Kgaolo 5

1 Gakolologelwa, Modimo Yawe, Re diragaletswe keng, leba o bone matlhabisa ditlhong a rona. 2 Boswa jwa rona bo neetswe batho ba re sa ba itseng; matlo a rona a neetswe batswa kwa. 3 Re fetogile masiela, ga re na borraarona, le bommaarona o kare batlholagadi. 4 Re tshwanetse ra duela selefera go bona metsi a go nwa, re tshwanetse ra duela selefera go nna le dikgong tsa rona. 5 Ba ba re alotseng ba gaufi le rona; re lapile e bile ga re bone boitapoloso. 6 Re ineetse Egepeto le Aseria go bona dijo tse di lekanyeng. 7 Borrarona ba leofile, e bile ba sule, mme re bogela maleo a bone. 8 Makgoba a a re busa, mme ga gona yo o ka re gololang mo diatleng tsa bone. 9 Re bona dijo fela ka go tsenya matshelo a rona mo diphatseng, ntateng ya tshaka e e mo sekakeng. 10 Matlalo a rona a ntse molelo jaaka pitsa ntateng ya mogote wa tlala. 11 Basadi ba a betelelwa kwa Sione, le makgarejwana kwa ditoropong tsa Juta. 12 Dikgosana di kalediwa ka diatla tsa tsone, e bile ga go na tlotlo mo bagolwaneng. 13 Makawana a patelediwa go sila mabele ka lejwaana, le basimane ba thetheekela ntateng ya morwalo o o bokete wa dkgong. 14 Bagolo ba tlogetse kgoro ya toropo, le basimane ba tlogetse moopelo wa bone. 15 Boitumelo jwa pelo ya rona bo fedile e bile go bina ga rona go fetogile kutlobotlhoko. 16 Korone e ole mo tlhogong ya rona; go hutsegile rona, ka gore re leofile! 17 Ka se pelo ya rona e a lwala, le matlho a rona a ngotlega pono, ka dilo tse matlho a rona a ngotlega pono 18 ka thaba ya Sione e latlhilwe, e bile bophokoje ba tsamaya ka go rata mo go yone. 19 Mme wena, Yawe, busa ka bosakhutleng, mme o tlaa nna mo setilong sa gago sa bogosi go tswa kokomaneng go ya kokomaneng. 20 Ke eng o re lebalela ruri? Ke eng o re latlha malatsi a mantsi? 21 Re buseletse kwa go wena, Yawe, mme re tlaa buseletsega. Shafatsa malatsi a rona jaaka a ne a ntse mo lebakeng le le fitileng, 22 fa e se gore o re ganne e bile o re galefetse go feta selekanyo.