Kgaolo 2

1 Kgwedi ya bosupa ka letsatsi la bomasome a mabedi le bongwe, lefoko la Morena la tla ka letsogo la ga Moporofeta Hagae, le re, 2 ''Bua le mmusi wa Juta ,Serubabele morwa Sealetiele, le moperesita yo mogolo Joshuwa morwa Jehosateke, le batho ba ba setseng, O re, 3 'Go setse mang mo go lona yo o boneng ntlo ye mo kgalalelong ya yone e e fetileng? Lo e bona jang gompieno? A ga e lebege jaaka sepe mo matlhong a lona? 4 Jaanong, nonofang, Serubabele! go bua Morena le nonofe, moperesita yo o mogolo Joshuwa morwa Jehosateke; le bo le nonofa lona lotlhe batho mo lefatsheng! - go bua Morena - le bereke, gonne ke na le lona! - go bua Morena mothatayotlhe. 5 E ke kgolagano e ke e tlhomileng le lona fa le tswa mo Egepeto, le mowa wame o eme mo go lona. Le seka la boifa! 6 Gonne Morena mothatayotlhe o bua se: ka nakwana ke tla tshikinya gape magodimo le lefatshe, lewatle le naga e e omeletseng. 7 Ke tla tshikinya tshaba nngwe le nngwe, mme ditshaba tsotlhe di tla tlisa ditsabone tsotlhe tse di molemo go nna, mme ke tla tlatsa ntlo ye ka kgalalelo, go bua Morena mothatayotlhe. 8 Selefera le gauta ke tsame! - go bua Morena mothatayotlhe. 9 Kgalalelo ya ntlo ye e tla nna kgolo mo nakong e tlang go gaisa ya pele,go bua Morena mothatayotlhe. 10 Ka letsatsi la bo masome a mabedi le bone la kgwedi ya borobabongwe, mo ngwageng wa bobedi wa ga Dorea, lefoko la Morena le tlile ka moporofeta Hagae, le re, 11 ''Morena mothatayotlhe o bua se, 12 'Fa motho a tsaya nama e e kgetlhilweng e beetswe Morena mo momenong wa seaparo sa gagwe e be momeno o kgoma borotho kana nama e e gadikilweng, mofine kana mahura,kana dijo dipe fela, e a bo e itshepile?"' Baperesite ba araba ba re, "nnyaya.'' 13 Hagae a bo a re, ''Fa motho yo o leswafaditsweng ke loso a amana le nngwe ya dilo tse, di a leswafala? Moperesita a araba a re, "ee, di a leswafala. 14 "Jalo Hagae a araba a re, ''Jalo go mo bathong le tshaba e fa pele game! - e go bua Morena - gape go ntse jalo le ka ditiro tsa diatla tsa bone. Se ba se nneelang se leswafetse! 15 Jaanoong gompieno, akanyang mo ditlhaloganyong tsa lona ka tse di fetileng tse di bakileng letsatsi le. 16 Pele ga mantswe a thataganngwa mo ntlong ya Morena, go ne go ntse yang pele? fa lo tla kwa thoteng ya mabele a seelo sa masome a mabedi,go ne go le tse di lesome fela; mme fa lo tla ko sedibeletsong sa mofine go gelela dijana di le masome a matlhano, le fitlhele go lekane di le masome a mabedi fela. 17 Ke lo pitlagantse le ditiro tsa diatla tsa lona tsotlhe ka phori le ka morodi, mme ga lo a ka la boela go nna - go bua Morena. 18 Kayang go tswa gompieno go ya pele, go tloga letsatsi la bo masome a mabedi le bone la kgwedi ya borobabongwe, go simolola ka letsatsi le motheo wa tempele ya Morena o beilweng. Elang tlhoko. 19 Go santse go na le peo mo polokelong? Mofine, mofeige, garenate, le motlhware, di ntse di sa ungwe! Mme go tloga letsatsi le ke tla le segofatsa. 20 Lefoko la Morena la tla la bobedi kwa go Hagae ka letsatsi la bo masome a mabedi le bone la kgwedi le re, 21 ''Bua le mmusi wa Juta, Serubabele, o re 'Ke tla tshikinya magodimo le lefatshe. 22 Gonne ke tla pitlikolola dikara le bapagami; dipitse ke bapagami ba tsone ba tla wa mo go tsone mongwe le mongwe wa bone ka ntlha ya chaka ya morwa rragwe. 23 Ka letsatsi leo - go bua Morena mothatayotlhe - ke tla go tsaya, Serubabele morwa Sealetiele, jaaka motlhanka wame - go bua Morena. Ke tla go direla palamonwana ya sekano, gonne ke go kgetlhile - Go bua Morena mothatayotlhe!