Kgaolo 9

1 A ga ke a gololesega? A ga ke moaposetola? A ga ke a bona Jeso Morena wa rona? A ga le tiro yame mo Moreneng? 2 Fa ke se moaposetole mo go ba bangwe, bogolo ke ene mo go lona. Gonne le thurifatso ya aposetole jwa me mo Moreneng. 3 Se ke itshereletso ya me mo go ba ba ntlhatlhobang. 4 A ga re na le tshwanelo ya go ja le go nwa? 5 A ga rena tshwanelo ya go tsaya mohumagadi yo o dumelang, jaaka baaposetola botlhe, le bakaulengwe ba Morena, le Sefase? 6 Kana ke nna le Baranabase fela ba re tshwanetseng go bereka? 7 Ke mang yo o direlang jaaka lesole le le iperekelang? Ke mang yo o lemang tshingwana ya mofine mme a bo a sa je maungo a yone? Kana yo o tlhokomelang letsomane a bo a sa nwe masi a lone? 8 A ke bua dilo tse ke beile mo taolong ya setho? A molao le one ga o bue se? 9 Gonne go kwadilwe mo molaong wa ga Moshe,'' O seka wa thiba kgomo molomo fa e batla phulo.'' A ke ka kgomo se Modimo a kgathalang ka ga sone? 10 A ga a bue ka rona? Re ne re kwaletswe, gonne yo o lemang o tshwanetse go lema ka tsholofelo, le yo o phothang o tshwanetse go photha ka tsholofelo ya go arogana thobo. 11 Fa re lemile dilo tsa semoya magareng ga lona, a gago go gontsi mo go rona go roba dilo tse di tshwaregang mo go lona? 12 Fa e le gore bangwe ba diragaditse tshwanelo e go tswa mo go lona, ga rena epe gape? Le fa go ntse jalo, ga re a tsaya tshwanelo e. Ka jalo, re itshoketse sengwe le sengwe kwa go na le go thibela thero ya ga Keresete. 13 A ga lo itse gore ba ba direlang mo tempeleng ba tsaya dijo tsa bone kwa tempeleng? A ga lo a itse gore ba ba direlang kwa aletareng ba arogana se se neelwang kwa aletareng? 14 Mme ka ntlha e, Morena o laotse gore ba ba rerang efangedi ba tshwanetse go tshela go tswa mo efangeding. 15 Mme ga ke ise ke tseye dipe tsa ditshwanelo tse. Mme ga ke kwale se gore ke direlwe sengwe. Ke ka mpa ka swa go na le gore mongwe a nthontshe go ipoka mo. 16 Gonne fa ke rera efangedi, Ga ke na lebaka lepe la go ipoka, ka gore ke tshwanetse go dira se. Mme a phutso e nne mo go nna fa ke sa rere efangedi! 17 Gonne fa ke dira se ka go batla, ke na le tuelo. Mme fa ke sa batle, ke santse ke na le maikarabelo a ke tshephilweng ka one. 18 Jaanong tuelo ya me ke eng? Gore fa ke rera, ke ka rera efangedi ke sa duedise le ke sa tseye tshwanelo ya me mo efangeding. 19 Le fa ke gololesegile mo go tsotlhe, Ke nnile motlhanka mo go botlhe, gore ke tle ke gape ba le bantsi. 20 Go Bajuta ke nnile jaaka Mojuta, gore ke fenye Bajuta. Go ba ba ka fa tlase ga molao, Ke nnile jaaka bone gore ke fenye ba ba ka fa tlase ga molao.Ke dirile se le fa nna ka bo nna ke ne ke se ka fa tlase ga molao. 21 Go bao ba ba kwa ntle ga molao, Ke nnile jaaka yo o kwa ntle ga molao, Le fa nna ke ne ke se ka fa ntle ga molao wa Modimo, mme ka fa tlase ga molao wa ga Keresete.Ke didrile se go re ke fenye ba ba kwa ntle ga molao. 22 Mo go ba ba bokoa ke nnile bokoa, gore ke tle ke fenye ba ba bokoa. Ke nnile dilo tsotlhe mo bathong botlhe, gore ka bo jotlhe ke boloke bangwe. 23 Ke dira dilo tsotlhe ka lebaka la efangedi, gore ke tle ke tseye karolo mo ditshegofatsong tsa yone. 24 A ga lo a itse gore mo lobelong batabogi botlhe ba taboga lobelo, mme a le mongwe o amogela sekgele? Jaanong tabogelang go fenya sekgele. 25 Motabogi o a itlhokomela mo ikatisong ya gagwe. Ba dira se go amogela serwalo se se nyelelang, mme re tabogela go fenya serwalo se se sa nyeleleng. 26 Jaanong ga ke taboge ke sena maikarabelo kana ke lwantsha phefo. 27 Mme ke neela mmele wa me, ke bo ke o dira lekgoba, gore fa ke sena go rerela ba bangwe, le nna ke seka ka ganwa.