Kgaolo 1

1 Go ne go na le monna mongwe wa Ramathaimi wa Basufi, wa lefatshe la dithaba la Iforeimi; leina la gagwe e ne e le Elekana morwa Jerohamo morwa Elihu morwa Tohu morwa Sufu, wa Moiforeimi. 2 O ne a na le basadi ba le babedi; leina la wa ntlha e ne e le Hana, mme leina la wa bobedi e ne e le Penina. Penina o ne a na le bana fa Hana a ne a sena bana. 3 Monna yo o ne a tswa mo toropokgolong ngwaga le ngwaga go ya go obamela le go ntshetsa ModimoYahweh wa masomosomo setlhabelo kwa Shilo. Barwa Eli ba babedi, Hofoni le Finehase, ba baperesiti ba Modimo Yahweh, ba ne ba le koo. 4 Fa letsatsi le tla gore Elekana a tle go ntsha setlhabelo ngwaga le ngwaga, ka nako yotlhe o ne a neela mosadi wa gagwe Penina le barwa le barwadie dirwe tsa nama. 5 Mme o ne a neela Hana dikabelo tse pedi tsa nama, gonne o ne a rata Hana, ntswa Modimo Yahweh a tswetse popelo ya gagwe. 6 Mogaisanyi nae o ne a mo rumola mo go golo gore a mo sulafatse maikutlo, gonne Modimo Yahweh o ne a tswetse popelo ya gagwe. 7 Jalo ngwaga le ngwaga, fa a ya kwa ntlong ya Modimo Yahweh le ba lelapa la gagwe, mogaisanyi nae o ne a nna a mo rumola. Jalo he, o ne a tlhola a lela a bo a sa je sepe. 8 Elekana monna wa gagwe o ne a nna a mo raya a re, ''Hana, ke eng o lela? Ke eng o sa je? Ke eng pelo ya gago e utlwile botlhoko? Mo go wena, a ga ke botoka go feta barwa ba le lesome?'' 9 Mo nngweng ya ditiragalo tse, Hana o ne a ema ka dinao morago ga ba sena go ja le go nwa kwa Shilo. Jaanong moperesiti Eli o ne a ntse mo setilong sa gagwe fa kgorong ya tempele ya Modimo Yahweh. 10 O ne a imetswe ke kutlobotlhoko; a rapela Modimo Yahweh a bo a lela mo go botlhoko. 11 A dira maikano mme a re, ''Modimo Yahweh wa masomosomo, fa o ka leba tlhokofatso ya motlhanka wa gago mme wa nkgakologelwa, mme wa seka wa lebala motlhanka wa gago, mme wa neela motlhanka wa gago morwa, foo ke tla mo neela Modimo Yahweh matsatsi otlhe a botshelo jwa gagwe, mme legare ga le kitla le ama tlhogo ya gagwe.'' 12 Eli a leba molomo wa gagwe jaaka a ne tsweletse go rapela fa pele ga Modimo Yahweh. 13 Hana o ne a bua mo pelong ya gagwe. Melomo ya gagwe e ne e tshikhinyega, mme lentswe la gagwe le sa utlwale. Jalo he, Eli a akanya gore o tagilwe. 14 Eli a mo raya a re, ''O tla tswelela o tagilwe lebaka le le kae? Latlha mofine wa gago.'' 15 Hana a araba, ''Nnyaa, mong wa me, ke mosadi wa mowa o o hutsafetseng. Ga ke a nwa mofine le fa e le seno se se bogale, mme ke ntse ke tshololela mowa wa me fa pele ga Modimo Yahweh. 16 O se ka wa akanyetsa motlhanka wa gago gore ke mosadi yo o senang ditlhong; ke ntse ke bua go tswa mo bontsing jwa go tshwenyega mo go golo le go rumolega ga me.'' 17 Foo Eli a araba mme a re, ''Tsamaya mo kagisong; a Modimo wa Iseraele a go neele kopo e o e mo kopileng.'' 18 A re, ''A motlhanka wa gago a bone botsalano mo ponong ya gago.'' Mme mosadi a tsamaya tsela ya gagwe mme a ja; sefatlhego sa gagwe se sa tlhole se hutsafetse. 19 Ba tsoga mo mosong o mogolo mme ba obama fa pele ga Modimo Yahweh, mme foo ba boela morago kwa ntlong ya bone kwa Rama. Elekana a robalana le mosadi wa gagwe, Hana, mme Modimo Yahweh a mo gakologelwa. 20 Fa nako e gorogile, Hana a ima mme a tshola morwa. A mmitsa leina a re Samuele, a re, ''Gonne ke mo kopile kwa go Modimo Yahweh.'' 21 Gangwe gape, Elekana le ba ntlo ya gagwe ba ya go ntshetsa Modimo Yahweh setlhabelo sa ngwaga le go duela maitlamo a gagwe. 22 Mme Hana a se ka a tsamaya; o ne a reile monna wa gagwe a re, ''Ga ke na go tsamaya go fitlhela ngwana a kgwa lebele; foo ke tla mo tsisa, gore a tle a itshupe fa pele ga Modimo Yahweh mme a tle a nne koo ka bosakhutleng.'' 23 Elekana monna wa gagwe a mo raya a re, ''Dira se se lebegang se siame mo go wena. Leta go fitlhela o mo kgwisa lebele; fela, a Modimo Yahweh a rurifatse lefoko la gagwe.'' Jalo mosadi a nna mme a tlhokomela ngwana go fitlhelela a mo kgwisa lebele. 24 Fa a sena go mo kgwisa lebele, a mo tsaya mmogo le poo e e dingwaga di tharo, le selekanyo sa boupe, le lebotlolo la mofine, mme a mo tsisa kwa ntlong ya Modimo Yahweh kwa Shilo. Jaanong ngwana o ne a santse a le monnye. 25 Ba bolaya poo, mme ba tsisa ngwana kwa go Eli. 26 A re, ''O, mong wa me! Jaaka o tshela, mong wa me, ke mosadi yo o neng a ema fa, fa thoko ga gago a rapela Modimo Yahweh. 27 Ke ne ka rapela Modimo Yahweh ke kopa ngwana yo mme Modimo Yahweh o nneetse kopo e ke neng ke e mo kopa. 28 Ke mo neetse Modimo Yahweh; fela fa a santse a tshela ke tla bo ke mo adimile Modimo Yahweh.'' Mme a obamela Modimo Yahweh koo.