Kgaolo 28

1 Ga diragala mo matsatsing ao gore Bafilisitia ba kgobokanye sesole sa bone go baakanyetsa go lwa le Iseraele. Akhishi a raya Tafita, ''Itse gore o tsile go tsamaya le nna mo gare ga batlhabani, wena le banna ba gago.'' 2 Tafita a raya Akhishi a re, ''Jalo o tla itse gore motlhanka wa gago o ka dira eng.'' Akhishi a raya Tafita a re, ''Jalo ke tla go dira modisa kgosi wa me wa sennelaruri.'' 3 Jaanong Samuele o ne a sule, mme Iseraele otlhe o ne a mo hutsafalela mme ba mmoloka kwa Rama, mo toropokgolong ya gagabo. Gape, Saulo o ne a ileditse mo lefatsheng, botlhe ba ba buang le baswi kgotsa mewa. 4 Foo Bafilisitia ba ikgobokanya mme ba tla ba kampa kwa Shuneme; mme Saulo a kgobokanya Iseraele otlhe, mme ba kampa kwa Gileboa. 5 Fo Saulo a bona sesole sa Bafilisitia, o ne a tshoga, mme pelo ya gagwe ya roroma mo go golo. 6 Saulo a rapela Modimo Yaweh go kopa thuso, mme Modimo Yahweh a se ka a mo araba - e seng ka ditoro, kgotsa ka urimi, kgotsa ka baporofiti. 7 Foo Saulo a raya batlhanka ba gagwe a re, ''Mpatleleng mosadi yo o buang le baswi, gore ke tle ke ye kwa go ene ke kope kgakololo ya gagwe.'' Batlhanka ba gagwe ba mo raya ba re, ''Bona, go na mosadi kwa Entoro yo o ikayang fa a bua le baswi.'' 8 Saulo a iphetola tshwano, a apara diaparo tse dingwe, mme a tsamaya, a na le banna ba babedi; ba ya kwa mosading go le bosigo. A re, ''Mpiletse, ka mowa, ke a go kopa, mme o ntsisetse yo ke tla go neelang leina la gagwe.'' 9 Mosadi a mo raya a re, ''Bona, o itse se Saulo a se dirileng, ka fa a ileditseng ka teng mo lefatsheng bao ba buang le baswi kgotsa mewa. Jaanong ke eng o beela botshelo jwa me selaga gore ke swe?'' 10 Saulo a mo ikanela ka Modimo Yahweh mme a re, ''Jaaka Modimo Yahweh a tshela, ga o na go otlhaelwa selo se.'' 11 Foo mosadi a re, ''Ke go biletse mang?'' Saulo a re, ''Ntsisetse Samuele.'' 12 Fa mosadi a bona Samuele a kua ka lentswe le le kwa godimo mme a bua le Saulo, a re, ''Ke eng o ntsieditse? O Saulo.'' 13 Kgosi a mo raya a re, ''O se ka wa boifa. O bona eng?'' Mosadi a raya Saulo a re, ''Ke bona modimo o emelela go tswa mo mmung.'' 14 A mo raya a re, ''O lebega jang?'' a re, ''Monnamogolo o etla; o apere purapura.'' Saulo a lemoga fa e le Samuele, mme a inamisetsa sefatlhego sa gagwe fa fatshe mme a supa tlotlo. 15 Samuele a raya Saulo a re, ''Ke eng o nkgoreleditse mme wa ntsosa?'' Saulo a araba, ''Ke pitlagane thata, gonne Bafilisitia ba bolotsa ntwa kgatlhanong le nna, mme Modimo o ntlogetse e bile ga a sa tlhole a nkaraba, le fa e le ka baporofiti, kgotsa ka ditoro. Jalo he, ke go biditse gore o tle o nkitsise gore ke tle ke dire eng.'' 16 Samuele a re, ''O mpotsa eng, ka gore Modimo Yahweh o go tlogetse, mme o fetogile mmaba wa gago? 17 Modimo Yahweh o go dirile se a rileng o tla se go dira. Modimo Yahweh o gagotse bogosi go tswa mo seatleng sa gago mme a bo neela mongwe o sele - a bo neela Tafita. 18 Gonne ga o a ka wa utlwa lentswe la Modimo Yahweh e bile ga o a ka wa diragatsa kgalefo ya gagwe e e boitshegang mo go Amaleka, jalo he, o dirile se mo go wena letsatsi leno. 19 Go tlatsa mo, Modimo Yahweh o tsile go neela Iseraele le wena mo seatleng sa Bafilisitia. Kamoso wena le barwao le tla bo le na le nna. Modimo Yahweh o tla neela sesole sa Iseraele mo seatleng sa Bafilisitia.'' 20 Ka bonako Saulo a wela fa fatshe mme a tshoga thata ka ntata ya mafoko a ga Samuele. Go ne go sena thata epe mo go ene gonne o ne a sa ja dijo letsatsi leo lotlhe, le fa e le bosigo joo jotlhe. 21 Mosadi a tla kwa go Saulo mme a bona gore o tshwenyegile thata, a mo raya a re, ''Bona, motlhanka wa gago wa mosadi o reeditse lentswe la gago; ke tsentse botshelo jwa me mo seatleng sa me mme ka reetsa mafoko a o neng o a mpolelela. 22 Jaanong, ke a go kopa, le wena reetsa lentswe la motlhanka wa gago wa mosadi, mme ntetlelele go baya dijonyana fa pele ga gago. Ja o tle o nne le maatla fa o setse o tsamaya.'' 23 Mme Saulo a gana, a re, ''Ga ke na go ja.'' Mme batlhanka ba gagwe, mmogo le mosadi, ba mo pateletsa, mme a reetsa lentswe la bone. Jalo a tsoga fa fatshe mme a nna mo bolaong. 24 Mosadi o ne a na le namane e e nontshitsweng mo ntlong; a itlhaganela mme a e bolaya; a tsaya boupe jwa borotho, a bo duba, mme a besa borotho jo bo senang sebediso ka jone. 25 A di tsisa fa pele ga ga Saulo le batlhanka ba gagwe, mme ba ja. Foo ba emelela ba tsamaya bosigo joo.