Kgaolo 2

1 Bana, ke le kwalela dilo tse gore le seka la leofa. Mme fa ope fela a leofa, re na le mmueledi kwa go Rara, Jeso Keresete, ene yo o itshepileng. 2 Ke ene setlhabelo se se amogetsweng sa maleo a rona, mme eseng a rona fela, mme le a lefatshe lotlhe. 3 Ka se re itse fa re mo itse: fa re tshegetsa ditaelo tsa gagwe. 4 Yo o reng, "Ke itse Modimo", mme a sa tshegetse ditaelo tsa gagwe, o maaka, ebile ga a na boammaaruri. 5 Mme ope fela yo o tshegetsang lefoko la gagwe, ka boammaruri, lerato la Modimo le siamisitsweng mo mothong yoo. Ka se re itse fa re le mo go ene. 6 Yo a reng o nna mo Modimong le ene fela jalo a tsamaye jaaka Jeso Keresete a ne a tsamaya. 7 Baratiwa, ga ke le kwalele taelo e ntsha, mme ke taelo e kgologolo e le saleng le na le yone kwa tshimologong. Taelo e kgologolo ke lefoko le le le utlwileng. 8 Mme ke le kwalela taelo e ntsha, e e leng boammaruri mo go Keresete le mo go lona, ka gore lefifi le a feta, ebile lesedi la boammaruri le setse le phatsima. 9 Yo o reng o mo leseding gape a ila morwa rraagwe o mo lefifing le jaanong. 10 Yo o ratang morwa rraagwe o nna mo leseding ebile ga go na kgonagalo ya go kgopiwa mo go ene. 11 Mme yo o ilang morwa rraagwe o mo lefifing gape o tsamaya mo lefifing; ga a itse kwa a yang teng, ka gore lefifi le foufaditse matlho a gagwe. 12 Ke kwalela lona, bana, ka gore maleo a lona a itshwaretswe ka ntlha ya leina la gagwe. 13 Ke kwalela lona, bo ntate, ka gore le itse ene yo o kwa tshimologong. Ke kwalela lona, makau, ka gore le fentse yo o bosula. Ke kwaletse lona, bana ba ba nnye, ka gore le itse Rara. 14 Ke kwaletse lona, bo ntate, ka gore le itse ene yo o tswang kwa tshimologong. Ke kwaletse lona, makau, ka gore le nonofile, le lefoko la Modimo le nna mo go lona, gape le fentse yo o bosula. 15 Le seka la rata lefatshe kana dilo tse di mo lefatsheng. Fa ope fela a rata lefatshe, lerato la ga Rara ga leyo mo go ene. 16 Ka gore sengwe le sengwe se se mo lefatsheng- keletso ya nama, keletso ya matlho le mabela a botshelo- ga se tswe kwa go Rara mme se tswa kwa lefatsheng. 17 Lefatshe le keletso ya lone di a feta. Mme ope fela yo o dirang gorata ga Modimo o tlaa nna go ya go ileng. 18 Bana ba ba nnyenyane, ke motlha wa bofelo. Fela jaaka le utlwile gore moganetsi wa ga Keresete o etla, jaanong baganetsi ba ga Keresete ba le bantsi ba tlile. Ka se re itse gore ke motlha wa bofelo. 19 Ba dule mo go rona, mme ba ne ba sa tswe mo go rona. Ka gore fa ba ka bo ba ne ba tswa mo go rona, ba ka bo ba ntse le rona. Mme e rile ka go tswa ga bone, ga supa gore ga ba tswe mo go rona. 20 Mme le na le tlotso go tswa kwa go Yo o Boitshepo, gape le itse boammaruri lotlhe. 21 Ga ke a le kwalela ka gore ga le itse boammaruri, mme ka gore le a bo itse ebile ka gore ga go na maaka mo boammaruring. 22 Ke mang yo o maaka fa e se yo o latolang gore Jeso ke ene Keresete? Motho yoo ke moganetsi wa ga Keresete, ka gore o itatola Rara le Morwa. 23 Ga gona ope yo o latolang Morwa a na le Rara. Mongwe le mongwe yo o lemogang Morwa o na gape le Rara. 24 Jaanong lona, a se le se utlwileng kwa tshimologong se nne mo go lona. Fa se le se utlwileng kwa tshimologong se nna mo go lona, le lona le tlaa nna mo go Morwa le mo go Rara. 25 Se ke tsholofetso e a e re neetseng: botshelo jo bo sa khutleng. 26 Ke le kwaletse dilo tse ka ba ba tlaa le gogelang kwa tatlhegong. 27 Jaanong lona, tlotso e le e amogetseng kwa go ene e nna mo go lona, ebile ga le tlhoke ope go le ruta. Mme jaaka tlotso ya gagwe e le ruta sengwe le sengwe ebile e le boammaruri e se maaka, gape jaaka e le rutile, nnang mo go ene. 28 Jaanong, bana, nnang mo go ene, gore e re a bonagala, re nne le bopelokgale gape re seka ra tlhabiwa ke ditlhong fa pele ga gagwe fa a tla. 29 Fa lo itse gore o itshepile, le itse gore mongwe le mongwe yo o dirang se se tshwanetseng o tsetswe go tswa kwa go ene.