Kgaolo 2

1 Jaanong ka ga go tla ga ga Morena Jeso keresete le go kgobokana mmogo go nna le ene: Re a le kopa, bakaulengwe, 2 le seka la kgorelediwa kana la tshwenyega motlhofo, le fa e le ka moya, kgotsa ka molaetsa, kana ka lekwalo le le lebegang le tswa ko go rona, ka lebaka la gore letsatsi la morena le setse le gorogile. 3 O se ka wa letlelela ope gore a go tsietse ka gope. Gonne ga le kitla le tla go fitlheleng morago ga tlhakatlhakano e tla, mme monna yo o senang melao a bonagadiwa, morwa tshenyo. 4 ke ene a ganetsang le yo o itsholetsang kgatlhanong le tse di amanang le Modimo kana tse di obamelwang. Ka jalo, o nna mo tempeleng ya modimo a bo a ikaya jaaka modimo. 5 A ga le gakologelwe gore fa ke ne ke na le lona ke ne ka le bolelela dilo tse? 6 Gompieno le itse se se mo kganelang, gore a tle a bonaladiwe fela ka nako e e tshwanetseng. 7 Gonne masaitseweng a go tlhoka molao a setse a bereka, Fela go na le mongwe yo o mo kganelang mo bogompienong go fitlhela a ntshiwa mo tseleng. 8 Gonne yo o sa obameleng molao o tla bonagadiwa, ene yo Morena Jeso a tla mmolayang ka mohemo wa molomo wa gagwe. Modimo o tla mo supa e se sepe mo tshenolelong ya go tla ga gagwe. 9 Go tla ga ga yo o sa obameleng molao, ke ka lebaka la ditiro tsa ga satane le maatla otlhe, ditshupo, dikgakgamatso tse e seng tsa boammaruri, 10 le tsietso yotlhe ya go tlhoka tshiamo. Dilo tse e tla nna tsa ba ba nyelelang, Gonne ga ba amogela lorato la nnete gore ba bolokwe. 11 Ka lebaka le modimo o ba romela tiro ya tlhakatlhakano gore ba dumele maaka. 12 Lebaka ke gore ba botlhe ba tla atlholwa, ba ba sa dumelang nnete mme ba itumedisiwa ke go tlhoka tshiamo. 13 Mme re tshwanetse go isa malebogo ko Modimong ka lona, bakaulengwe ba ba ratwang ke Modimo. Gonne Modimo o le kgethile go nna maungo a ntlha mo polokong le mo go itshepisiweng ga moya le dumela mo boammaaruring. 14 Se ke se a se go bileditseng ka mafoko a molemo go amogela kgalalelo ya Morena Jeso keresete . 15 Ka jalo, bakaulengwe, thatafalang. Tshegetsang dingwao tse le di rutilweng, ka lefoko kgotsa ka lokwalo. 16 Jaanong a Morena wa rona keresete Jeso ka bo ene, le Modimo rraarona yo o re ratileng, a bo a re fa kgomotso ya bosakhutling le ka tsholofelo ee molemo ka tshegofatso, 17 gomotsang dipelo tsa lona le di tlhomamise mo tirong tse di ntle le mo lefokong.