Kgaolo 12

1 Ka ga dimpho tsa semoya, bakaulengwe, ga ke batle gore le tlhoke go itse. 2 Le itse gore fa lo ne le obamela medingwana ya disetwa, le ne la latlhega ka ntlha ya medingwana ya disetwa e e senang lentswe, ka tsela epe fela e ne e le laola. 3 Ka jalo ke batla le itse gore ga go ope yo o ka buang ka Moya wa Modimo a re "Jeso o tlile go otlhaiwa." Ga go ope yo o ka reng, "Jeso ke Morena," fela fa e se ka Moya yo o Boitshepo. 4 Jaanong go na le dineo tse di farologaneng, mme Moya yo o tshwanang. 5 Go na le madiredi a a farologaneng, mme Morena yo o tshwanang; 6 gape go na le mefuta e e farologaneng ya tiro, mme ke Modimo yo o tshwanang yo o dirang gore di kgonagale mo go mongwe le mongwe. 7 Jaanong mongwe le mongwe o filwe tebego ya Moya go nna mosola mo go botlhe. 8 Gonne yo mongwe o fiwa ke Moya lefoko la botlhale, mme yo mongwe lefoko la kitso ka Moya yo o tshwanang. 9 Yo mongwe o fiwa tumelo ka Moya yo o tshwanang, yo mongwe dineo tsa go fodisa ka Moya o le mongwe. 10 Yo mongwe o fiwa ditiro tsa maatla, le yo mongwe seporofeto. Yo mongwe o fiwa bokgoni jwa go farologanya fa gare ga mewa, yo mongwe mefuta e e farologaneng ya diteme, le yo mongwe go tonokolola diteme. 11 Mme Moya o le mongwe yo o tshwanang o bereka mo go tsotlhe tse, o neela mongwe le mongwe dineo, jaaka a ikgethela. 12 Fela jaaka mmele o le mongwe gape o na le dikarolo tse di ntsi mme tsotlhe ke dikarolo tsa mmele yo o tshwanang, go ntse jalo ka Keresete. 13 Gonne ka Moya o le mongwe re ne ra kolobediwa mo mmeleng o le mongwe, o le Mojuta kana Mogerika, o bofilwe kana o gololesegile, mme botlhe ba ne ba dirwa go nwa mo Moyeng o le mongwe. 14 Gonne mmele ga se karolo e le nngwe, mme di dintsi. 15 Fa lonao le re "Ka gore ga ke seatla, ga ke karolo ya mmele," ga go reye gore ga se karolo ya mmele. 16 Le fa tsebe e ka re, "Ka gore ga ke leitlho, ga ke karolo ya mmele," ga go reye gore ga se karolo ya mmele. 17 Fa mmele otlhe e ne e le leitlho, karolo ya go utlwa e ne e tla bo e le fa kae? Fa mmele otlhe e ne e le tsebe, karolo ya go nkga e ne e tla bo e le kae? 18 Mme Modimo o golagantse karolo nngwe le nngwe ya mmele ka fa a e dirileng ka teng. 19 Fa tsotlhe e ne e le karolo e e tshwanang, mmele o ne o tla bo o le kae? 20 Jaanong ke dikarolo tse di ntsi, mme mmele o le mongwe fela. 21 Leitlho ga le ka ke la raya seatla le re "ga ke go tlhoke." Le tlhogo ga e reye lonao e re "ga ke go tlhoke." 22 Mme dikarolo tsa mmele tse di lebegang di le bokoa di a tlhokagala, 23 le dikarolo tsa mmele tse re akanyang gore ga di tlotlege thata, re di neela tlotla e kgolo, le dikarolo tsa rona tse di sa lebegeng, di na le seriti se se ntsi. 24 Jaanong dikarolo tsa rona tse di lebegang ga di tlhoke go fiwa seriti, ka gore di setse di na le seriti. Mme Modimo o kopantse dikarolo tsotlhe mmogo, mme o file tse di sa tlotlegeng tlotla e ntsi. 25 O dirile se gore go se ka ga nna le kgaogano mo mmeleng, mme gore dikarolo di tlhokomelane ka maikutlo a a tshwanang. 26 Ka jalo fa karolo e le nngwe e boga, dikarolo tsotlhe di boga mmogo; kgotsa fa karolo e le nngwe e tlotlwa, dikarolo tsotlhe di ipela mmogo. 27 Jaanong le mmele wa ga Keresete mme le dikarolo tsa one ka bongwe ka bongwe. 28 Mme Modimo o tlhomile baaposetolo la ntlha mo kerekeng, la bobedi baporofeta, la boraro baruti, le ba ba dirang ditiro tse di maatla, dineo tsa go fodisa, ba ba neelang dithuso, ba ba dirang tiro ya botsamaisi, le ba ba nang le mefuta e e farologaneng ya diteme. 29 A botlhe ke baaposetola? A botlhe ke baporofeta? A botlhe ke baruti? A botlhe ba dira ditiro tse di maatla? 30 A botlhe ba na le dineo tsa go fodisa? A botlhe ba bua ka diteme? A botlhe ba tolokolola diteme? 31 Batlang dineo tse di kgolo ka tshesego. Mme ke tla le bontsha tsela e e bonokopila le go feta.