1 2 Jakobe le ene a tswelela le mosepele wa gagwe mme baengele ba Modimo ba kopana le ene. fa Jakoba a ba bona ,a ba raya a re ''fa ke bonno ja Modimo,'' ka jalo a bitsa lefelo leo a re Mahanaime. 3 Jakobe a romela barongwa go tsamaela ko pele ga gagwe go ya kwa go morwa rragwe Esau kwa lefatsheng la Seire , mo kgaolong ya Etoma. 4 A ba laola , a re , ''Se ke se le tla se rayang mong wame Esau: se ke se motlhanka wa gago Jakobe a se buang: Ke ntse ke nna le Labane ebile ke diegisitse go boa game gompieno. 5 Ke na le dikgomo,ditonki,dihutshane,batlhanka ba borre le ba bomme.Ke rometse molaetsa o ko go mong wame,gore ke bone botsalano mo matlhong a gago.'' 6 Barongwa ba boela ko go Jakobe mme ba re,'' Re ile ko go morwa rrago Esau.O etla o tile go kopana le wena mme o tle le banna ba le 400.'' 7 Jakobe o ne a tshogile e bile a tenegile.Ka jalo a kgaoganya batho ba a neng a na le bone ka ditlhophana tse pedi,le dihutshane,dikgomo le dikamela. 8 A re,''Fa Esau a tla a tlhasela setlhopha se le sengwe se sengwe se tla sia. 9 Jakobe are,''Yahweh Modimo wa bo rre ebong Aborahama le Isake,wena yo o ntheileng wa re, 'boela kwa lefatsheng la gago le kwa go ba lelwapa la gago mme ke tla go atlisa, '' 10 Ga ke tswanelwe ke ditiro tsa gago tsotlhe tsa kgolagano ya boikanyego le go tshephafala mo o go diretseng motlhanka wa gago.Ke kgonne go tola Jorotane ka thobane yame, mme jaanong ke ntse digopa di le 2. 11 Ke kopa gore o nkgolole mo matsogong a ga morwa rre,Esau ka gore ke a mo tshaba gore o tla tla a bo a ntlhasela nna le basadi ba ba nang le bana. 12 Mme o ntheetse wa re, 'ke tlile go dira gore o atlege.Ke tla dira dikokomane tsa gago jaaka mmu wa lewatle ba ba ka sekeng ba balege ka ntlha ya palo ya bone. 13 Jakobe a lala foo bosigo botlhe.A tsaya bontlha bongwe ja se a nang le sone e le mpho ya ga morwa-rragwe Esau: 14 dipodi tse di namagadi di le 200,diphoko di le 20,dinku di le 200,diphelefu di le 20, 15 dikamela tse di amusang di le 30 ga mmogo le bana ba tsone,dikgomo di le 40 le dipoo di le 10,ditonki tse di namagadi di le 20 le tse ditonanyana di le 10. 16 Tse a di baya mo matsogong a batlhanka ba gagwe,setlhopha sengwe le sengwe se le nosi.A laela batlhanka ba gagwe a re, ''Nketlelelang pele mme lo sie phatlha fa gare ga ditlhopha. 17 A laola motlhanka wa ntlha a re,''Fa o kopana le morwa-rre Esau,a bo a go botsa gore,'O motho wa ga mang? O ya kae? ke leruo la ga mang le le fa pele ga gago?'' 18 Mme o tla re ''Ke tsa ga motlhanka wa gago Jakobe.Ke dimpho tse di rometsweng kwa go mong wame Esau.Bona,le ene o etla kwa morago ga rona.'' 19 Jakobe le ene a fa segopa sa bobedi,sa boraro le banna botlhe ba ba neng ba setse dikgomo morago ditaelo.A re, ''Fa le kopana le Esau le tla mmolelela se se tshwanang. 20 Gape le mo ree le re, ''motlhanka wa gago Jakobe o etla kwa morago ga rona.'' Ka gore o ne a akanya gore,'''ke tlaa mo nolofatsa ka dimpho tse ke di rometseng kwa pele game.Etlaare moragonyana,fa ke mmona,gongwe o tla nkamogela.'' 21 Ka jalo dimpho tsa tsamaela kwa pele ga gagwe.O ne a lala bosigo kwa bothibelelong a le nosi. 22 Jakobe o ne a tsoga gare ga bosigo,a tsaya basadi ba gagwe ka bobedi,batlhanka ba gagwe ba basadi ba le babedi ,le barwa ba gagwe ka bo 11.A ba todisa noka ya Jabboka. 23 Ka tsela e a ba romela go tola molatswana ga mmogo le dithoto tsa gagwe tsotlhe. 24 Jakobe a sala a le nosi,mme monna a lwa le ene go fitlha letsatsi le tlhaba. 25 Fa monna a bona gore ga a kake a kgona go mo fenya,a bo a mo itaa mo lethekeng.Jaaka a ne a lwa le ene Jakobe o ne a tsipoga letheka. 26 Monna a re,''Ntla ke tsamae ka gore letsatsi le tlhabile''. Jakobe a re,''Ga nkake ka go tlogela o tsamaya ntleng le go ntshegofatsa.'' 27 Monna a mo raa a re, ''Leina la gago ke mang?'' Jakobe a re, ''Jakobe''. 28 Monna a re, ''Leina la gago ga e sa tlhola e le Jakobe mme ke Israele.Ka gonne o lolwe le Modimo le motho mme wa fenya. 29 Jakobe a mmotsa a re, ''tswee tswee mpolelele leina la gago.'' A re, ''Ke eng o botsa leina lame?'' Mme a mo segofatsa. 30 Jakobe a bitsa lefatshe leo leina a re Peniela ka o ne a re, ''Ke bone Modimo sefatlhego le sefatlhego re lebane ebile ke golotswe.'' 31 Letsatsi la tswela Jakobe jaaka a ne a feta ka Peniela.O ne a tlhotsa ka lobaka la noka ya gagwe. 32 Ke ka moo gompieno batho ba Israele ba sa je sekgono se se fa nokeng,ka gore monna o ne a golafatsa dikgano tseo fa a tsipola Jakobe noka.