Kgaolo 20

1 Foo Tafita a tshaba go tswa kwa Naiothe kwa Rama a ya kwa go Jonathane mme re, ''Ke dirileng? Tlolo ya me ke eng? Boleo jwa me ke eng fa pele ga ga rraago, mo a batlang go tsaya botshelo jwa me?'' 2 Jonathane a raya Tafita a re, ''A go nne kgakala; ga o na go swa. Rre ga a dire sepe, se se golo kgotsa se se nnye a sa mpolelela. Ke eng rre a tshwanetse go mphitlhela se? Ga go a nna jalo.'' 3 Mme Tafita a ikana gape mme a re, ''Rraago o itse sentle gore ke bone botsalano mo matlhong a gago. O rile, 'Le se ka la dira gore Jonathane a itse ka se, eseng jalo o tla hutsafala.' Mme ka boammaaruri jaaka Modimo Yahweh a tshela, le jaaka o tshela, go na le kgato fa gare ga me le loso.'' 4 Foo Jonathane a raya Tafita a re, ''Sepe se o se buang, ke tla se go direla.'' 5 Tafita a raya Jonathane a re, ''Kamoso ke ngwedi o mosha, mme ke tshwanetse go nna fa fatshe ka ja le kgosi. Mme ntese ke tsamae, gore ke tle ke iphitlhe mo tshimong go fitlhela letsatsi la boraro mo maitseboeng. 6 Fa rraago a ka ntlhoka, foo o re, 'Tafita o nkopile thata thata gore ke mo fe matsatsi a boikhutso a tabogele kwa Bethelehema toropokgolo ya gagabo; gonne go na le setlhabelo sa ngwaga le ngwaga sa ba lelwapa botlhe.' 7 Fa a ka re, 'Go siame,' motlhanka wa gago o tla nna le kagiso. Mme fa a ka galefa thata, foo o itse gore o sweditse go dira bosula. 8 Jalo he, dirisanya le motlhanka wa gago ka bopelonomi. Gonne o tsentse motlhanka wa gago mo kgolaganong ya Modimo Yahweh le wena. Mme fa e le gore go na le boleo mo go nna, mpolae wena; ke eng o tla nkisa kwa go rraago?'' 9 Jonathane a re, ''A go nne kgakala le wena! Fa ke ne ke utlwile gore rre o sweditse go go golafatsa, a ke ne ke ka se ka ka go bolelela?'' 10 Foo Tafita a raya Jonathane a re, ''Ke mang yo o tla mpolelelang fa go ka direga gore rraago a go arabe mo go makgwakgwa?'' 11 Jonathane a raya Tafita a re, ''Tla, a re tswele kwa ntle kwa tshimong.'' Ba tswa ba tsena mo tshimong. 12 Jonathane a raya Tafita a re, ''A Modimo Yahweh, Modimo wa Iseraele, a nne mosupi. Fa ke sena go botsa rre ka nako e e tshwanang le e kamoso, kgotsa mo letsatsing la boraro, bona, fa dilo di siametse Tafita, a ga ke na go roma mongwe mme ka dira gore o itse? 13 Fa go itumedisa rre go go golafatsa, a Modimo Yahweh a dire Jonathane mme a mo dire go le gontsi gape fa ke sa go itsise ke bo ke go golola gore o tsamae, gore o tle o tsamae ka kagiso. A Modimo Yahweh a nne le wena jaaka a ne a na le rre. 14 Fa ke santse ke tshela, a ga o na go mpontsha boikanyego jwa kgolagano ya Modimo Yahweh, gore ke se ka ka swa? 15 Gape o se ka wa kgaola boikanyego jwa kgolagano ya gago mo ntlong ya me ka bosakhutleng, fa Modimo Yahweh a tla a bo a kgaotse mongwe le mongwe wa baba ba ga Tafita mo lefatsheng.'' 16 Jalo Jonathane a dira kgolagano le ntlo ya ga Tafita mme a re, ''A Modimo Yahweh a batle tlhaloso go tswa mo seatleng sa baba ba ga Tafita.'' 17 Jonathane a dira gore Tafita a ikane gape ka ntata ya lerato le a neng a mo rata ka lone, gonne o ne a mo rata jaaka a rata mowa o e leng wa gagwe. 18 Foo Jonathane a mo raya a re, ''Kamoso ke ngwedi o mosha. Go tsile go bonala gore ga o yo gonne setilo sa gago se tsile sala se sena ope. 19 Fa o se na go nna matsatsi a mararo, fologela kwa tlase ka bonako mme o tle kwa lefelong le o kileng wa iphitlha kwa go lone fa kgang e santse e tsweletse, mme o nne fa thoko ga letlapa la Esele. 20 Ke tla hulela metswi e le meraro fa thoko ga lone, jaaka ekete ke hula sengwe se ke se ipeetseng. 