Kgaolo 7

1 Se ke se Modimo Yawe a se mpontshitseng. Bona, o bopile lesogodi la tsie ka nako ya fa dijalo tsa mariga di simolola go tlhoga, bona, e ne e le dijalo tsa bofelo morago ga thobo ya kgosi. 2 Fa ba fetsa go ja maungo a naga, a bo ke re, "Modimo Yawe, itshwarele, Jakoba o ka tshela jang? Ka gore o monnye thata". 3 Modimo Yawe a fetoga malebang le se. "Ga go kake ga diragala", a fetola. 4 Se ke se Modimo Yawe a se nkaeditseng: Bona, Modimo Yawe o biditse molelo go tla go atlhola. O kgadisitse morwalela, metsi ka fa tlase ga lefatse gape o fisitse dilo tsotlhe mo lefatshing. 5 Mme ka re, "Modimo Yawe, emisa, Jakoba o tla a tshela jang? Ka gore o mmonnye thata". 6 Modimo Yawe a fetoga malebang le se. "Ga go ka ke ga diragala", a fetola. 7 Se ke se a se nkaedtseng: Bona, Modimo Yawe o eme fa thoko ga lebota, o tshotse mogala o o nang le bokete ko bofelong o o tlhamalatsang kago. 8 Modimo Yawe a nthaya a re, "Amose, o bona eng?" Ka mo raya ka re, mogala yo o tlhamalatsang kago", Modimo Yawe a re, Bona, ke tla a baya mogala o mo bathong bame ba Iseraele, ga nkitla ke ba lesa". 9 Mafelo a a ko godimo a ga Isaka a tla a senyakiwa, le mafelo a mangwe a a botlhokwa a tla a senyakiwa, mme ke tlaa tsogologela ba ntlo ya ga Jeroboame ka tshaka. 10 Jalo Amasia, Moruti wa Bethele, a romela molaetsa kwa go Jeroboame, kgosi ya Iseraele: "Amose o akanya go go direla bosula fa gare ga ntlo ya Iseraele. Batho ga ba kgone go tlhaloganya lefoko lotlhe la gagwe. 11 Ke ka gonne Amose o bua jaana, 'Jeroboame o tla a bolawa ka tshaka, mme Iseraele o tlaa fudusiwa mo lefatshing la gagwe."' 12 Amasia a raya Amose a re, "Rra, tsamaya, boela ko lefatsheng la Juta, o fitlhe o je borotho mme o bo o porofita. 13 Mme o seka wa tlhola o porofita mo Bethele, gonne ke lefelo la botlhokwa la kgosi le ba ntlo ya bogosi." 14 Jalo Amose a raya Amasia a re, ga ke moporofiti e bile ga ke ngwana wa moporofiti. Ke modisa wa letsomane, e bile ke tlhokomela ditlhare tsa mosekamore. 15 Mme Modimo Yawe a ntsaya mo go tlhokomeleng letsomane a nthaya a re, 'Tsamaya, porofita ko bathong ba me ba Iseraele.' 16 Jaanong utlwa lefoko la Modimo Yawe. Bua o re, Se porofite kgatlhanong le Iseraele, e bile se bue kgatlhanong le ba ntlo ya ga Isaka. 17 Morago ga hoo Modimo Yawe a re, "Mosadi wa gago o tla a akafala mo toropong; Barwa le Barwadio ba tla a digwa ka tshaka; lefatshe la gago le tla a kalwa le bo le kgaoganngwa; o tla a swela mo lefatsheng le le makgapha mme Iseraele o tla a fudusiwa mo lefatshing la gagwe.'"