Kgaolo 21

1 Foo Tafita a tla kwa Nobo a tla go bone Ahimeleke wa moperesiti. Ahimeleke a tla go kopantsha Tafita a roroma, mme a mo raya a re, ''Ke eng o le nosi, o se na le ope?'' 2 Tafita a raya Ahimeleke wa moperesiti a re, ''Kgosi o nthomile thomo mme o ntheile a re, 'Se letle ope go itse sepe ka kgang e ke go e romileng, le se ke se go laotseng.' Ke kaetse bannana go ya golo gongwe. 3 Jaanong o na le eng mo seatleng sa gago? Nneela marotho a le matlhano, kgotsa sepe se o nang le sone fa.'' 4 Moperesiti a araba Tafita a re, ''Ga go na borotho jwa dinako tsotlhe mo seatleng, go na le borotho jo bo boitshepo - fa bannana ba ikgaphile mo basading.'' 5 Tafita a araba moperesiti, ''E le ruri re ntse re ikgaphile mo basading mo matsatsing a mararo a a fetileng, jaaka e le tlwaelo fa ke bolola. Dilwana tse e leng tsa banna di ntse di tlhaoletswe kwa thoko le mo dithomong tse di tlwaelesegileng. Go botlhokwa jang letsatsi leno gore se ba nang le sone se tlhaolelwe kwa thoko!'' 6 Jalo moperesiti a mo neela borotho jo bo neng bo tlhaoletswe kwa thoko. Gonne go ne go sena borotho koo fela fa e se borotho jwa bolengteng, jo bo neng bo ntshitswe fa pele ga Modimo Yahweh, gore go tle go bewe borotho jo bo molelo mo boemong jwa jone mo letsatsing le bo tlosiwang ka lone. 7 Jaanong mongwe wa batlhanka ba ga Sauloa bo a le koo letsatsi leo, a diegile fa pele ga Modimo Yahweh. Leina la gagwe e le Toege wa Moetome, moeteledipele wa badisa ba ga Saulo. 8 Tafita a raya Ahimeleke a re, ''Jaanong gone fa a ga gona segai kgotsa tshaka e e leng teng? Gonne ga ke a tla ke tshotse tshaka kgotsa sepe sa dibetsa tsa me, gonne thomo ya ga kgosi e ne e le ya potlako.'' 9 Moperesiti a re, ''Tshaka ya ga Goliate wa Mofilisitia, yo o mmolaileng kwa mokgatsheng wa Ela, e teng fa e phuthetswe ka letsela fa morago ga sekhutlana. Fa o batla go e tsaya, e tsee, gonne ga go na sebetsa sepe fa.'' Tafita a re, ''Ga go na tshaka e nngwe e e gaisang eo; e nneele.'' 10 Tafita a emelela a tshaba Saulo mo letsasing leo mme a ya kwa go Akhishi, kgosi ya Gathe. 11 Batlhanka ba ga Akhishi ba mo raya ba re, ''A yo ga se Tafita, kgosi ya lefatshe? A ga ba a ka ba opelelana ka ga ene ba bina, 'Saulo o bolaile dikete tsa gagwe, mme Tafita o bolaile masome a dikete a gagwe?''' 12 Tafita a isa mafoko a kwa pelong mme a boifa Akhishi, kgosi ya Gathe thata. 13 A fetola boitsholo jwa gagwe fa pele ga bone mme a iketsisa jaaka ekete o a tsenwa mo diatleng tsa bone; o ne a dira matshwao mo mabating a heke a bo a lesa mathe go elela mo ditedung tsa gagwe. 14 Foo Akhishi a raya batlhanka ba gagwe a re, ''Lebang, le a bona gore monna yo o a tsenwa. Ke eng le mo tsisitse kwa go nna? 15 A ga ke na banna ba ba tsenwang, mo le bileng le tsisitse monna yo go itshwara jaaka setsenwa mo bolengteng jwa me? A monna yo ruri o ka tsena mo ntlong ya me?''