Kgaolo 22

1 Jalo Tafita a tloga koo mme a tshabela kwa legageng la Adulamo. Fa barwarraagwe le botlhe ba ntlo ya ga rraagwe ba utlwa, ba ya koo kwa go ene. 2 Mongwe le mongwe yo o neng a le mo pitlaganong, mongwe le mongwe yo o neng a le mo dikolotong, le mongwe le mongwe yo o neng a sa kgotsofale - botlhe ba kgobokanela kwa go ene. Tafita a nna moeteledipele wa bone. Go ne go na le banna ba ka nna makgolo a mane ba ba neng ba na le ene. 3 Foo Tafita a tswa koo a ya kwa Misephe mo Moabe. A raya kgosi ya Moabe a re, ''Tsweetswee letlelela rre le mme go nna le wena go fitlhela ke itse gore Modimo o tla ntirela eng.'' 4 A ba tlogela le kgosi ya Moabe. Rraagwe le mmaagwe ba nna le ene nako yotlhe e Tafita a neng a le mo boremelelong jwa gagwe. 5 Foo moporofiti Gate a raya Tafita a re, ''O se ka wa nna mo boremelelong jwa gago. Tloga o ye kwa lefatsheng la Juta.'' Jalo Tafita a tswa koo mme a tsena mo sekgweng sa Herethe. 6 Saulo a utlwa gore Tafita o bonwe, mmogo le banna ba ba neng ba na le ene. Jaanong Saulo o ne a ntse mo Gibea ka fa tlase ga setlhare sa motamariseka kwa Rama, segai sa gagwe se le mo seatleng sa gagwe, mme batlhanka ba gagwe ba eme ba mo dikokologile. 7 Saulo a raya batlhanka ba gagwe ba ba neng ba eme ba mo dikologile, ''Reetsang jaanong, batho ba Benjamene! A morwa Jese o ka neela mongwe le mongwe wa lona masimo le masingwana a mofine? A o ka le dira lotlhe baeteledipele ba dikete le baeteledipele ba makgolo, 8 go le duela lotlhe ba le ntogelang segwenegwene? Ga go na ope wa lona yo o mpolelelang fa morwaake a dira kgologano le morwa Jese. Ga go na ope wa lona yo o nkutlwelang botlhoko. Ga go na ope wa lona yo o nkitsiseng gore morwaake o tsosolositse motlhanka wa me Tafita kgatlhanong le nna. Gompieno o a iphitlha, o letile go ntlhasela.'' 9 Foo Toege wa Moetome, yo o neng a eme le batlhanka ba ga Saulo, a araba, ''Ke bone morwa Jese a tla kwa Nobo, kwa go Ahimeleke morwa Ahitubu. 10 O ne a rapela Modimo Yahweh gore a mo thuse, mme a mo neela mhago le tshaka ya ga Goliate wa Mofilisitia.'' 11 Foo kgosi a romela mongwe go bitsa moperesiti Ahimeleke morwa Ahitubu, le botlhe ba ntlo ya ga rraagwe, baperesiti ba ba neng ba le mo Nobo. Botlhe ba tla kwa go kgosi. 12 Saulo a re, ''Reetsa jaanong, morwa Ahitubu.'' A araba, ''Ke fano, mong wa me.'' 13 Saulo a mo raya a re, ''Ke eng o ntogetse segwenegwene, wena le morwa Jese, ka gorre o mo neetse borotho, le tshaka, wa bo wa mo rapelela Modimo gore a mo thuse, gore a tle a tsogologe kgatlhanong le nna, go iphitlha mo sephiring, jaaka a dirile gompieno?'' 14 Foo Ahimeleke a araba kgosi mme a re, ''Ke mang mo gare ga batlhanka ba gago yo o boikanyego jaaka Tafita, yo a leng mokgwenyana wa kgosi, mme ebile a tlhokometse badisa ba kgosi, gape a tlotlega mo ntlong ya gago? 15 A letsatsi leno ke lekgetho la ntlha ke rapela Modimo gore a mo thuse? A go nne kgakala le nna! A kgosi a se ka a pega motlhanka wa gagwe molato wa sepe kgotsa botlhe ba ntlo ya ga rre. Gonne motlhanka wa gago ga a itse sepe ka kgang yotlhe e.'' 16 Kgosi a fetola, ''E le ruri o tsile go swa, Ahimeleke, wena le botlhe ba ntlo ya ga rraago.'' 17 Kgosi a raya badisa ba ba neng ba mo dikologile, ''Retologang le bolae baperesiti ba Modimo Yahweh. Gonne seatla sa bone se na le Tafita, gape le ka gore ba ne ba itse gore o tshabile, mme ga ba a ka ba mpolelella.'' Mme batlhanka ba kgosi ba sitega go otlolala seatla sa bone go bolaya baperesiti ba Modimo Yahweh. 18 Foo kgosi a raya Toege, ''Retologa o bolae baperesiti.'' Jalo Toege wa Moetome a retologa mme a tlhasela baperesiti; a bolaya batho ba le masome a robang bobedi le botlhano ba ba neng ba apere sekhutlana sa letsela mo letsatsing leo. 19 Ka bogale jwa tshaka, a tlhasela Nobo, toropokgolo ya baperesiti, banna le basadi, bana le masea, le dipholo, le ditonki le dinku. A ba bolaya botlhe ka bogale jwa tshaka. 20 Mme mongwe wa barwa Ahimeleke morwa Ahitubu, yo o bidiwang Abiathara, a falola, mme a tshaba a latela Tafita. 21 Abiathara a bolelela Tafita gore Saulo o bolaile baperesiti ba Modimo Yahweh. 22 Tafita a raya Abiathara a re, ''Ke ne ka itse ka letsatsi leo, fa Toege wa Moetome a ne a le koo, gore e le ruri o tlaa bolelela Saulo. Ke tsaya maikarabelo a loso longwe le longwe lo lo mo lelwapeng la ga rraago! 23 Nnna le nna mmme o se ka wa boifa. Gonne yo o batlang botshelo jwa gago o batla botshelo jwa me. O tla babalesega fa o na le nna.''