Kgaolo 3

1 Ka jalo, bakaulengwe ba ba itshepileng, lo kopanetse pitso ya selegodimo. Akanyang ka Jeso, moaposetolo le moperesiti mogolo wa boipolelo jwa rona. 2 O ne a ikanyega mo Modimong, yo a mo tlhomileng, fela jaaka Moshe a ne a ikanyega mo ntlong ya Modimo. 3 Gonne Jeso o kailwe a tshwanetswe ke kgalalelo e kgolo go feta Moshe, go nne yo o agileng ntlo o nale tlotlo e kgolo go feta ntlo. 4 Gonne ntlo nngwe le nngwe e agilwe ke motho, mme yo o agileng dilo tsotlhe ke Modimo. 5 Ka ntlha e nngwe, Moshe o ne a ikanyega jaaka motlhanka mo ntlong yotlhe ya Modimo. O ne a le bopaki ka dilo tsotlhe tse di tla a diragalang mo nakong e e tlang. 6 Keresete ke Morwa yo o mo taolong ya ntlo ya Modimo. Re ntlo ya gagwe fa re tshwarelela mo kgothalong ya rona le mo tshepong e re ikgatlhang ka yone. 7 Ka jalo, go ntse fela jaaka Moya o o boitshepo o buang ka teng o re," Gompieno, fa le utlwa lentswe la gagwe 8 le seka la thatafatsa dipelo tsa lona mo boingaoding,jaaka nako ya teko mo Sekakeng. 9 Se e ne e le fa borralona mogolo ba ingaola ka go nteka, le fa ba ntse ba bone ditiro tsame dingwaga di le masome mane. 10 Ka jalo, ke ne ka seka ka itumelela kokomane eo. Ke rile," Ba latlhegile mo dipelong tsa bone ka nako tsotlhe. Ga ba ise ba ke ba itse ditsela tsame." 11 Go ntse jaaka ke ikana ka tenego yame ke re: ' Ga ba kitla ba tsena mo boitapolosong jwame." 12 Elang tlhoko bakaulengwe, gore go se nne ope wa lona yo o pelo e bosula e e sa dumeleng, e e huraletseng Modimo yo o tshelang. 13 Le fa go ntse jalo, kgothatsanang "letsatsi le letsatsi," go santse go nale nako, " go re go se nne ope wa lona yo o thatafadiwang ka tsietsego ya boleo. 14 Ka gore re nnile batsaya karolo le Keresete fa re tshwarelela ka thata tshepo ya rona mo go ene go simolola kwa tshimologong go ya kwa bofelong. 15 Ka se go builwe gatwe, "Gompieno, fa le utlwa lentswe la gagwe, le seka la thatafatsa dipelo tsa lona mo boingaoding." 16 Ke mang ene yo o utlwileng Modimo a bo a ingaola?A ga se ba ba neng ba tswa Egepeto ka Moshe? 17 Bone ba a neng a ba galefetse dingwaga tse di masome mane? A ga se bone ba ba neng ba leofile, ba ditopo tsa bone di wetseng mo sekakeng? 18 Ke bafe ba a ba ikanetseng gore ga ba kitla ba tsena mo boitapolosong, fa e ne e se ba ba mo tlhoketseng kutlo? 19 Re bona gore ba ne ba seka ba kgona go tsena mo boitapolosong ka lebaka la go tlhoka go dumela.