Kgaolo 4

1 Ke fa taolo ena e e tlhwaafetseng fa pele ga Modimo le Keresete Jeso, o otla atlholang batshidi le baswi, mme ka ntata ya go bonala ga gagwe le bogosi jwa gagwe: 2 Rera lefoko. Nna o ipaakantse fa go siame lefa go sa siama. Supa molato, kgalema, kgothatsa, ka bopelotelele le thuto. 3 Gonne nako etla tla e batho ba tla sekang ba itumelele thuto ya nnete. Boemong, batla ikgobokanyetsa baruti go eng kafa dikeletsong tsa bone. Ba tla tlakisa ditsebe tsa bone. 4 Batla tla tlhanogela go utlwa boammaaruri, batla fetogela ko dithutong tsedi seng nnete. 5 Mme wena, nna le tlhaloganyo ee itekanetseng mo dilong tsotlhe. Boga diteko; dira tiro ya moefangele; rurifatsa godirela ga gago. 6 Gonne ke setse ke tsholotswe. Nako ya gore ke tsamae e setse e tlile. 7 Ke gaisantsane mo kgaisanyo ee siameng; ke feditse lebelo; ke tshegeditse tumelo. 8 Ke beetswe serwalo sa tshiamo, se Morena, moatlhodi oo tshiamo, atla se nneelang ka letsatsi leo. Ebile e seng nna fela, mme go botlhe ba ba ratileng go iponatsa ga gagwe. 9 Dira ka thata gore otle ko go nna ka pela. 10 Gonne Temase o ntlogetse. O rata lefatshe lena mme o ile Thesalonika. Keresane o ile Galatia, le Thaethase o ile Talematia. 11 Luke ke ene a nang le nna fela. Tsaya Mareko otle le ene gonne o mosola mo go nna mo tirong. 12 Ke rometse Tachase ko Efesase. 13 Kojwana e ke e tlogetseng ko Toroase le Kapase, tlaa le yone ga otla, le dikwalo, segolo jang tsa letlalo. 14 Alekesantere mmetli wa kopore o supile dilo tse dintsi tsedi di bosula kgatlhanong le nna. Morena otla mo duela go eng kafa ditirong tsa gagwe. 15 Le wena o itlhokomele kgatlhanong le ene, ka gore o ganeditse thata mafoko a rona. 16 Ka go itshireletsa ga me ga ntlha, ga gone ope o o neng a eme le nna. Boemong, mongwe le mongwe one a ntlogela. A go se balwe kgatlhanong le bone. 17 Mme Modimo one a ema le nna le go nthatafatsa gore, ka ga nna, puo etle e diragale ka botlalo, le gore Baditshaba botlhe ba utlwe. Kene ka namolwa mo leganong la ditau. 18 Morena otla nkgolola mo tirong nngwe le ngwe e e bosula mme otla mpolokela bogosi jwa gagwe jwa legodimo. Ko go ene ago nne kgalalelo go eng ka bosakutleng. Amen. 19 Dumedisa Poresela, Akwila, le ntlo ya ga Onesephorase. 20 Erasetase o setse ko Korinta, mme Tofemase ke mo tlogetse a lwala ko Meletase. 21 Dira ka thata gore otle pele ga mariga. Obulase wago dumedisa, le Podine, Lenase, Telaodia, le bakaulengwe botlhe. 22 A Morena a nne le mowa wa gago. A tshegofatso e nne le wena.