le mmago, mme o rate babapi le wena jaaka o ithata.'' 20 Lekawana la mo raya lare,'' Tseo tshotlhe ke di tshegeditse.Ke santse ke tlhokang gape?'' 21 Jeso a mo raya are, ''Fao eletsa go siama, tsamaya,rekisa tseo nang natso, mme o dife batlhoki, mme otla nna le letlotlo ko legodimong. A bo o tlaa o ntshala morago,'' 22 Mme fa lekawana le utwa mafoko a Jeso, a tsamaya ka kutlobohloko, ka one a nale khumo e ntsi. 23 Jeso araya barutwa ba gagwe are,'' Ammaruri kea lo raya,go thata gore monna wa mohumi o ka bona bogosi jwa legodimo. 24 Gape kea lo raya, go motlhofo gore kamela e ka tsena ka thoba ya nnale, go nale gore monna wa mohumi a bone bogosi jwa Modimo.'' 25 Fa barutwana ba Morena ba utwa se, ba sala gamaregile bare, '' Mme ke mang yo a ka bolokwang jaanong?'' 26 Jeso a ba leba are, ''Mo bathong se gase kgonagale, mme ka Modimo tshotlhe dia kgonagala.'' 27 Mme Petere a araba are, ''Re tlogetse tshotlhe mme rago sala morago.Rona reya go boelwa ke eng? 28 Jeso a ba raya are,''Ammaruri ka lo raya, bao le ntshetseng morago, fa botlalong jwa go tsalwa sesha bo goroga fa morwa motho a nna mo toroneng ya gagwe ya kgalalelo, le lona le tlaa nna mo toroning tse lesome le bobedi, le atlhola marafe e e lesome le bobedi ya Iseraele. 29 Bao botlhe ba ba tlogetseng malwapa a bone ,bomorwarabone,bokgatsadiabone,borrabone, bommabone,le banaba bone, kana lefatshe ka ntlha ya leina lame, o tlaa fiwa go menagane ga lekgolo mme o tlaa rua botshelo jo bo sa khutleng. 30 Mme bontsi jwa ba ba ko pele gone jaana ba tlaa nna ba bofelo,mme bontsi jwa ba ba ko morago ba tlaa nna bantlha.