Kgaolo 9

1 Ke bone Morena a eme fa thoko ga aletara, mme are, ''Betsang ko godimo ga dipilara gore motheo o tshikhinyege. Di thubaganye ditokitoki mo ditlhogong tsa bone botlhe, mme ke tlaa bolaya wa bofelo wa bone ka tshaka. Ga gona ope wa bone yo o tlaa tsamayang, ga gona ope wa bone yo o tla falolang. 2 Le fa ba epile ko diheleng gone koo letsogo lame le tlaa ba ntsha. Le fa ba ka palamela ko legodimong, ke tlaa ba tlisa tlase. 3 Le fa ba ka iphitlha ko godimo ga thaba ya kamela, gone koo ke tlaa ba senka ke ba tsaya. Le fa ba iphitlhile ke sa ba bone kwa tlase ga lewatle , gone koo ke tlaa laela dinoga gore di ba lome, mme di tlaa ba loma. 4 Le fa ba le mo botshwarong, ba laolwa ke baba ba bone, Mme jaanong ke tlaa laela tshaka, e tlaa ba bolaya. Ke tlaa tlhoma matlho ame mo go bone go ba gobatsa mme eseng molemo.'' 5 Morena, Modimo Yawe wa masomosomo a kgoma lefatshe mme la nyerologa; botlhe ba ba mo go lone baa lela; gotlhe mo go tla emelela jaaka noka; mme ga kokobala gape jaaka noka ya Egepeto. 6 Ke ene yo o agang madulo a gagwe a mantle ko legodimong, mme o agela lefatshe maikokotelo. O gelela metsi a lewatle a a dire maru mme a ba a a tshela mo lafatsheng, Modimo Yawe ke leina la gagwe. 7 A ga le tshwane le batho ba Ethopia mo go nna, batho ba Iseraele?- Se ke polelo ya ga Modimo Yawe. A ga ke a ntsha Israele mo lefatsheng la Egepeto, Bafilisitia go tswa Keretea, le ba Aramea go tswa Kiri? 8 Bona, matlho a Morena Yawe a mo bogosing jwa boleo, Mme ke tlaa e senyaka mo ponong ya lefatshe, ko ntle ga gore ga nke ke senyake ba ntlo ya ga Jakoba gotlhelele - go bua Modimo Yawe. 9 Bona, ke tla ntsha taolo, mme ke tla tshikhinya ntlo ya Iseraele mo gare ga ditshabatshaba, jaaka mongwe a tshikhinya mabele mo loselong. Gore le fa ele letlapa le lennye le seka la wela fa fatshe. 10 Batho botlhe bame ba ba leofileng ba tlaa swa ka tshaka, ba ba reng, 'dipetso tsa tlholego ga di kitla di re fitlhelela.' 11 Ka letsatsi leo ke tla emeletsa tante ya ga Tafite e e oleng, Mme ke tlaa thiba diphatlha tsa yone. ke tlaa emeletsa fa go senyegileng, mme ke tlaa e aga gape jaaka mo malatsing a bogologolo. 12 Gore ba tle ba rue masalela a ko Edoma, le ditshaba tsotlhe tse di bidiwang ka leina lame- e ke puo ya ga Modimo Yawe, yo odirang se. 13 Bona, malatsi a tla a tla- se ke polelo ya ga Modimo Yawe- fa mojwadi a tla a feta morobi - mme mosidi wa moretlwa o tlaa feta ene yo o jwadileng peo. Dithaba di tlaa ntsha mofine o o sukiri, mme mantswe otlhe a tla a ela ka one. 14 Ke tlaa ntsha mo botshwarong batho bame ba Iseraele. Ba tlaa aga ditoropo tse di senyegileng mme ba tlaa di rua. Ba tlaa lema ditlhare tsa mofine mme ba tlaa nwa mofine wa tsone, ba tlaa dira tshingwana abo ba a ja maungo a teng. 15 Ke tlaa di lema mo lefatsheng la bone, mme ga di kitla di tlhomololwa gape mo lefatsheng le ke le ba fileng,'' ga bua Yawe Modimo wa gago.