Kgaolo 23

1 Ba bolelela Tafita, ''Bona, Bafilisitia ba lwa le Keila mme ba thukhutha diboana tse di phothelang.'' 2 Jalo Tafita a rapela Modimo Yahweh go kopa thuso mme a mmotsa, ''A ke ka tsamaya ka ya go tlhasela Bafilistia ba? Modimo Yahweh a raya Tafita, ''Tsamaya o ye go tlhasela Bafilisitia mme o boloke Keila.'' 3 Banna ba ga Tafita ba mo raya ba re, ''Bona, re a boifa fa mo Juta. Go tla nna go golo go le kae fa re ya kwa Keila kgatlhanong le sesole sa Bafilisitia?'' 4 Foo Tafita a rapela Modimo Yahweh a kopa thuso gape. Modimo Yahweh a araba, ''Ema ka dinao, fologela kwa tlase kwa Keila. Gonne ke tla go neela phenyo mo Bafilisitieng.'' 5 Tafita le banna ba gagwe ba ya kwa Keila mme ba lwa Bafilisitia. A ba tseela dikgomo mme a ba itaya ka polao e kgolo. Jalo Tafita a boloka banni ba Keila. 6 Fa Abiathara morwa Ahimeleke a sena go tshabela kwa go Tafita kwa Keila, o ne a tla ka sekhutlana se le mo seatleng sa gagwe. 7 Saulo a bolelelwa gore Tafita o ile kwa Keila. Saulo a re, ''Modimo o mo neetse mo seatleng sa me. Gonne o tswaletswe mo teng ka gore o tsene mo toropokgolong e e nang le diheke le mapako.'' 8 Saulo a bitsa masole a gagwe otlhe go tla ntweng, go ya kwa tlase kwa Keila, go dikaganyetsa Tafita le banna ba gagwe. 9 Tafita o ne a itse gore Saulo o mo logela segwenegwene gore a mo utlwise botlhoko. A raya Abiathara wa moperesiti a re, ''Tsisa sekhutlana kwano fa.'' 10 Foo Tafita a re, ''Modimo Yahweh, Modimo wa Iseraele, motlhanka wa gago e le ruri o utlwile gore Saulo o batla go tla mo Keila go senya toropokgolo ka ntata ya me. 11 A banna ba Keila ba tla nneela mo seatleng sa gagwe? A Saulo o tla tla jaaka motlhanka wa gago a utlwile? Modimo Yahweh, Modimo wa Iseraele, ke a go kopa, tsweetswee bolelela motlhanka wa gago.'' Modimo Yahweh a re, ''O tla tla.'' 12 Foo Tafita a re, ''A banna ba Keila ba tla nneela le banna ba me mo seatleng sa ga Saulo?'' Modimo Yahweh a re, ''Ba tla le neela.'' 13 Foo Tafita le banna ba gagwe, ba ba neng ba ka nna makgolo a marataro, ba emelela ba tswa mo Keila, mme ba tswa fa ba tsena fa. Ga bolelelwa Saulo gore Tafita o tshabile go tswa mo Keila, mme a emisa go alola. 14 Tafita a nna mo maremelong mo sekgweng, mo lefatsheng la dithaba mo sekgweng sa Sifi. Saulo a mmatla letsatsi le letsatsi, mme Modimo a se ka a mo neela mo seatleng sa gagwe. 15 Tafita a bona gore Saulo o tsile go batla botshelo jwa gagwe; jaanong Tafita o ne a le mo sekgweng sa Sifi kwa Horeshe. 16 Foo Jonathane, morwa Saulo a ema ka dinao a ya kwa go Tafita kwa Hereshe, mme a mo thatafatsa mo Modimong. 17 A mo raya a re, ''O se ka wa tshoga. Gonne seatla sa ga rre, Saulo, ga se kitla se go bona. O tsile go nna kgosi mo Iseraele, mme ke tla bo ke le fa thoko ga gago. Rre, Saulo, o itse se.'' 18 Ba dira kgolagano fa pele ga Modimo Yahweh. Tafita a sala mo Horeshe, mme Jonathane a ya gae. 19 Foo Basifi ba tla kwa go Saulo kwa Gibea, mme ba re, ''A Tafita ga a fa gare ga rona a iphitlile mo maremelelong kwa Horeshe mo thabeng ya Hakhila, e e kwa borwa jwa Jeshimone? 20 Jaanong fologela tlase, kgosi! Go ya ka fa o eletsang ka teng, fologela tlase! Seabe sa rona e tla bo e le go mo neela mo seatleng sa kgosi.'' 21 Saulo a re, ''Le segofadiwe ke Modimo Yahweh. Gonne le nkutlwetse botlhoko. 22 Tsamayang, le tlhomamise tota. Batlisisang le bo le itse gore o iphitlhile fa kae le gore ke mang yo o mmoneng koo. Ke boleleltswe gore o maretshwa. 23 Jalo le lebeng, le bo le utlwe gore o a iphitlha kae. Le boele morago kwa go nna ka kitso e e tlhomamisegang, foo ke tla boela morago le lona. Fa e le gore o mo lefatsheng le, ke tla mmatla gotlhe mo diketeng tsa Juta.'' 24 Foo ba ema ka dinao mme ba ya kwa Sifi kwa pele ga ga Saulo. Jaanong Tafita le banna ba gagwe ba ne ba le mo sekgweng sa Maong, mo Araba kwa borwa jwa Jeshimone. 25 Saulo le banna ba gagwe ba ya go mmatla. Tafita a bolelelwa mme a fologela tlase kwa thabeng e e matlapa, mme a nna mo sekgweng sa Maong. Fa Saulo a utlwa, a alola Tafita mo sekgweng sa Maong. 26 Saulo a tsamaya mo letlhakoreng le lengwe la thaba, fa Tafita le banna ba gagwe ba tsamaya mo letlhakoreng le lengwe la thaba. Tafita a itlhaganela go katoga Saulo. Jaaka Saulo le banna ba gagwe ba ne ba dikologile Tafita le banna ba gagwe gore ba ba tsee, 27 morongwa a tla kwa go Saulo mme a re, ''Itlhaganele o tle, gonne Bfilisitia ba tlhasetse lefatshe.'' 28 Jalo Saulo a boa go tswa kwa go aloleng Tafita mme a lwantsha Bafilisitia. Jalo he, lefelo leo la bidiwa Lefika La Go Falola. 29 Tafita a tlhatloga go tswa foo mme a nna kwa maremelelong a Engedi.