Kgaolo 19

1 Saulo a raya Jonathane morwawe le batlhanka botlhe ba gagwe a re ba bolae Tafita. Mme Jonathane, morwa Saulo, o ne a jesiwa monate ke Tafita. 2 Jalo Jonathane a bolelela Tafita, ''Saulo, rre, o batla go go bolaya. Jalo he, itise mo mosong mme o iphitlhe mo lefelong le le sephiri. 3 Ke tla tswela kwa ntle ke ya go ema fa thoko ga ga rre mo tshimong e o leng mo go yone, mme ke tla bua le rre ka ga wena. Fa ke ka utlwa sengwe, ke tla go bolelela.'' 4 Jonathane a bua Tafita bontle mo go Saulo rraagwe mme a mo raya a re, ''O se ka wa itetlelela o le kgosi go leofela Tafita. Gonne ga a a go leofela, mme ditiro tsa gagwe di go tsiseditse molemo. 5 Gonne o tsentse botshelo jwa gagwe mo diphatseng mme a bolaya Mofilisitia. Modimo Yahweh a tsisetsa Iseraele phenyo e kgolo. O bone se wa bo wa itumela. Ke eng o batla go leofela madi a a senang molato ka go bolaya Tafita o sena mabaka ape?'' 6 Saulo a reetsa Jonathane. Saulo a ikana, ''Jaaka Modimo Yahweh a tshela, ga a na go bolawa.'' 7 Foo Jonathane a bitsa Tafita, mme Jonathane a mmolelela dilo tsotlhe tse. Jonathane a tsisa Tafita kwa go Saulo, mme a nna mo bolengteng jwa gagwe jaaka pele. 8 Mme ga nna le ntwa gape. Tafita a tswa a ya go lwa le Bafilisitia mme a ba fenya ka polao e kgolo. Ba tshaba fa pele ga gagwe. 9 Mowa o o bolayang o o tswang kwa go Modimo Yahweh wa tla mo go Saulo jaaka a ne a ntse mo ntlong ya gagwe a tshwere segai mo seatleng sa gagwe, jaaka Tafita a ne a letsa seletswa sa gagwe. 10 Saulo a leka go tlhabela Tafita mo leboteng ka segai, mme a relela a tswa mo bolengteng jwa ga Saulo, mo Saulo a neng a tlhabela segai mo leboteng. Tafita a tshaba a falola bosigo joo. 11 Saulo a romela barongwa kwa ntlong ya ga Tafita go mo leba gore a tle a mmolae mo mosong. Mikale, mosadi wa ga Tafita, a mmolelela, ''Fa o sa boloke botshelo jwa gago bosigo jono, kamoso o tla bolawa.'' 12 Jalo Mikale a folosetsa Tafita kwa tlase ka fensetere. A tsamaya, a tshaba, mme a falola. 13 Mikale a tsaya setshwantsho sa modingwana wa disetwa wa mo lwapeng mme a se baya mo bolaong. Foo a baya mosamo wa boboa jwa podi kwa tlhogong ya sone, mme a e khurumetsa ka diaparo. 14 Fa Saulo a roma batho go tsaya Tafita, a re, ''O a lwala.'' 15 Foo Saulo a roma barongwa go bona Tafita; a re, ''Mo tsiseng kwa go nna a le mo bolaong, gore ke tle ke mmolae.'' 16 Fa barongwa ba tsena mo teng, bonang, setshwantsho sa modingwana wa disetwa se ne se le mo bolaong mmogo le mosamo wa boboa jwa podi kwa tlhogong ya sone. 17 Saulo a raya Mikale a re, ''Ke eng o ntsieditse o lesitse mmaba wa me gore a tsamae, mo a bileng a falotse?'' Mikale a araba Saulo, ''O ntheile a re, 'Mma ke tsamae. Ke eng ke tshwanetse go go bolaya?''' 18 Jaanong Tafita a tshaba mme a falola, mme a ya kwa go Samuele kwa Rama, mme a mmolelela tsotlhe tse Saulo a di mo dirileng. Foo ene le Samuele ba tsamaya ba ya go nna kwa Naiothe. 19 Ga bolelelwa Saulo, gotwe, ''Bona, Tafita o kwa Naiothe kwa Rama.'' 20 Foo Saulo a roma barongwa go tshwara Tafita. Fa ba bona setlhopha sa baporofiti se porofita, mme Samuele a se eteletse, Mowa wa Modimo wa tla mo barongweng ba ga Saulo, mme le bone ba porofita. 21 Fa Saulo a bolelelwa se, a roma barongwa ba bangwe, mme le bone ba porofita. Jalo Saulo a roma barongwa gape la boraro, mme le bone ba porofita. 22 Foo le ene a ya kwa Rama mme a tla kwa petseng e e boteng e e kwa Sekhu. A botsa, ''Samuele le Tafita ba kae?'' Mongwe a re, ''Bona, ba kwa Naiothe kwa Rama.'' 23 Saulo a ya kwa Naiothe kwa Rama. Mme Mowa wa Modimo wa tla mo go ene, mme jaaka a tsamaya a porofita, go fitlhela a goroga kwa Naiothe kwa Rama. 24 Mme le ene, a apola diaparo tsa gagwe, mme le ene a porofita fa pele ga ga Samuele mme a rapama a sa apara motshegare otlhe oo le bosigo jotlhe joo. Ka ntata ya se ba bua ba re, ''A Saulo le ene ke moporofiti?''