Kgaolo 24

1 Fa Saulo a boa kwa go aloleng Bafilisitia, o ne a bolelelwa, ''Tafita o mo sekgweng sa Engedi.'' 2 Foo Saulo a tsaya banna ba le dikete tse tharo ba ba tlhophilweng mo Iseraele otlhe mme a ya go batla Tafita le banna ba gagwe kwa Matlapeng a Dipodi Tsa Naga. 3 A tla fa masakeng a dinku mo tseleng, fa go neng go na le legaga. Saulo a tsena mo teng go ya ntle. Jaanong Tafita le banna ba gagwe ba ne ba ntse kwa botengteng jwa legaga. 4 Banna ba ga Tafita ba mo raya ba re, ''Le ke letsatsi le Modimo Yahweh a neng a bua ka lone fa a ne a go raya a re, 'Ke tla neela mmaba wa gago mo seatleng sa gago, gore o dire se o se batlang ka ene.''' Foo Tafita a ema ka dinao mme a tsamaela kwa pele ka tidimalo mme a kgaola sekhutlo sa purapura ya ga Saulo. 5 Morago pelo ya ga Tafita ya mo tlhokofatsa ka gore o kgaotse sekhutlo sa purapura ya ga Saulo. 6 A raya banna ba gagwe a re, ''A Modimo Yahweh a itse gore ke dire selo se se ntseng jaana mo go mong wa me, motlodiwa wa Modimo Yahweh, go otlolola seatla sa me kgatlhanong le ene, ke ntse ke bona gore ke motlodiwa wa Modimo Yahweh.'' 7 Jalo Tafita a kgalema banna ba gagwe ka mafoko a, mme a se ka a ba letla go tlhasela Saulo. Saulo a kotamologa, a tswa mo legageng mme a tswelela le mosepele wa gagwe. 8 Morago, Tafita le ene a ema ka dinao, a tswa mo legageng, mme a bitsa Saulo: ''Mong wa me kgosi.'' Fa Saulo a leba kwa morago, Tafita a inama ka sefatlhego se lebile fa fatshe mme a mo neela tlotlo. 9 Tafita a raya Saulo a re, ''Ke eng o reetsa banna ba ba go rayang ba re, 'Bona, Tafita o batla go go utlwisa botlhoko?' 10 Letsatsi leno matlho a gago a bone ka fa Modimo Yahweh a neng a go tsentse mo seatleng sa me ka teng fa re le mo legageng. Bangwe ba ne ba mpolelela gore ke go bolae, mme ke ne ka go lesa. Ke ne ka re, 'Ga ke na go otlolola seatla sa me kgatlhanong le mong wa me; gonne ke motlodiwa wa Modimo Yahweh.' 11 Bona, rre, bona sekhutlo sa purapura ya gago mo seatleng sa me. Ka gore ke ne ka kgaola sekhutlo sa purapura ya gago mme ka se ka ka go bolaya, o tla itse gape o tla bona gore ga go na bosula kgotsa go roba molao wa bogosi mo seatleng sa me, e bile ga ke a go leofela, ntswa o tsoma botshelo jwa me go bo tsaya. 12 A Modimo Yahweh a atlhole gare ga me le wena, mme a Modimo Yahweh a mpusolosetse kgatlhanong le wena, mme seatla sa me ga se kitla se nna kgatlhanong le wena. 13 Jaaka seane sa ba bogologolo se re, 'Boikepo bo tswa mo baikeping.' Mme seatla sa me ga se kitla se nna kgatlhanong le wena. 14 Kgosi ya Iseraele o setse mang morago? O alotse mang? O setse ntja e e suleng morago! O setse morago letsetse! 15 A Modimo Yahweh a nne moatlhodi, mme a ntshe katlholo gare ga me le wena, mme a tlhomamise, a bo a reetse boikuelo jwa me, mme a letlelele gore ke falole seatla sa gago.'' 16 Fa Tafita a fetsa go bua mafoko a le Saulo, Saulo a re, ''A le ke lentswe la gago Tafita, morwaaka?'' Saulo a tsholetsa lentswe la gagwe a lela. 17 A raya Tafita a re, ''O na le tshiamo go feta nna. Gonne o ntuetse ka bomolemo fa ke go duetseng ka bosula. 18 O boletse phatlalatsa letsatsi leno ka fa o ntiretseng molemo ka teng, gonne ga o a ka wa mpolaya fa Modimo Yahweh a neng a ntsentse mo mautlwelobotlhokong a gago teng. 19 Gonne fa monna a bona mmaba wa gagwe, a o ka mo lesa a tsamaya ka pabalesego? A Modimo Yahweh a go atswe ka bomolemo ka ntata ya se o se ntiretseng letsatsi leno. 20 Jaanong, ke a itse gore ammaaruri o tsile go nna kgosi mme bogosi jwa Iseraele bo tla tlhomamisiwa mo seatleng sa gago. 21 Ikane ka Modimo Yahweh gore ga o na go kgaola bana ba bana ba me ba ba tlang fa morago ga me, le gore ga o na go senya leina la me go tswa mo ntlong ya ga rre.'' 22 Jalo Tafita a direla Saulo maikano. Foo Saulo a ya gae, mme Tafita le banna ba gagwe ba ya kwa boremelelong.