21 Mme ke roma monnana wa me mme ke tla mo raya ke re, 'Tsamaya o ye go batla metswi.' Fa ke ka raya mosimanyana ka re, 'Leba, metswi e ka fa letlhakoreng le la gago; e tsee,' foo o bo o tla; gonne go tla bo go babalesegile mo go wena, o ka se ka wa bolawa, jaaka Modimo Yahweh a tshela.'' 22 ''Mme fa ke ka raya monnana ke re, 'Leba, metswi e go potile ka kwa,' foo o bo o itsamaela, gonne Modimo Yahweh o tla a bo a go golotse. 23 Fa e le ka ga tumalano e nna le wena re buileng ka yone, bona, Modimo Yahweh o fa gare ga me le wena ka bosakhutleng.'' 24 Jalo Tafita a iphitlha mo tshimong. Ngwedi o mosha a tla, mme kgosi a nna fa fatshe go ja dijo. 25 Kgosi a nna mo setilong sa gagwe, jaaka gale, mo setilong se fa leboteng. Jonathane a ema ka dinao, mme Abonere a nnaka fa letlhakoreng la ga Saulo. Mme fa Tafita a nnang teng ga bo go sena ope. 26 Le fa gontse jalo Saulo a se ka a bua sepe letsatsi leo, gonne o ne a akanya, ''Sengwe se mo diragaletse. O itshekologile; e le ruri o itshekologile.'' 27 Mme mo letsatsing la bobedi, letsatsi morago ga ngwedi o mosha, fa Tafita a nnang teng ga bo go sena ope. Saulo a raya Jonathane morwawe a re, ''Ke eng morwa Jese a sa tla kwa dijong maabane le gompieno?'' 28 Jonathane a araba Saulo, ''Tafita o ne a nkopa thata gore ke mo letle go ya Bethelehema. 29 O ne a re, 'Tsweetswee ntetle go tsamaya. Gonne ba lelwapa la ga rona ba na le setlhabelo mo toropokgolong, mme mogolole o ntaotse gore ke nne teng. Jaanong, fa ke bone botsalano mo matlhong a gago, tsweetswee ntese ke tsamae ke ye go bona barwarre.' Ka lebaka le ga a a tla kwa tafoleng ya kgosi.'' 30 Foo bogale jwa ga Saulo jwa tukela Jonathane, mme a mo raya a re, ''Wena morwa seaka le setsuolodi sa mosadi! A ga ke itse gore o tlhophile morwa Jese go isa matlhabisa ditlhong a gago le matlhabisa ditlhong a bosaikategang jwa ga mmaago? 31 Fela fa morwa Jese a santse a tshela mo lefatsheng, wena le bogosi jwa gago ga le na go tlhomamisiwa. Jaanong, roma mongwe mme le mo tsise kwa go nna, gonne e le ruri o tshwanetse go swa.'' 32 Jonathane a araba Saulo rraagwe, ''O tshwanetse go bolawa ka lebaka lefe? O dirile eng?'' Foo 33 Saulo a kolopa segai a re o a mmolaya. Jalo Jonathane a itse gore rraagwe o ikaeletse go bolaya Tafita. 34 Jonathane a ema ka dinao go tswa fa tafoleng a galefile mo go boitshegang, mme a se ka a ja dijo mo letsatsing la bobedi la kgwedi, gonne o ne a hutsafaletse Tafita, gonne rraagwe o ne a mo rontshitse tlotla. 35 Mo mosong, Jonathane a tswa a tsena mo tshimong go ya go kopana le Tafita, mme monnana a bo a na le ene. 36 A raya monnana wa gagwe a re, ''Taboga o batle metswi e ke e hulang.'' Mme e rile jaaka monnana a taboga, a hulela motswi ka kwa ga gagwe. 37 Fa monnana a fitlha kwa motswi o Jonathane a o hudileng o wetseng teng, Jonathane a goelela monnana mme a re, ''A motswi ga o ka kwa ga gago?'' 38 Mme Jonathane a bitsa monnana, ''Itlhaganele, dira ka bonako, o se ka wa diega!'' Jalo monnana wa ga Jonathane a phutha metswi mme a boela kwa go mong wa gagwe. 39 Mme monnana o ne a sa itse sepe. Jonathane le Tafita ke bone fela ba ba neng ba itse ka kgang e. 40 Jonathane a neela monnana wa gagwe dibetsa tsa gagwe mma mo raya a re, ''Tsamaya, di ise kwa toropokgolong.'' 41 Fela fa monnana a se na go tsamaya, Tafita a ema ka dinao go tswa fa morago ga totoma, a rapama fa fatshe ka sefatlhego, mme a ikoba gararo. Ba atlana, ba lela mmogo, Tafita a lela go feta. 42 Jonathane a raya Tafita a re, ''Tsamaya ka kagiso, gonne rotlhe re ikanne ka leina la Modimo Yahweh ra re, 'A Modimo Yahweh a nne fa gare ga me le wena, le fa gare ga bana ba me le bana ba gago, ka bosakhutleng.''' Foo Tafita a ema ka dinao mme a tsamaya, fa Jonathane ene a ne a boela kwa toropokgolong.