Kgaolo 18

1 Mo nakong eo barutwa ba gagwe ba tla kwa go Jeso ba mo raya ba re'' ke mang yo mogolo mo bogosing ba legodimo? '' 2 Jeso a biletsa ngwana yo monnye kwa go ene, a mmaya fa gare ga bone, a re'' 3 "Ke le bolelelela boammaruri ka re, go fitlhela motho a fetoga a tshwana le ngwana yo, ga a kitla a bona bogosi jwa legodimo. 4 Yo o ikokobetsang jaaka ngwana yo monnye yo, ke ene yoo mogolo mo bogosing jwa legodimo. 5 le ope yoo amogelang ngwana yo monnye mo leineng lame wa nkamogela. 6 Mme yo o dirang gore mongwe wa bana ba bannye ba yo o dumelang mo go nna a leofe, go ka nna botoka a bofelelwa letlapa le legolo mo thamong, abo a latlhelwa mo lewatleng. 7 Lefatshe le latlhegile ka ntlha ya dinako tse tsa dikgopisego, mme go tshwanetse gore dinako tse ditle, mme go latlhegile ene yo di dinako tseo di tlang ka ene. 8 Fa o kgopisega ka ntlha ya lebogo kgotsa leoto la gago, o le kgaole o le latlhe. Go botoka go tsena mo botshelong o tlhotsa kgotsa o na le bogole go na le go latlhelwa mo molelong yo o sa timeng o na le mabogo le maoto otlhe. 9 Fa o kgopisega ka ntlha ya leitlho, o le gonye o le latlhe. Go botoka mo go wena go tsena mo botshelong o le mogapa go na le go latlhelwa mo molelong yo o sa timeng o na le matlho otlhe. 10 Tlhomamisang gore ga le nyatse mongwe wa ba ba botlana ba, gonne ke le raya ke re baengele ba bone ba nna ba lebile sefatlhego sa Rara yoo kwa legodimong. 11 (Gonne morwa motho o tsile go boloka mo go neng go latlhegile) 12 Le akanya eng? Fa motho mongwe a na le dinku di le lekgolo, nngwe ya tsone e bo e timela, a ga a tlogele tse di masome a fera bongwe le metso e fera bongwe fa thoko ga thaba a ya go batla e e timetseng?. 13 Mme fa a e bona, ke le bolelela boammaruri gore o tla e itumelela bogolo go tse di masome a fera bongwe le metso e fera bongwe tse di neng di sa timela. 14 ka tsela e e ntseng jalo, ga se go rata ga ga rraetsho yo o kwa legodimong gore mongwe wa ba ba botlana ba a nyelele. 15 Fa morwa rrago a go leofetse, mmontshe phoso ya gagwe, le santse le le babedi, fa a reetsa o tla tsalana nae . 16 Mme faa sa reetse, bitsa morwa rrago a le mongwe kgotsa bomorwa rrago ba le babedi gore ka melomo ya basupi ba le ba bedi kgotsa ba la bararo lefoko lengwe le lengwe le tle le rurifadiwe. 17 Fa a gana go ba reetsa bolelela phuthego,faa gana go e reetsa le yone mo tsee jaaka moditshaba kgotsa mokgethisi. 18 Ke le bolelela boammaruri ka re, dilo tse o di bofileng mo lefatsheng le kwa legodimong di tla bofiwa, le tse o tla di bofololang mo lefatsheng le kwa legodimong di tla bofololwa. 19 Gape ke lo raya kere fa bobedi bo dumalana bo ba bo kopa mo lefatsheng ,Ntate yo o kwa legodimong o tla se ba direla. 20 Gonne fa bobedi kgotsa boraro bo kopane ka leina la me ke mo gare ga bone'' 21 Petere a tla kwa go Jeso a re, ''Morena ke itshwarele morwarre ga kae fa a mphoseditse ,Ga supa?'' 22 Jeso a mo raya a re'' A e se nne ga supa e nne masome a supa ga supa''. 23 ka jalo bogosi ja legodimo bo tshwana le kgosi nngwe e e neng e batla go phutha dikoloto mo batlhankeng ba gagwe. 24 Ga tliswa kwa go ene yo o neng a mo kolota ditalente tse di dikete tse di le some, 25 ka a ne a sena se a ka duelang ka sone ,kgosi ya laela gore a rekisiwe ga mmogo le mosadi le bana le tsotlhe tse a di a nang natso gore a a duele sekoloto. 26 Motlhanka a wela fatshe a khubama fa pele ga gagwe a re, ''Monngame intshwarele ke tla go duela gotlhe mo ke go kolotang''. 27 Kgosi ya tlala ka boutlwelo botlhoko a mo itshwarela sekoloto a bo a mo golola. 28 Mme motlhanka yo a tsamaya ya re a le mo tseleng a kopana le motlhanka yo mongwe yo o mo kolotang madi a lekang tuelo ya matsatsi a le lekgolo ,a mo tshwara , a mo kgama a mo raya a re, '' Ntuela gotlhe mo o go nkolotang''. 29 Motlhanka yo a khubama, a mo kopa a re, ''Nna pelo telele ke tla go duela gotlhe mo ke go kolotang''. 30 Motlhanka wa ntlha a gana go mo reetsa, a mo latlhela mo kgolegelong gore a duele gotlhe mo a go mo kolotang. 31 Ya re batlhanka ba bangwe ba bona se se diragetseng,ba tlala tshakgalo ba ya go bolelela mong wa bone tsotlhe tse di diragetseng. 32 Mong wa gagwe a mmitsa are, ''Motlhanka ke wena yoo bosula, ke go itshwaretse ka o ne o nkopa, 33 a o ka bo o sa utlwela botlhoko motlhanka ka wena jaaka ke go itshwaretse?'' 34 Mong wa gagwe a tlala ka bogale a mo neela basotli go fitlhela a mo duela gotlhe mo a go kolotang. 35 Ka jalo Rara yoo kwa legodimong o tla le dira jalo fa le sa itshwarele bangwe ka lona go tswa mo teng ga pelo.